Basha ba Botsa Jaana. . .
Ke Ka Ntlhayang Fa Ka Gale Go Sena Sepe se se Molemo se Ke se Dirang?
“Ke ne ke fitlhela go se bonolo tota go itumedisa rre fa ke ne ke simolola go bereka kafa tlase ga gagwe. Ke ne ke na le dingwaga di le 15 fela, mme tiro e ke neng ke e dira e ne e raraane tota, fa ke ne nka dira phoso, o ne a tlala bogale tota.”—Randy.
“Mmè o ne a tshwana le lepodisi mo go nna—ka dinako tsotlhe o ne a batla mo ke neng ke paletswe teng. Pele ga ke fetsa ditiro tsa me tsa legae, o tla bo a setse a di tlhatlhobile, a batlana le diphoso.”—Craig.
“Batsadi ba me ba ne ba aga ba ntoutela ka sengwe. Ba ne ba re go bonala ekete ke ne ke sa kgone go dira dilo ka thulaganyo. Ba ne ba sa fetse go mpolelela ka tiro ya me ya kwa sekolong, kwa gae le kwa phuthegong—ba ne ba buetse ruri.”—James.
AKA dinako dingwe go bonala ekete ga go na sepe se o se dirang se se itumedisang batsadi ba gago? A ka metlha o ikutlwa gore sengwe le sengwe se o se dirang se tlhatlhobiwa ka segodisapono, gore o a bo o ntse o tlhokometswe, o tshwaiwa diphoso kgapetsakgapetsa, mme lefa go ntse jalo, ga o nke o atlega mo go seo o se tlhatlhobelwang? Fa go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa gore batsadi ba gago ba go tshedisa botlhoko ka ntlhaya go bo ba sa kgotsofalele sepe se o se dirang.
Boemo jwa gago ga se sengwe se se sa tlwaelegang. Dr. Joyce L. Vedral o bolela ka gore: “Fa go tliwa mo basheng ba dingwaga tsa bolesome, batsadi ga ba fetse go ngongorega. . . . Ba tlhola ba opela ka sengwe le sengwe jaaka go boloka kamore ya gago e le phepa le go tsholola matlakala, go dirisa kamore ya botlhapelo le tsela e o aparang ka yone, go tlhopha ditsala e maduo a gago a sekolo le tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae.” Lefa ka dinako dingwe go ka tswa go utlwala gore seno se ka go lapisa tota ga se sengwe se se maswe mo go kalo. Ke ga tlholego fela gore batsadi ba kgalemele bana ba bone le go ba bontsha diphoso; ke tsela e nngwe e ba ba bontshang gore ba a ba rata ka yone. Jaaka Bibela e bontsha, rrangwana o tla a kgalemele “morwawè eo o mo natehèlañ.”—Diane 3:12.
Jaanong fa e le gore batsadi ba gago ga ba ise ba go lemose diphoso tsa gago, a o ne o ka se ipotse gore a tota ba amega ka wena? (Diane 13:24; bapisa Bahebera 12:8.) Ka tsela e e ntseng jalo, o tshwanetse go ikutlwa o le motlotlo go bo o na le batsadi ba ba amegang thata ka wena go go lemosa diphoso! Gone mme, o santse o le mosha ebile ga o na maitemogelo a a kalo; ka dinako dingwe go a tshwanela gore o lemosiwe diphoso. Fa o sa kaelwe, o ka fekeediwa bonolo fela ke “dithatō tsa bokau.”—2 Timotheo 2:22.
Tlhokomela mathata mangwe a a ka tlisiwang ke dithato tseo tsa bokau. Mokwadi Clayton Barbeau o kwala jaana: “Lefatshe leno le kotsi thata mo basheng ba dingwaga tsa bolesome: ura nngwe le nngwe, go swa motho yo mosha mo kotsing ya sejanaga ka ntlha ya go nwa dino tagi; go fopholetswa gore basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba ka nnang dikete di le somepedi ba ipolaya ngwaga le ngwaga; go ima basetsana ba ba ka nnang milione a le mongwe ngwaga le ngwaga; gompieno bana ba ba ka nnang dimilione di le tharo ba ineetse mo bojalweng; malwetsi a thobalano a a tshelanwang a aname lefatshe lotlhe.” (How to Raise Parents) Ga go gakgamatse go bo ba gago ba ka tswa ba iketleeleditse thata go go lemosa diphoso tsa gago kwantle ga go kgaotsa! Jaaka fa Bibela e bolela: “gore motho eo o botlhale a utlwè, a totahalè mo go ithuteñ . . . me masilo a nyatsa botlhale le thutō.”—Diane 1:5, 7; bapisa Diane 10:17.
Lebaka La go bo E Utlwisa Botlhoko
Lefa go ntse jalo, “ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla.” (Bahebera 12:11) Go ntse jalo segolobogolo fa o sa le mosha. Gape le teng, botho jwa gago ga bo ise bo agege sentle; o santse o gola mme o santse o ipatlisisa. Ka tsela e e ntseng jalo, go tshwaiwa diphoso—lefa go ka tswa go akanyeditswe ebile go buiwa ka tsela e e botsalano—go ka nna ga baka go kgopisega. Buka ya How to Survive Your Adolescent’s Adolescence e bolela gore basha “ba amega thata fa ba tshwaiwa diphoso.” Jaaka fa mosha mongwe a bolela gore “go tshwaiwa diphoso go dira gore ke utlwe botlhoko.”
Mme lefa go ntse jalo, o ka utlwa botlhoko thata fa e le batsadi ba gago ba dirang jalo. Dr. Bettie Youngs o re gakolola mo bukeng ya gagwe Helping Your Teenager Deal With Stress ka gore: “go amogelwa kana go sa amogelwe ke ba bangwe” ke gone go dirang gore mosha “a simolole go akanya gore le ene ke motho yo o tlotlwang le yo o tlhotlhwakgolo.” Lefa go ntse jalo, batsadi ke bone ba tsayang karolo e kgolo mo go thuseng mosha gore a nne le mogopolo o o ntseng jalo. Ka tsela e e ntseng jalo, fa motsadi a go lemosa phoso kana a ngongorega ka tsela e o dirang sengwe ka yone, go ka nna ga go kgoba marapo le go go utlwisa botlhoko.
Gone lefa go ntse jalo, a o tshwanetse go fetsa ka gore ga go na sepe se se molemo se o tleng o se dire? Kana gore o paletswe gotlhelele fela ka gore batsadi ba gago ba go supeditse diphoso dingwe tsa gago? Tota, batho botlhe ba tlhaetse boitekanelo ka mo go utlwisang botlhoko. (Baroma 3:23) Gape go dira diphoso ke karolo ya go ithuta sengwe. (Bapisa Yobe 6:24.) Bothata ke gore batsadi ba gago ba ka se bue thata fa o dira sengwe se se siameng—mme ba ka nna ba go goeletsa tota fa o ka dira phoso! Seno se utlwisa botlhoko, mme lefa go ntse jalo, seo tota ga se reye gore o paletswe gotlhelele. Ithute go ritibala maikutlo le go sa tshwenyege ka mo go feteletseng fa o tshwaiwa diphoso, lefa e le go go nyenyefatsa kana gore go go fekeetse.—Bapisa Bahebera 12:5.
Go Tshwaya Diphoso Kwantle ga Mabaka
Go tweng fa go tshwaiwa diphoso e le go go senang mabaka? Batsadi ba bangwe ba tlhomela bana ba bone ditekanyetso tse di kwa godimo ka mo go sa tlhokafaleng. Ba ka nna ba tshwenya bana ba bone ka go sa fetse go ngongorega ka dilo tse di sa reng sepe. Mme batsadi ba ba nang le lebaka la gore ke eng fa ba ngongorega ba ka tshwaya diphoso ka tsela e e makgwakgwa le e e tlhabisang ditlhong. Dr. Bettie Youngs le ene o bolela gore fa batsadi ba “bitsa bana ba bone ka maina a tshotlo, go touta ka selo se le sengwe, go ba sotla, go ba tlhabisa ditlhong, go ba latofatsa, le go ba tshosetsa” ke “dilo tse di ka senyang puisano, . . . tse di dirang gore ngwana a ikutlwe a sa tlhole a itshepa le go ikutlwa a tlhokega.”
Fa monna yo o siameng Jobe a ne a tlhaselwa ka motlele wa go tshwaiwa diphoso kwantle ga mabaka, o ne a ikuela ka gore: “Lo tla nna lo chwenya mōea oa me lo nthubaganya ka mahoko, ka lobaka lo lo kaee?” (Yobe 19:2) Ka tsela e e tshwanang, fa motsadi a tlhola a isitse mosha kwa tlase kana a mmeela ditekanyetso tse di kwa godimo ka mo go sa utlwaleng seno se ka mo gakatsa, se mo dira gore a ‘sulafale pelo.’ (Bakolosa 3:21) Buka ya Coping With Teenage Depression, e e kwadilweng ke Kathleen McCoy, ebile e bolela gore: “go sa kgoneng ga basha go tshela go ya ka ditebelelo tse di kwa godimo tsa batsadi go ka ba dira gore ba latlhegelwe gotlhelele ke go itshepha le go ba dira gore ba ikutlwe ba hutsafetse ka ntlha ya go gatelelwa.”
Eleruri, go tshwaya diphoso go go sa siamang go go ntseng jalo gantsi go dira gore go nne le modikologo o o sa jeseng monate: Batsadi ba gago ba go bona molato. Le wena ka go tshwana ga o ikgatlhegele. Ka ntlha ya gore ga o ikgatlhegele, fa batsadi ba gago ba go kopa gore o dire sengwe ga o se dire ka pelo yotlhe. Matswela e nna eng? Go tshwaiwa diphoso ka mo go oketsegileng!
Se Se Bakang gore O Tshwaiwe Diphoso
O ka fedisa jang modikologo ono o o senyang? Santlha, leka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batsadi ba gago ba ikutlwa ka tsela eo. A go ngongorega ga bone kana go aga ba ntse ba go tshwaya diphoso tota go raya gore ba a go rumola? O tla fitlhela go sa nna jalo. Dr. Joyce L. Vedral o botsa ka gore: “Ke eng fa ba ngongorega? A ba ngongorega ka gore go sena ope yo o ba reeditseng, kana le gore ga go na le fa e le ope yo o ba tseelang kwa tlhogong. Fa ba ntse ba ikutlwa gore ba a tlhokomologiwa, seno se ba dira gore ba ngongorege thata ka wena.” Ka jalo, a o supetsa batsadi ba gago tota gore o a ba utlwa fa ba ngongorega? Kana ga o ba reetse fa ba bua? Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa gakgamala fa o ntse o bonwa diphoso kgapetsakgapetsa—ebile go oketsega! Lefa go ntse jalo, a seo se ka khutla, fa fela o ka diragatsa mafoko a ga Diane 19:20? Temana eo e balega jaana: “Utlwa kgakololō, u cholè thutō, gore u tlè u nnè botlhale mo bokhutloñ yoa gago.”
Ka dinako dingwe motsadi a ka nna yo o tshwayang diphoso ka mo go feteletseng, mme e seng ka gore o paletswe ke go dira sengwe, mme e le fela ka gore a sulafetse maikutlo. A mmaago o ne a berekile bokete kwa tirong mo letsatsing leo? Ka jalo, go a kgonega gore a ka bua le wena e seng sentle ka ntlha ya gore kamore ya gago e tlhakatlhakane. A rraago o tenegile ebile o tlaletswe ka ntlha ya mathata a tsa madi mo lelapeng a a sa atlegang? Ka tsela e e ntseng jalo, a ka nna a iphitlhela a setse a buile ka go phatloga fela “yaka ditlhabō tsa putlèla.” (Diane 12:18) Ee ruri, seno ga sena mabaka a a utlwalang. Mme lefa go ntse jalo, “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ.” (Yakobe 3:2) Ka tsela e e ntseng jalo, fa Mme le Ntate ba bonala ba hutsafetse kana ba tlhakatlhakane maikutlo, go botlhale gore o leke go itshwara sentle mme o tile go dira sengwe se se ka dirang gore o tshwaiwe diphoso.
Jaaka batho ba ba sa itekanelang, batsadi ba ka nna ba bo ba akanya thata ka gore ga ba dire karolo ya bone ka mo go lekaneng. Fa wena o palelwa mo go sengwe seo se ka nna sa ba dira gore ba ikutlwe jaaka e kete ke bone ba ba paletsweng! Dr. Vedral o bolela jaana: “O ka nna wa tla kwa gae ka ripoto ya kwa sekolong e o sa dirang sentle mo go yone, mme rraago a ka nna a re, ‘Ke utlwang, a o sematla? Ke na le semaumau sa ngwana.’ Gone tota rraago ga a akanye gore tota o semaumau. Se tota a se bolelang ke gore, ‘ke a tshoga gore ga ke dire tiro ya me mo go go tlhotlheletseng gore o ithute.’”
Letshogo le le ntseng jalo le ka nna la dira gape gore batsadi ba tlhomele bana ba bone ditekanyetso tse di kwa godimo ka mo go sa tlhokafaleng. Mosha mongwe yo o neng a bidiwa Jason o bolela jaana ka bohutsana: “Ga go na sepe se e tleng e re ke se dira go twe se lekane. Fa ke haraka matlhare mo jarateng, Rre o batla go itse gore ke eng fa ke sa phepafatse karaje fa ke se na go haraka matlhare. Fa kwa sekolong nka falola ka maduo a a kwa tlase ga a dinaledi, batsadi ba me ba batla go itse gore ke eng ke ne ke sa falole ka dinaledi mme ba mpolelele gore ke paletswe.” Mme lefa go ntse jalo, mokaedi wa sekolo o ne a bua le batsadi ba ga Jason mme a fitlhela e le gore: “Go solofela go le gontsi thata go morwa wa bone go ne go supa kafa ba ikutlwang ba tlhaela ka gone le kafa ba swabisiwang ka gone ke seo ba neng ba se tlhophile gore ba tla se dira mo botshelong le seemo sa bone sa madi.”—Coping With Teenage Depression.
Go sa kgathalesege gore maemo a gago ke a a ntseng jang kwa gae, ka gongwe go ka nna botoka gore o anaanele gore ke eng fa batsadi ba gago ka dinako dingwe ba ka iphitlhela e le ba ba tshwayang diphoso ka mo go feteletseng. Mme ke ditsela dife tse dingwe tse di ka go thusang gore o emelane le go bonwa diphoso ke batsadi? A go na le ditsela tse o ka solegelwang molemo mo go tsone mo go tshwayeng diphoso ga bone? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Go ka nna ga go kgoba marapo thata, fa motsadi wa gago a ngongorega ka tsela e o dirang sengwe ka yone