LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/14 ts. 10-11
  • Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Go Raya Ngwana o re Nnyaa
    Tsogang!—2014
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go Bua Maaka Go le Bonolo Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Boammaaruri Kaga go Aka
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 11/14 ts. 10-11
Mosimanyana a ganela gore o thubile pitsana ya malomo

GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka

KGWETLHO

Morwao wa dingwaga di le tlhano o tshamekela mo phaposing e nngwe.a Ka tshoganyetso fela, o utlwa sengwe se thubega. O itlhaganelela go bona se se diregileng, o bo o mo fitlhela a eme go bapa le pitsana e e thubegileng ya malomo e e dirilweng ka letsopa. Sefatlhego sa gagwe se go bontsha gore o molato.

O botsa morwao jaana o tiisitse: “A ke wena o e thubileng?”

O araba jaana ka bonako: “Nnyaa Mama, ga se nna!”

Leno ga se lekgetlo la ntlha o lemoga gore morwao wa dingwaga tse tlhano o bua maaka. A o tshwanetse go tshwenyega?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Maaka otlhe ga a siama. Baebele ya re Jehofa Modimo o tlhoile “loleme lo lo maaka.” (Diane 6:16, 17) Molao o o neng o neilwe Baiseraele o ne o na le ditaelo tse di kgalang motho ope fela yo o tsietsang yo mongwe.—Lefitiko 19:11, 12.

Mme gone, maaka ga a tshwane. Maaka mangwe ke a bopelotlhoi; a buiwa ka boikaelelo jwa go utlwisa ba bangwe botlhoko. Maaka a mangwe one a buiwa ka gonne motho a le mo kgatelelong, kgotsa gongwe a tila go tlhabisiwa ditlhong kgotsa kotlhao. (Genesise 18:12-15) Le fa maaka otlhe a sa siama, maaka a mangwe a masisi go feta a mangwe. Fa ngwana wa gago a bua maaka, akanyetsa dingwaga tsa gagwe le gore ke eng fa a sa bue boammaaruri.

O tshwanetse go baakanya bothata jono ngwana a sa le monnye. Dr. David Walsh a re: “Go botlhokwa thata gore o rute ngwana go bua boammaaruri segolobogolo fa go le thata gore a dire jalo. Botsala bo a nonofa fa batho ba ikanyega, maaka a dira gore ba se tlhole ba ikanyana.”b

O se ka wa tshoga. Fa ngwana wa gago a buile maaka, seo ga se kaye gore o simolola go tswa mo tseleng. Gakologelwa gore Baebele ya re: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” (Diane 22:15) Bana bangwe ba bontsha boeleele joo ka go bua maaka, gongwe ba akanya gore seo se ka dira gore ba se ka ba otlhaiwa. Ka jalo, go botlhokwa gore o tsibogela seo jang.

SE O KA SE DIRANG

Leka go tlhaloganya lebaka la go bo ngwana a bua maaka. A o tshaba go otlhaiwa? A ga a batle go go swabisa? Fa e le gore ngwana wa gago o kgona go itlhamela dikgang gore a kgatlhe ditsala tsa gagwe, a o dira jalo ka gonne a ise a gole mo go lekaneng gore a lemoge pharologano magareng ga boammaaruri le maaka? Fa o itse gore ke eng fa ngwana wa gago a bua maaka o tla kgona go mo thusa.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 13:11.

Ka dinako tse dingwe, mmolelele, o se ka wa mmotsa potso. Mo tiragalong e e kwa tshimologong, mmè yo o neng a itse sentle se se diregileng o ne a botsa morwawe jaana a tiisitse: “A ke wena o e ithubileng?” Ngwana o ne a bua maaka, gongwe ka gonne a bona Mama a galefile. Go na le gore mmè a botse potso e e latofatsang o ne a ka re: “Ao nnyaa tlhe, o thubile pitsana ya malomo!” Fa mmè a mmolelela go na le go botsa potso, ga a dire gore ngwana a raelesege go bua maaka—e bile o mo thusa gore a ikanyege.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:9.

Gatelela botlhokwa jwa go ikanyega. Ka tlholego fela bana ba batla go itumedisa batsadi, ka jalo dira gore keletso eo e go solegele molemo. Dira gore ngwana wa gago a itse gore boikanyegi ke selo sa botlhokwa mo lelapeng la lona le gore o lebeletse gore a ikanyege.—Molaomotheo wa Baebele: Bahebera 13:18.

Dira gore ngwana wa gago a lemoge gore go bua maaka go senya boikanyegi, le gore go ka tsaya lobaka gore batho ba go ikanye gape. Dira gore a nne le boitshwaro jo bo molemo ka go mo akgola fa a bua boammaaruri. Ka sekai, o ka nna wa re, “Ke itumelela gore o bua boammaaruri.”

Tlhoma sekao. O ka se lebelele gore ngwaga wa gago a bue boammaaruri fa a go utlwa o bua dilo tse di jaaka “Mo reye o re ga ke yo,” fa o sa batle go bua le mongwe mo founong kgotsa o re “Gompieno ga ke ye tirong ke a lwala” ntswa tota o batla go itapolosa fela.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 3:17.

Dirisa Baebele. Melaometheo ya yone le dipego tsa yone tsa batho ba mmatota di rotloetsa boikanyegi. Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e ka go thusa go jalela melaometheo ya Baebele mo ngwaneng wa gago. Kgaolo 22 e na le setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Bua Maaka.” (Bona mafoko a yone a a nopotsweng mo lebokoseng la “Buka e e Diretsweng Ngwana wa Gago.”)

a Go dira gore go nne motlhofo, mo setlhogong seno re bua ka ngwana wa mosimane. Le fa go ntse jalo, melaometheo e go buiwang ka yone mono e dira le mo basetsaneng.

b Go tswa mo bukeng ya No: Why Kids—of All Ages—Need to Hear It and Ways Parents Can Say It.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “E rile ke le losea, ke ne ke tle . . . ke akanye jaaka losea.”—1 Bakorintha 13:11.

  • “Lo se ka lwa akelana.”—Bakolosa 3:9.

  • “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

  • “Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . ga bo itimokanye.”—Jakobe 3:17.

BUKA E E DIRETSWENG NGWANA WA GAGO

“O ka nna wa thuba sengwe o sa ikaelela. Fa o bodiwa ka gone, a o tshwanetse go re ke monnao kgotsa kgaitsadio a se thubileng? Kgotsa a o tshwanetse go itira e kete ga o itse sepe ka gone? . . . Go sa kgathalesege gore re dirang, re ka dira gore dilo di nne maswe le go feta fa re bua maaka, e bile ga re a tshwanela go sa bue boammaaruri jotlhe. Baebele ya re: ‘Bua boammaaruri.’ Gape ya re: “Lo se ka lwa akelana.” Jehofa o bua boammaaruri ka metlha, e bile o lebeletse gore le rona re dire jalo.—Baefeso 4:25; Bakolosa 3:9.”

Mafoko a a nopotsweng mo bukeng ya Ithute mo Morutising yo Mogolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela