LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp2 kgao. 21 ts. 174-180
  • Nka Lebana Jang le go Tshwaiwa Diphoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Lebana Jang le go Tshwaiwa Diphoso?
  • Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mme go Nkutlwisa Botlhoko!
  • Lebaka La go Bo ba Go Tshwaya Diphoso
  • Nna o Ritibetse fa o Omanngwa
  • Lebaka la go Itshoka
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ka Gale Go Sena Sepe se se Molemo se Ke se Dirang?
    Tsogang!—1992
  • Ke Ka Dira Jang Fa Batsadi ba Me Ba Ntshwaya Diphoso?
    Tsogang!—1992
  • A Ga O Rate go Tshwaiwa Phoso?
    Tsogang!—1991
  • Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
yp2 kgao. 21 ts. 174-180

Kgaolo 21

Nka Lebana Jang le go Tshwaiwa Diphoso?

“Mmè o itshwara jaaka e kete ke lepodise—ka metlha o nna a batlana le diphoso tse ke di dirang. Tota le pele ke fetsa tiro ya me ya mo gae, o tla bo a e tlhatlhoba, a batlana le diphoso.”—Craig.

“Batsadi ba me ba ne ba rata go nkomanyetsa sengwe le sengwe fela. Ba ne ba re ga nke ke dira sepe fela se se siameng. Ba ne ba nkomanyetsa dilo tsa sekolo, tsa mo gae, tsa phuthego—sengwe le sengwe fela.”—James.

A O IKUTLWA e kete batsadi ba gago ga ba kgotsofalele sepe fela se o se dirang? A o na le maikutlo a gore sengwe le sengwe fela se o se dirang se sekasekwa jaaka e kete ka maekorosekopo—gore o tlhola o tlhomilwe matlho le go nna o tshwaiwa diphoso mme ga go ke go bonwa sepe fela se se molemo mo go wena?

Mo mafokong a a latelang ke afe a o a utlwang gangwe le gape?

□ Kamore ya gago e nna fela e tlhakatlhakane.

□ O rata go tlhola o lebile thelebishene.

□ O rata go robala masigo.

□ Ga o ke o tsoga ka nako.

Mo moleng o o latelang, kwala sengwe se se go tshwenyang thata fa batsadi ba gago ba go gakolola kgotsa ba go tshwaya phoso ka sone.

․․․․․

Ke boammaaruri gore, go nna o gakololwa le go tshwaiwa diphoso go ka go lapisa. Mme gone akanya ka seno: Fa batsadi ba gago ba ne ba sa go gakolole le go go kgalema a o ne o ka re ba a go rata? (Bahebera 12:8) Ruri kotlhao ke sesupo sa gore ba a go rata. Baebele ya re rre o kgalema “morwawe yo a mo ipelelang.”—Diane 3:12.

Ka jalo o tshwanetse wa leboga go bo batsadi ba gago ba amega ka wena e bile ba go kgalema! Kana e bile, o sa le monnye e bile ga o na maitemogelo. Nako nngwe o tla tlhoka go tlhamaladiwa. Fa o tlogelwa fela o sa kgalemelwe, o ka nna wa fekeediwa motlhofo fela ke “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.”—2 Timotheo 2:22.

Mme go Nkutlwisa Botlhoko!

Ke boammaaruri gore, “ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa.” (Bahebera 12:11) Go ntse jalo segolobogolo fa o sa ntse o le mosha. Seo ga se gakgamatse! Botho jwa gago bo sa ntse bo fetofetoga. O sa ntse o gola e bile o sa ntse o leka go itlhaloganya. Ka jalo, go tshwaiwa diphoso—tota le fa go dirwa ka kelotlhoko le ka bopelonomi—go ka go kgopisa.

Go a utlwala go bo o ka itshwara jalo ka gonne tsela e o itebang ka yone e tlhotlhelediwa thata ke se ba bangwe ba se buang ka wena. Tsela e batsadi ba gago ba go tsayang ka yone e ka ama thata tsela e o itebang ka yone. Ka jalo, fa motsadi wa gago a go kgalema kgotsa a ngongoregela tsela e o dirang sengwe ka yone, seo se ka go utlwisa botlhoko thata.

A o tshwanetse wa akanya gore batsadi ba gago ga ba ke ba itumedisiwa ke sepe se se molemo se o se dirang, kgotsa fela ka gonne ba go bontshitse dingwe tsa diphoso tsa gago, o tshwanetse go akanya gore ga go sepe se o kgonang go se dira sentle? Nnyaa. Batho botlhe ba dira diphoso. (Moreri 7:20) Re ithuta ka diphoso tse re di dirang. (Jobe 6:24) Mme go tweng fa go bonala batsadi ba gago ba bua fela fa o dirile diphoso mme ba se ke ba bua sepe fa o dirile sengwe se se siameng? Seo se ka utlwisa botlhoko. Mme gone ga go reye gore ga go na sepe se se molemo se o tleng o se dire.

Lebaka La go Bo ba Go Tshwaya Diphoso

Ka dinako dingwe go ka lebega e kete motsadi o go tshwaya diphoso thata, e se ka gonne o dirile sengwe se se phoso mme e le ka gonne a sa tsoga sentle. A mmè wa gago a ka tswa a tlhotse a tshwentswe ke sengwe? A o tshwenngwa ke bolwetse bongwe? Seo se ka dira gore a nne bonako go go omanya fa kamore ya gago e tlhakatlhakane. A rre wa gago o galefisitswe le go betisiwa pelo ke go bo go na le mathata a madi mo lapeng? Seo se ka dira gore a bue a sa akanye “jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” (Diane 12:18) Ke boammaaruri gore go tshwaiwa diphoso jalo o se molato go utlwisa botlhoko. Go na le go nnela go akanya gore ga o tshwarwe sentle—e leng se se tla go utlwisang botlhoko le go feta—leka go itlhokomolosa diphoso tsa batsadi ba gago. Se lebale: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng.”—Jakobe 3:2.

E re ka batsadi ba gago ba sa itekanela le bone ba ka tshwenngwa ke go ikutlwa ba tlhaela. Tota e bile fa o palelwa ke go dira sengwe, seo se ka dira gore ba ikutlwe e kete ke bone ba paletsweng. Ka sekai, mmè a ka omanya morwadie gonne maduo a gagwe mo repotong ya sekolo a le kwa tlase. Mme se tota mmè a ka tswang a se akanya ke gore, ‘Ke tshwanetse ka bo ke le mmè yo o paletsweng ka gonne ga ke thuse morwadiake gore a atlege.’

Nna o Ritibetse fa o Omanngwa

Le fa lebaka la go bo o tshwaiwa diphoso e ka tswa e le lefe, kgang ke gore, O ka lebana jang le gone? Sa ntlha, nna kelotlhoko gore o se ka wa tlolwa ke pelo. Diane 17:27 ya re: “Ope fela yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso, mme motho yo o nang le temogo o na le moya o o ritibetseng.” O ka nna jang o ‘ritibetse mo moyeng’ fa o omanngwa? Leka go dirisa dikakantsho tse di latelang:

Reetsa. Go na le go itlhaganelela go iphemela, leka go laola maikutlo a gago mme o reetse se batsadi ba gago ba se buang. Morutwa Jakobe o ne a bolelela Bakeresete gore ba tshwanetse “go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Fa o tsena batsadi ba gago ganong ka bogale fa ba ntse ba bua, ba tla akanya gore ga o a ba reetsa. Seno se tla ba betisa pelo mme se tla dira gore ba go omanye le go feta.

Tlhoma mogopolo. Ka dinako dingwe o ka nna wa ikutlwa e kete tsela e ba neng ba bua le wena ka yone e ne e sa bontshe bopelonomi. Go na le go nnela go akanya ka tsela e ba neng ba bua le wena ka yone, tlhoma mogopolo mo go se ba se buileng. Ipotse jaana: ‘Ke eng se ke itseng se le boammaaruri mo dilong tse ba di buileng? A batsadi ba me ba kile ba nkgalemelela kgang eno? Ke tla solegelwa molemo jang fa nka dira se ba se batlang?’ Se lebale gore, le fa o ka tswa o ikutlwa jang ka nako eo, batsadi ba gago ba go kgalema ka gonne ba go rata. Fa e le gore tota ga ba go rate, ba ne ba se kitla ba go kgalema gotlhelele.—Diane 13:24.

Boeletsa se ba se buang o dirisa mafoko a sele. Fa o boeletsa se batsadi ba gago ba se buileng, mme o dira jalo ka tsela e e bontshang tlotlo, o ba tlhomamisetsa gore o utlwile se ba se buileng. Ka sekai, motsadi a ka nna a re: “Kamore ya gago e nna fela e tlhakatlhakane. Fa o sa e phepafatse, o tla nkitse sentle!” Wena o ka tswa o bona kamore ya gago e siame fela. Mme go mmolelela seo go ka se ka ga thusa sepe. Leka go leba dilo kafa motsadi wa gago a di lebang ka teng. O ka bua sengwe se se jaaka seno mme o sa bue ka tsela ya lenyatso: “Ke boammaaruri. Tota le nna ke a e bona. A o ka rata gore ke e phepafatse gone jaanong kgotsa morago ga dijo?” Fa o bontsha go akanyetsa se batsadi ba gago ba amegileng ka sone ka tsela eno, seo se ka nna sa ba reba bogale. Mme go tswa foo, o tshwanetse go dira se ba go laetseng sone.—Baefeso 6:1.

Leta. O se ka wa iphemela mme o dire fela se batsadi ba gago ba batlang o se dira. Baebele ya re: “Yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.” (Diane 10:19) Fa batsadi ba gago ba bona gore tota o ne o ba reeditse, le bone ba tla go reetsa.

Kwala fano gore mo dikakantshong tse nnè tse di fa godimo, ke efe e o tlhokang go tokafatsa thata mo go yone. ․․․․․

Lebaka la go Itshoka

A o ne o ka itshokela tiro e e boima e e neng e tla dira gore o feleletse o bone matlotlo a gauta? Baebele ya re botlhale bo molemo go gaisa matlotlo ape fela. (Diane 3:13, 14) O tshwanetse go dira eng gore o nne botlhale? Diane 19:20 ya re: “Reetsa kgakololo mme o amogele kotlhao, gore o tle o nne botlhale mo isagweng ya gago.” Gone ke boammaaruri gore, ga go monate go kgalemelwa le go otlhaiwa. Mme fa o itseela dithuto dingwe tsa botlhokwa mo kgalemelong nngwe le nngwe e o e newang, o tla bona letlotlo le le fetang gauta kgakala.

A re bue boammaaruri fela: Mo botshelong o tla nna o tshwaiwa diphoso. O setse o tshwanelwa ke go itshokela go tshwaiwa diphoso ke batsadi ba gago le barutisi. Ga go pelaelo gore mo isagweng o tla tshwanelwa ke go itshokela go tshwaiwa diphoso ke bathapi le batho ba bangwe. Fa o ka ithuta go itshokela go tshwaiwa diphoso kwa gae, o tla nna moithuti yo o gatelang pele, mothapiwa yo o botlhokwa le motho yo o nang le bokgoni. Ke boammaaruri gore o na le lebaka le le utlwalang la go itshokela go tshwaiwa diphoso gore o tle o kgone go nna le dilo tseno!

MO KGAOLONG E E LATELANG

A o ikutlwa o bofilwe ka melao e mentsintsi mo lapeng? Ithute gore o ka kgotsofalela jang kgololesego e o nang le yone—le gore o ka bona jang e e oketsegileng.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng.”—Diane 1:5.

KAKANTSHO

Gore go nne motlhofo go amogela kgalemelo ya batsadi

● Anaanela mafoko ape fela a go go akgola le fa a tswakane le go go tshwaya diphoso.

● Kopa gore ba go tlhalosetse fa o sa tlhaloganye gore bothata ke eng kgotsa gore ba batla gore o dire eng.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Borre le bommè bangwe ba thatafalelwa ke go dirisana le bana ba bone ka lorato ka gonne le bone batsadi ba bone ga ba a ka ba ba bontsha lorato.

SE KE SE IKAELETSENG!

Mo nakong e e tlang fa batsadi ba me ba ntshwaya diphoso, ke tla ․․․․․

Fa ke akanya gore batsadi ba me ba ntshwaya diphoso thata, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa o ka go fitlhela go le thata go amogela kgalemelo?

● Ke eng se se ka dirang gore batsadi ba gago ba go tshwaye diphoso?

● O ka solegelwa molemo jang ke kgakololo nngwe le nngwe e o e newang?

[Mafoko a a mo go tsebe 177]

“Ke feditse botshelo jwa me jotlhe mmè a omanetse ruri mme le nna ke tlhola ke arabisana le ene. Mme jaanong ke leka go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo. E a thusa. Mmè o simolotse go nna botoka jaanong. Go dirisa kgakololo ya Baebele go nthusitse go mo tlhaloganya. Kamano ya me le ene e tokafetse.’’—Marleen

[Setshwantsho mo go tsebe 180]

Fa o itseela dithuto dingwe tsa botlhokwa mo kgalemelong nngwe le nngwe e o e newang, o tla bona letlotlo le le fetang gauta kgakala

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela