LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/15 ts. 16
  • Ditshedi Tse Dinnye Tse di Nyeletsang Oli

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshedi Tse Dinnye Tse di Nyeletsang Oli
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Oli—Re e Bona Jang?
    Tsogang!—2003
  • Oli—A e Na le Melemo ya Yone le Masula a Yone?
    Tsogang!—2003
  • Ga Se Matlakala A A Tlwaelegileng!
    Tsogang!—1992
  • Oli—Kafa e go Amang ka Teng
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 9/15 ts. 16
Oli e e tshologetseng mo lewatleng la kwa Mexico

A DI TLHAMILWE?

Ditshedi Tse Dinnye Tse di Nyeletsang Oli

KA 2010 fa motšhine wa go epa o ne o thunya o bo o nwela mo lewatleng, dilitara di ka nna dimilione di le 800 tsa oli e e sa tlhotlhiwang di ne tsa tshologela mo lewatleng la kwa Mexico. Le fa go ntse jalo, mo dikgweding di le mmalwa fela bontsi jwa oli eo bo ne jwa nyelela. Go diragetse eng ka yone?

Ditshedi tse dinnye tse di nyeletsang oli

Akanya ka seno: Baitsesaense ba ile ba dira dipatlisiso tse di bontshang gore dibaketeria tsa mo lewatleng di kgona go kgaoganya dimolekhule tsa khabone e e mo oling. Moitse wa ditshedi tse dinnye e bong Porofesara Terry Hazen, o bitsa ditshedi tseno tse dinnye a re ke “dimisaele tse di jang oli.” Ditshedi tseno ke tsone di ileng tsa dira gore oli e e neng e tshologetse mo lewatleng la kwa Mexico e nyelele.

Pego ya BBC e ne ya bua jaana ka kgang eno: “Ga go gakgamatse go bo mawatle a na le ditshedi tse dinnye tse di jang oli jaana.” Tota e bile, “boalo jwa mawatle ga bo bolo go nna bo ntshetsa oli mo metsing” ka dingwagangwaga.

Go a bonala gore maiteko a batho a go phepafatsa oli e e tshologetseng mo metsing a nnile le diphelelo tse di molemo. Mme gone maiteko ape fela a motho a a dirang a ka nna a baka tshenyo e e seng kana ka sepe. Dikhemikale tse di dirisiwang go dira tiro eno di kgoreletsa thulaganyo ya tlholego ya go phepafatsa oli mo metsing. Mo godimo ga moo, dikhemikale tseno di kotsi e bile di ka gobatsa tikologo ya rona lobaka lo loleele. Mme gone, bokgoni jwa dilo tsa tlholego tse di bolayang botlhole jwa oli mo metsing, go akaretsa le megare e e jang oli, di thusa lewatle gore le kgone go iphepafatsa go na le go dirisa mekgwa ya batho e e ka nnang le diphelelo tse di bosula.a

O akanyang? A ditshedi tse dinnye tse di nyeletsang oli mo lewatleng di itlhagetse ka botsone fela? Kgotsa a di tlhamilwe?

a Ga re itse gore fa nako e ntse e tsamaya tiragalo eo e tla nna le ditlamorago tse di ntseng jang mo ditsheding tsa lewatle la kwa Mexico.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela