LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 2/8 ts. 28-30
  • A Ga O Rate go Tshwaiwa Phoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ga O Rate go Tshwaiwa Phoso?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1. Amogela Go Tshwaiwa Phoso
  • 2. Laola Motshwayadiphoso wa Gago yo Mogolo
  • 3. Kopa Dintlha
  • 4. Ritibatsa Motshwayadiphoso wa Gago
  • 5. Tlhoma Mogopolo mo go se se Buiwang, Eseng mo Tseleng E go Buiwang ka Yone
  • 6. Fokotsa Bomasisi jwa Gone
  • O ka Kgona go Dirisana le Seno
  • Tsela ya go Tshwaya Diphoso
  • Ke Dire Eng fa ke Gakololwa?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Nka Lebana Jang le go Tshwaiwa Diphoso?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ka Gale Go Sena Sepe se se Molemo se Ke se Dirang?
    Tsogang!—1992
  • Ke Ka Dira Jang Fa Batsadi ba Me Ba Ntshwaya Diphoso?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 2/8 ts. 28-30

A Ga O Rate go Tshwaiwa Phoso?

AO KA gakologelwa nako ya bofelo fa o ne o tshwaiwa phoso? Seno se diragalela mongwe le mongwe gangwe le gape e le ka mabaka a a farologaneng.

Ka gongwe mongwe o ka ne a go tshwaile phoso e le ka go ikgodisa fela. Lefa go le jalo, gantsi o tshwaiwa phoso ke motho yo o amegileng ka dikgatlhego tsa gago: monna wa gago o ne a lemoga phoso nngwe mo go se o se apeileng; mosadi wa gago o ne a re thai ya gago e ne e sa tshwanele sutu ya gago; tsala nngwe ya gago e ne ya go tshwaela phoso gore ga o tlhokomele botsogo jwa gago. Kana go tshwaiwa phoso moo e ka ne e le kotlhao, eo e tshwanang le e e tswang go mothapi kana go motsadi (fa o le mmotlana) e le ya go baakanya sengwe se o neng wa se bua kana wa se dira.

Lefa e ka bo e le ka tsela efe fela, a o ne wa amogela go tshwaiwa phoso moo? Kana o ne wa kgopisega, ka gongwe wa ba wa mmolelela gore a tlhokomele tse eleng dilo tsa gagwe fela?

Ka batho ba le bantsi, go tshwaiwa phoso ke boitemogelo jo bo botlhoko. Ba nna bogale, ba a tenega. Ba bangwe ba latlhegelwa ke tsholofelo, ba fetse ka gore ‘ga gona sepe se se siameng se nka se dirang’ mme ba bo ba nna ka pelo e e botlhoko.

A o mongwe wa bao ba sa rateng go tshwaiwa phoso? Ga o motho wa ntlha; batho ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela eo. A o ka kgona go tlhaloganya go tshwaiwa phoso o sa utlwe botlhoko thata, kwantle ga go itshwara ka mo go feteletseng? Mo setlhogong seno go tla sekasekiwa ditsela di le thataro tsa ka moo go tshwaya phoso go ka dirwang gore go amogelesege ga botoka ka gone. Di ka nna tsa go thusa go fedisa, kana bobotlana go fokotsa, botlhoko jwa go tshwaiwa phoso.

1. Amogela Go Tshwaiwa Phoso

A go lebega go sa tlwaelega ka wena go bo batho ba bangwe ba batla go tshwaiwa phoso, le eleng go go tsoma tota? Makasine wa Bits and Pieces o ne wa lemoga jaana: “Baeteledipele ba ba botlhale . . . ba itse gore ba tla dira phoso mo selekanyong se se rileng sa nako. Ke ka moo ba batlang dipono tseno tsa baganetsi—e le go fokotsa diphoso pele ga di ka dirwa, le go baakanya diphoso tse di fetileng ka bofefo jo bo ka kgonegang.”

Fela jaaka ba bangwe ba ka bona ditsela tse re lebegang ka tsone tseo re sa kgoneng go di bona—kholoro e e menologileng, thai e e sokameng—jalo he ba ka kgona go bona dikarolo tsa botho jwa rona tse re ka sekang ra di bona. Leba se ba se lemogang jaaka thuso go na le kutlwisobotlhoko. Amogela go tshwaya phoso ga bone jaaka sebaka sengwe sa go ithuta sengwe. Go dire gore e nne boitemogelo jo bo nonotshang.

2. Laola Motshwayadiphoso wa Gago yo Mogolo

A o a tle o itshwaye phoso ka mo go masisi? A o tshwenyega thata ka ditlhaelo tsa gago? Kana fa mongwe a go lemotsha phoso nngwe, a mo mogopolong wa gago o e tsenya mo makoeng a mangwe a mantsintsi ao a sa tsamaisaneng le yone.

Dr. Harold Bloomfield o bontsha jaana: “Fa re setse re na le bothata jwa go itshwaya diphoso, re tla tshwenyega thatathata ka nako ya fa re tshwaiwa phoso ke ba bangwe. Lefa e ka tswa mongwe a re paka mme a na le selo se le sengwe fela se a se tshwayang phoso, gantsi re na le go baya tlhokomelo ya rona thata mo ditlhaelong go feta dilo tseo re neng ra di dira sentle.”

O tshwanetse go akanya sentle fa o itshekatsheka. O ka lemoga jang gore se se siameng ke eng. A ko o akanye ka tsala nngwe ya gago e o atamalaneng thata nayo e tshwaiwa phoso ka mo go tshwanang. O ne o tla batla gore a itshware jang? A ikutlwele botlhoko? A kgopisege? Ka boikgodiso a gane thuso e e molemo? Nnyaa, ka gongwe o ne o ka solofela gore o ne a tla reetsa go tshwaiwa phoso moo ka go sa utlwe botlhoko thata, a e sekaseka ka boikanyego, mme a e dirisetse go itokafatsa.

Jalo he, ke ka ntlhayang o sa dire se se tshwanang ka wena?

3. Kopa Dintlha

“Ga ke rate boikutlo jwa gago!” A o ne o ka batla gore mongwe a go reye jalo? Nnyaa, dikakgelo tse di tshwanang le tseo di utlwisa botlhoko, a ga go jalo?

Tsela e o ka dirisanang le seno sentle ka yone ke go kopa dintlha tse di oketsegileng. Mo bukeng ya gagwe ya Conversationally Speaking, Alan Garner o tlhalosa jaana: “Go tshwaya phoso gantsi go dirwa ka go akaretsa dintlha . . . Go kopa dintlha go tla go thusa go sekaseka ka botlalo gore dingongorego tsa motho yo mongwe ke dife . . . Fela jaaka mmegi, sotlhe se o ka se dirang ke go botsa dipotso tseo di diretsweng go batla go itse gore ke mang, ke eng, ke leng, ke kae, ka ntlhayang, le gore jang.”

Ka sekai, ka tsiboso e e fa godimo, o ka nna wa arabela jaana: ‘O ne o bua ka boikutlo bofe totatota?’ Fa a santse a sa go tlhamalaletse sentle, o ka nna wa botsa gape wa re: ‘Ke ka ntlhayang fa bo kgopisa? A o ka nnaya sekai sengwe sa gore ke dirile seno leng?’ Ka go tlhotlhelediwa ke keletso ya gago ya go buisana go na le ya go gwetlha, dipotso tse di tshwanang le tseno di ka thusa motho yo o go tshwayang diphoso le wena gore lo tlhome mogopolo mo dintlheng tse di tlhamaletseng. Di ka nna tsa senola gore a go tshwaya phoso moo go siame kana go tserwe kgato e e masisi. Mme go naya nakonyana e e oketsegileng go akanyetsa kgang eno.

4. Ritibatsa Motshwayadiphoso wa Gago

Go tweng fa e le gore mongwe yo o go tshwayang phoso o tenegile? Dr. David Burns o gakolola jaana: “E ka tswa motshwayadiphoso wa gago a se phoso kana a le phoso, sa ntlha batla tsela epe e o ka dumalanang le ene ka yone.” Seno se tla go solegela molemo jang? Se tla dira gore motshwayadiphoso wa gago a seka a go utlwisa botlhoko, mo ritibatse maikutlo, mme o mo dire gore a ikutlwe a gololesegile go bua.

Mo letlhakoreng le lengwe, fa ka bonako fela o ka batla go itshireletsa—jaaka e tla nna tshekamelo fa o latofadiwa ka se se seng boammaaruri—o ka nna wa oketsa ka go gakatsa motshwayadiphoso wa gago. Jaaka Dr. Burns a bontsha: “O tla fitlhela gore moganetsi wa gago o gotetsa ditlhaselo tsa gagwe!” Ka gone, se se botoka se o ka se dirang ke go batla ntlha e o ka dumalanang le ene mo go yone pele ga o buisana ka dikgang dipe tse lo sa utlwaneng mo go tsone.

5. Tlhoma Mogopolo mo go se se Buiwang, Eseng mo Tseleng E go Buiwang ka Yone

Baagelani ba mmè mongwe ba ne ba mmolelela gore ba ngongoregela boitshwaro jwa morwawe. Ngongorego eo e ne ya buiwa ka bogale le ka moya wa bobaba. Mmè yono o ka tswa a ne a ile a tlhokomologa dikakgelo tsa moagelani yoo jaaka tse di sa siamang kana tse eseng tsa boikanyego, mme o ne a patelesega go dira jalo tota.

Go na le moo, morago ga go lemoga gore go ne go na le boammaaruri mo go tshwaiweng phoso moo, o ne a bolelela morwawe jaana: “Ga se gantsi batho bao re ba ratang ba ka re bontsha diphoso tsa rona, lefa re ne re ka solegelwa molemo ke gone. A re dirise seno jaaka tshono ya go itokafatsa.”

A mongwe o kile a go kgalemela ka bogale? Ka gongwe motho yoo o na le bothata jwa go ipuela fela kana o lefufa. Wena kana ope o sele lo ka nna le tshono ya go mo thusa ka gone ka nako e e tshwanetseng. Mme o seka wa gana go elatlhoko ga gagwe dilo ka lebaka fela la gore o ne a bua ka bogale. Tlhoma mogopolo mo go se a neng a go tshwaya phoso ka sone. A go boammaaruri? Fa go le jalo, o seka wa ithontsha sebaka seno sa go gola.

6. Fokotsa Bomasisi jwa Gone

Seno se ka nna sa go gakgamatsa, mme o tla bo o kgona go laola gore o seka wa tshwaiwa phoso gantsi le ka tsela e e masisi. Molaomotheo ono o boammaaruri bogolo thata malebana le fa batho ba eleng balaodi ba tshwaya phoso ka tsela ya go tlhamalatsa. Jang Jalo?

Bogologolo tala, setlhare sa kumina yo montsho se ne se tlwaelegile thata kwa Palasetina. Mme go sa tshwaneng le ditlhare tse dingwe, se ne se sa phothwe ka dikoloi tsa maotwana a makima kana dipapiedi tsa didirisiwa tsa go photha. Go na le moo, se ne se phothwa ka thobane kana thupana. Ke ka ntlhayang fa se ne se tshwarwa ka mo go kgethegileng, mo go bonolo? Ka go bo peo ya sone e potlana, e e boruma, e ne e sa tlhoke go phothwa ka dilo tse dikima mme, ebile tota, e ne e ka senngwa ke gone.

Buka ya Bibela ya Isaia e dirisa setlhare seno sa kumina yo montsho go tshwantshetsa dilekanyo tse di farologaneng tsa kotlhao. Fa motho a amogela mefuta e e bonolo ya go tlhamaladiwa, ga a ne a tlhoka go tshwarwa makgwakgwa mo kgannyeng e e tshwanang.—Isaia 28:26, 27.

Jalo he o ka kgona go tila go tlhamaladiwa mo go masisi ka go arabela ka bonako mo go tshwaiweng phoso ka mefuta ya yone e e bonolo. Ka sekai, a o lemoga gore ka metlha o goroga thari kwa tirong? Tlhamalatsa tlwaelo eo jaanong jaana, pele ga mothapi wa gago a bua le wena ka yone. A o setse a ile a go tlhokomedisa seo? Arabela ka bonako go seno ka go tshwara nako, pele ga a ka ikutlwa a patelesega go tsaya dikgato tse di gagametseng.

O ka Kgona go Dirisana le Seno

Go tshwaiwa phoso go ka utlwisa botlhoko. O ka eletsa gore batho ba ne ba ka go tlogela o le nosi, ba lesa go go sekisa, ba sa tlhole ba go naya se ba reng ke ‘dikakantsho tse di thusang.’

Mme go eletsa le go ganana le seo go ka se dire gore batho ba go tshwaye phoso. Go tshwaya ba bangwe diphoso ke karolo ya popego ya motho ya tlholego jaanong. Go feta seo, ga o kake wa laola gore batho ba bangwe ba nne matsetseleko go le kana kang fa ba naya kgakololo e e sa tlhokweng.

Go na le gore o tenege, dirisa seo o ka kgonang go se laola: eleng karabelo ya gago. Dirisa dingwe tsa dikakantsho tse di fa godimo go dirisana le go tshwaiwa phoso mme o fokotse botlhoko jwa gone. O tla itumelela go bo o ne wa dira jalo.

Tsela ya go Tshwaya Diphoso

Fa e le gore o amega ka bonako fa o tshwaiwa phoso, le wena o ka nna le bothata jwa go e naya ba bangwe. Metlhala mengwe e e kaelang e re tshwanetseng go e gakologelwa ka nako ya fa o tshwaya ba bangwe diphoso ke eno:

Dirisa mafoko a sekaenyana. Gantsi maiteko a a senang kaelo a go tila go utlwisa maikutlo a motho yo mongwe yo o mo tshwayang phoso botlhoko a bakwa ke go bua mafoko a mantsi, moo go ka dirang gore yo mongwe a seka a tlhaloganya se o se buang.

Tila go bua phoso nngwe le nngwe e potlana e o e lemogang ka motho mongwe. Seno se a kgopisa, mme kgabagare batho ba tlogela dipono tsa gago jaaka tse di seng botlhokwa. Ba ka nna ba simolola go go tila. Mongwe le mongwe ga a itekanela ebile o na le diphoso. Ba ka se kgone go di fedisa tsotlhe ka nako e le nngwe fela. Fa e le gore phoso e o e lemogang ga e masisi, e tlogele e fete. Jaaka Bibela e tlhalosa: “Loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.”—1 Petere 4:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela