LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/15 ts. 14-15
  • Parrot Fish—A ke Motšhine o o Dirang Motlhaba?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Parrot Fish—A ke Motšhine o o Dirang Motlhaba?
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Tlhapi e go Lwatsa
    Tsogang!—2006
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2015
  • Go Tsamaya ka Setlhopha ga Ditlhapi mo Metsing
    Tsogang!—2012
  • Go Tshwara Ditlhapi Jaaka Dinonyane
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 6/15 ts. 14-15
Parrot fish

Parrot Fish—A ke Motšhine o o Dirang Motlhaba?

MOTLHABA o tswa kae? Mo metsweding e mentsi. Mme o go tlotliwang ka one fano o ka go gakgamatsa. Ke tlhapi e e silang korale gore e nne motlhaba o mosesane—parrot fish!

Ditlhapi tseno di nna mo mawatleng a boboatsatsi go dikologa lefatshe. Fa di sena go tlhafuna korale ka metlhaa ya tsone e e jaaka ya nonyane le meno a a thata a a kwa morago, di a e metsa di bo di sefa manathwana a dijo go tswa foo di ntsha motlhaba. Mefuta mengwe ya ditshedi tseno e kgona go tshela dingwaga di le 20 meno a tsone a ntse a le thata.

Mo mafelong mangwe a kwa go one korale e se nang ditshedi, parrot fish e ntsha motlhaba o montsi go gaisa dilo tse dingwe tsa tlholego. Babatlisisi bangwe ba fopholetsa gore parrot fish e e tlwaelegileng e dira motlhaba wa dikilogerama di le makgolokgolo ka ngwaga.

Parrot fish ya mmala o o tseneletseng

Parrot fish ya mmala o o tseneletseng

Gape ditlhapi tseno di dira tiro e nngwe e e botlhokwa. Fa di ja korale e e se nang ditshedi e e bipilweng ke semela sa algae le dimela tse dingwe, seo se dira gore korale e nne e le phepa. Fa ditlhapi tseno di ntse di ja dimela tseno, di dira gore lefelo leno le nne le le mo maemong a a siameng. Dikarolo tse di mo boalong jwa lewatle tse go nang le maje mo go tsone mme go se na ditlhapi tseno le diphologolo tse dingwe tse di jang dimela, di bipiwa ke semela sa algae le mofero wa mo lewatleng ka bonako. Buka ya Reef Life ya re, “fa e ne e se ka diphologotswana tseno tse di jang dimela, dikarolo tse di mo boalong jwa lewatle di ka bo di se mo boemong jo di leng mo go jone.”

Tiro eno yotlhe e parrot fish e e dirang motshegare e tlhoka gore e robale fa go nna bosigo mme le mono e dira se se sa tlwaelegang. Bosigo ke nako e e kotsi mo dikarolong tseno tsa lewatle ka gonne batsomi ba bantsi. Ka jalo, tlhapi eno gantsi e iphitlha mo lengopeng mme ga se ka metlha le ka e sireletsang mo tlhaping ya shaka e e tshwerweng ke tlala.

Go na le sengwe gape se tlhapi eno e se dirang go itshireletsa fa go le bosigo. E ntsha seedi se se boremereme se se nnang jaaka kobo e e e sireletsang e e bonaletsang. Baitse ba ditshedi tsa metsi ba dumela gore kobo eno e e nkgang bosula e e ipipang ka yone e e sireletsa mo diphologolong tse dingwe tse di ka e jang.

Parrot fish ke nngwe ya ditlhapi tse di bonwang motlhofo le tse di kgatlhang thata tsa karolo e e mo boalong jwa lewatle e e nang le maje. Gantsi ditlhapi tseno tse ditona le tse di namagadi di na le mebala e mentle e e fetogang fa di ntse di gola. Mme se se kgatlhang ke gore ga di tshabe batho fa di le mo mafelong a go sa tshwarweng ditlhapi thata mo go one. Ka jalo, go motlhofo gore motho a di bone.

Badiradipatlisiso ba le mmalwa ba coral reef ba re ke selo se se sa lebalesegeng go nna gaufi le ditlhapi tseno, o di lebile e bile o reeditse fa di ntse di tlhafuna korale. Mme fa ditlhapi tseno di ntse di dira tiro ya tsone, di dira gore tikologo e nne phepa gore ditshedi tse di kwa boalong jwa lewatle le batho ba e itumelele.

DINTLHA KA PARROT-FISH

Go na le mefuta e le 80 e e farologaneng ya parrot fish (e baitsesaense ba reng ke Scaridae) e e nnang mo karolong e e kwa boalong jwa lewatle kwa Boboatsatsi. Ditlhapi tseno di bidiwa parrot fish ka ntlha ya molomo wa tsone o o tshwanang le wa nonyane ya papalagae e leng parrot. Di boleele jwa disentimetara di le 50 go ya go 100.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela