Dikgong Tse Di Orwang—A Bodiba Bo Tšha Re Bo Lebile?
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Nigeria
LETSATSI le a phirima mme le bo le dira gore loapi lwa Afrika lo sale lo le lohibidu. Sampa o apeela mogatse le bana ba bone raese. O ga metse mo kgamelong a bo a a tshela mo pitseng ya alemineamo e e setseng e ntshofaditswe ke mosi. Kafa tlase ga pitsa eo go tuka molelo o eseng wa sepe, wa dikgong tse dikima di le tharo.
Gautshwane le foo go na le ngata ya dikgong. Sampa o di reka mo banneng ba ba di rwalelang ka dikoloi kwa dithabeng. Dikgong di botlhokwa thata. Fa dikgong di seo ga go kake ga gotswa molelo. Fa molelo o seo o ka seka wa apaya raese.
Morwa Sampa yo motona a re: “Fa re sena dikgong, ga re je.” O supa magae a bahumi a a mo dithabeng. “Kwa matlong ale, go na le motlakase. Go na le ditofo tse di dirisang motlakase le tse di dirisang gase.” O gadima molelo, a bo a tsholetsa magetla, a bo a re: “Rona re dirisa dikgong.”
Fa go buiwa ka seno, lelapa la ga Sampa ga le nosi. Mo bathong bangwe le bangwe ba le ba 4 mo mafatsheng a a tlhabologang, ba le ba 3 mo go bone dikgong ke tsone fela se ba nang le sone go apaya le go thuthafatsa. Mme legale go na le tlhaelo e kgolo ya dikgong.
Go ya ka FAO (UN Food and Agriculture Organization), tsela eo dikgong di tlhaelang ka yone e a tshosa eleruri. Batho ba ba ka tshwarang dimilione tse di sekete mo mafatsheng a a tlhabologang ba tlhaelelwa ke dikgong. Fa e le gore dilo di tlile go tswelela di tsamaya ka mokgwa o di tsamayang ka one ono, palo eno e ka menagana gabedi ka motlhofo fela fa lekgolo leno la dingwaga le ya go fela. Moemedi mongwe wa FAO o ile a re: “Ga go thuse sepe go fa batho ba ba bolawang ke tlala mo lefatsheng dijo fa e le gore ga go na se ba ka di apayang ka sone.”
Ke Eng Fa Go Na Le Tlhaelo Jaana?
Go tswa bogologolo, batho ba ntse ba dirisa dikgong go gotsa ka tsone. Ka lebaka lang? Dikgong di motlhofo go dirisiwa. Ga o tlhoke didirisiwa tse di turang kgotsa tse di raraaneng tsa boranyane go di rwalela. Kwantle ga fa fela e le gore ga di dirisiwe sentle di ka tswelela di le teng ka ntlha ya go bo ditlhare tse disha di ntse di gola. Go apaya le go thuthafatsa ka dikgong ga go tlhoke ditofo kgotsa dihitara. Mme ka tshwanelo dikgong ga se dilo tse di rekwang, gape di bo kgakala jwa setlhare se se gaufi le wena. Ke mo dingwageng tse di makgolo a mabedi fela tse di fetileng fa ditšhaba tse di humileng di simolola go dirisa mekgwa e mengwe ya go gotsa molelo, jaaka gase, magala, le oli. Ba bangwe ba santse ba dirisa dikgong le gompieno.
Baitse bangwe ba re selo se segolo se se bakang bothata gompieno ke go ntsifala thata ga batho. Fa batho ba ntse ba ntsifala, dikgwa di a rengwa go oketsa bonno, go oketsa temothuo, le go dira dikgong tsa madirelo le tsa go gotsa. Mo e ka nnang lefatshe lengwe le lengwe fa le tlhabologa dikgwa tsa lone di fela ka bofefo. Amerika Bokone le Yuropa di fetile foo.
Mme legale palo ya batho gompieno e gola ka lobelo lo logolo thata. Go setse go na le batho ba ba fetang dimilione tse di dikete di le tlhano le sephatlo mo lefatsheng. Mo merafeng e e tlhabologang palo ya batho e menagana sebedi mo dingwageng dingwe le dingwe tse 20 kgotsa 30. Jaaka fa palo ya batho e ntse e oketsega, dikgong le tsone di batlega ka selekanyo se se kwa godimo fela jalo. Go ntse jaaka ekete go ntsifala ga batho ke mokaloba, yo o jang dikgwa mme a se ke a kgora, phologolo e e golelang pele le go tshwarelwa ke tlala pele letsatsi le letsatsi. Ka tsela e e ntseng jalo dikgong tse di teng di fela pele ga di ka emesediwa ka tse dingwe. Go ya ka FAO, batho ba ba fetang dimilione di le lekgolo mo mafatsheng a le 26 ba setse ba sa kgone go bona dikgong tse di lekaneng go dira dilo tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi.
Mme legale, ga se gore botlhe ba ba nnang mo mafelong a a nang le tlhaelo e kgolo ba amega ka go tshwana. Ba ba ikgonang ba fetogela mo didirisiweng tse dingwe tsa go gotsa tse di jaaka parafine, kana gase e e mo mabotlolong. Bothata jwa go tlhaela ga dikgong ke bothata jwa bahumanegi, bao palo ya bone e golelang pele.
Kafa Batho Ba Amegang ka Teng
Mo dingwageng tsa bosheng jaana ditlhwatlhwa tsa dikgong di ile tsa menagana gabedi, gararo, mme mo mafelong mangwe le gone ganè tota. Gompieno, ditlhwatlhwa di tswelela ka go palama jaaka fa dikgong di ntse di fela mo ditikologong tsa ditoropo. Ditoropo tse dintsi kwa Asia le Afrika jaanong di dikologilwe ke mafelo a go senang lefa e le setlhare mo go one. Ditoropo tse dingwe di tshwanelwa ke go ya go rwalela dikgong tsa tsone bokgakala jwa dikilomitara di le 160.
Ditlhwatlhwa tse di oketsegelang pele di okeletsa ba ba setseng ba ntse ba humanegile go le gale mokgweleo. Dipatlisiso di setse di bontshitse gore kwa dikarolong dingwe tsa Amerika Bogare le Afrika Bophirima, malapa a babereki a dirisa madi a a ka tshwarang 30 lekgolong ya madi a ba a amogelang go reka dikgong. Tse dingwe di sele—jaaka dijo, diaparo, bonno, mosepele, thuto—di tshwanetse go dirwa ka a a setseng. Mo go bone seane se se reng “se se tsenang kafa tlase ga pitsa se lopa madi a a fetang a se se tsenang mo pitseng” se boammaaruri.
Ba kgona jang? Koo dikgong di turang teng, batho ba fokotsa palo ya dipitsa tse ba di apayang. Ba reka dijo tse di jang madi a a kwa tlase kgotsa tse di seng dintsi, seno se bo se tsala gore ba je dijo tse di senang dikotla tsotlhe sentle. Gape ga ba buduse dijo tsa bone thata. Megare le ditshidinyana ga di swe, mme mmele o bo o kgona fela go tsaya menontshane e sekae. Ga ba bedise metsi a bone. Ba sela sengwe le sengwe fela se ba ka kgonang go se dirisa go gotsa molelo.
Dimilione tsa batho jaanong ba dirisa dilo tse di gotsang tsa maemo a a kwa tlase, jaaka dikokole, lotlhaka, kgotsa dibi. Koo dikgong di turang go gaisa dibi teng, go lebega go utlwala go gotsa molelo ka dibi go na le go di tsenya mo masimong. Gantsi go bo go sena sepe gape se motho a ka se dirang. Mme phelelo ke gore mmu o tingwa menontshane e e botlhokwa. Kgabagare mmu o felelwa ke dikotla o bo o sala e le mmu fela.
Le mororo ba ba kwa dikgaolong tsa magae e se gantsi ba reka dikgong tsa bone, go tlhaela ga tsone go oketsa nako e e tsewang go di batla fela thata. Mo dikarolong dingwe tsa Amerika Borwa, basadi ba dirisa 10 lekgolong ya letsatsi la bone ba ile kgonnye. Mo dinageng dingwe tsa Afrika, dikgong tse go tsereng letsatsi lotlhe go di rwalela di lekana go dirisiwa mo malatsing a le mararo fela. Fa gongwe malapa mangwe a dira gore e nne tiro ya ngwana mongwe go ikarabela mo go batleng dilo tsa go gotsa molelo.
Go diragala gantsi gore tikologo ya dikgaolo tsa magae e senngwe gore go tlamelwe toropo. Dikgong di a rengwa le go rekisiwa ka bofefo jo bo gaisang kafa di golang ka teng. Ka jalo di bo di fela kwa di bonwang teng, mme malapa a bo a fudugela kwa ditoropong kgotsa a tsaya nako e ntsi a rwalela dikgong tse ba di dirisang ka bobone.
Ka jalo, dimilione tsa batho di dirisa nako e ntsi le madi go bona dilo tsa konokono tse ba di tlhokang go gotsa molelo. Eseng jalo? Mo bahumaneging go tla bo go raya gore ba je dijo tse dinnye, ba bolawe ke serame, le go tshela ba sena dipone bosigo.
Seo Se Ntseng Se Dirwa
Dingwaga di sekae tse di fetileng seemo se se tlhobaetsang sa go tlhaela ga dikgong se ne sa elwa tlhoko thata ke lefatshe lotlhe. Banka ya Lefatshe le mekgatlho e mengwe e ne ya dirisa madi a mantsi mo ditirong tsa temo ya ditlhare. Le mororo e se tsotlhe tsa ditiro tseno tse di ileng tsa atlega, go ne ga ithutiwa mo gontsi thata. Go ne ga itshupa sentle gore tharabololo ya bothata jwa go fela ga dikgong ga se fela ka go lema ditlhare tse dingwe. Mathata a mangwe gape ke gore batho ba ba logang maano ba ne ba itlhokomolosa maikutlo a beng ba lefelo. Ke ka lebaka leo, kwa lefatsheng lengwe la Afrika Bophirima, baagi ba motse ba ileng ba senya ditlhatshana tse di neng di mela ka go bo di ne di jadilwe mo mafulong a morafe.
Bothata jo bongwe ke gore ditlhare di tsaya nako e telele go gola. Go ka nna ga tsaya dingwaga di le 25 pele ga ditlhare di ka kgona go ntsha dikgong ka tsela e e leng gore di ka seke di fele. Seno se raya tiego magareng ga madi a a dirisitsweng le dipoelo. Seno gape se raya gore temo ya ditlhare ga e rarabolole bothata jwa go tlhokega ga dikgong ga nako eno.
Ditiro tsa temo ya ditlhare di tsweletse mo mafatsheng a le mantsi. A mme gone di tla kgona seemo sa go tlhaela ga dikgong mo isagweng? Baitse ba tsa temo ya ditlhare ba re nnyaa. Ditlhare di rengwa ka lobelo lo lo fetelang kgakala lo di emisediwang ka lone. Mmatlisisi mongwe wa Worldwatch Institute o kwala jaana: “Ka maswabi, mapolotiki ga ba a iketleeletsa lefa e le go ikemisetsa go dirisa ditsompelo tse di tlhokegang go fedisa mathata a a bakiwang ke go fela ga ditlhare mo Mafatsheng A A Tlhabologang a a mo dikgaolong tse di bothitho le mouwane. Mo nakong eno, go lengwa [heketere] e le nngwe fela ya ditlhare mo [diheketereng] dingwe le dingwe di le lesome tsa ditlhare tse di rengwang. Pharologano eo e kgolo thata kwa Afrika, koo go lengwang setlhare se le sengwe go emisetsa di le masome a mabedi le borobabongwe a tse di remilweng. Go ntsha dikgong tse go solofelwang gore di tla tlhokwa ke Mafatshe A A Tlhabologang ka [ngwaga wa] 2000 go tla tlhoka gore go okediwe temo ya ditlhare tse di sa dirisiweng mo madirelong ka makgetlo a le lesome le boraro go feta gompieno.”
Ditebelelo tsa mo Isagweng
Mo motlheng ono batho ba le bantsi ba tshwere ka thata ba leka go rarabolola bothata jwa go tlhaela ga dikgong tse di gotsang. Mme gantsi se ba se solofelang mo isagweng ga se nametse. Babatlisisi ba Earthscan ba kwadile jaana mo bukeng ya bone e go tweng Fuelwood—The Energy Crisis That Won’t Go Away: “Maiteko ao otlhe a kopantswe [a go lwantsha mathata a dikgong] ga a kake a fokotsa ka botlalo mokgweleo o o leriwang ke go tlhaela ga didirisiwa tsa go gotsa le go golela pele ga ditlhwatlhwa tsa dikgong mo bahumaneging.” Bukana ya FAO ya thuto e go tweng The Fuelwood Crisis and Population—Africa ya re: “Maiteko ape a go leka go fedisa bothata jono ga go lebege a ka atlega go fitlhelela go ntsifala ga batho go laolesega.” Lefa go le jalo, yone kgatiso eo e tswelela e bontsha gore batho ba tla tswelela ka go ntsifala “ka gonne palo ya batho ba ba tlileng go nna batsadi e feta ya bao e setseng e le batsadi ka bontsi. Ba e tla reng ka moso e bo e le batsadi ba setse ba tshotswe.”
Go farologana le ditebelelo tse di kgobang marapo tseo, boperofeti jwa Bibela bo bontsha gore Modimo Mothatayotlhe o solofetsa go busetsa maemo a a feletseng a Paradaise mo lefatsheng lone le. (Luke 23:43) Mathata a a raraaneng a a amanang le dikgong tse di gotsang, palo ya batho, le lehuma ga a kake a mo palela go a rarabolola.—Isaia 65:17-25.
A bodiba bo tšha re bo lebile? Nnyaa le eseng! Go ise go ye kae go tla diragadiwa boperofeti jono jo bo buang ka Mmopi wa rona yo o lorato: “U huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.”—Pesalema 145:16.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 19]
‘Ga go thuse sepe go ba fa dijo fa e le gore ga go na se ba ka di apayang ka sone’