LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 2 ts. 3-7
  • Baebele—A ke Buka Fela e e Molemo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele—A ke Buka Fela e e Molemo?
  • Tsogang!—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e re Naya Kitso ya Bomodimo le Botlhale Jwa Gore re Itshware Jang
  • Baebele e Tlhalosa Gore ke Eng Go na Le Pogo le Dikgotlhang
  • Baebele e re Naya Tsholofelo
  • Re ka Ikanya se Baebele e se Buang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
  • Baebele e Bua Kaga Eng?
    Tsogang!—2007
  • Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A Saense le Baebele di a Tsamaisana?
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 2 ts. 3-7
Monna a bala Baebele

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Baebele—A ke Buka Fela e e Molemo?

Baebele e ne ya fetsa go kwalwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Fa e sa le ka nako eo, go ne ga tsena dibuka di le dintsi tsa bo tsa tswa. Mme Baebele yone e nnetse ruri. Akanya ka dintlha tse di latelang.

  • Baebele e ne ya falola fa batho ba ba nang le maatla ba batla go e nyeletsa. Ka sekai, buka ya An Introduction to the Medieval Bible ya re ka Metlha ya Bogare kwa dinageng tse di ipitsang tsa ‘Bokeresete,’ “go nna le Baebele ka puo ya gago le go e bala go ne go amanngwa le botlhanogi le kganetso.” Baithuti ba ba neng ba ranolela Baebele mo dipuong tse dingwe kgotsa ba ba neng ba ruta batho Baebele, ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing. Bangwe ba bone ba ne ba bolawa.

  • Go sa kgathalesege gore e ne tlhoilwe ke batho, Baebele e ne ya nna—e bile e sa ntse e le buka e e anamisitsweng go gaisa dibuka tsotlhe. Go fopholediwa gore go gatisitswe dikhopi di ka nna dibilione di le tlhano tsa Baebele ka dipuo di feta 2 800, e feletse kgotsa karolo ya yone. Seno se farologana thata le dibuka tsa filosofi, saense le tse dingwe, tse batho ba le bantsi ba sa kgoneng go nna le tsone e bile di felelwa ke nako.

  • Baebele e thusitse gore dipuo tse dingwe tse e ranoletsweng mo go tsone di se ka tsa nyelela le gore di gole. Thanolo ya Sejeremane ya ga Martin Luther e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo puong eo. Kgatiso ya ntlha ya King James Version e ne ya tlhalosiwa e le “buka e e tlhotlheletsang e e kileng ya gatisiwa” ka Seesemane.

  • Buka ya The Oxford Encyclopedia of the Books of the Bible ya re “Baebele e ne ya ama setso sa kwa Bophirima thata ya bo ya nna le tlhotlheletso mo ditumelong le ditlwaelo tsa bodumedi, go akaretsa le mo botaking, mo dikgatisong, mo molaong, mo dipolotiking le mo dilong tse dingwe tse dintsi.”

Tseo ke dingwe tsa dilo tse di dirileng gore Baebele e farologane le dibuka tse dingwe. Mme gone, goreng e itsege jaana? Goreng batho ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya yone? Mangwe a mabaka ao ke a a latelang: Baebele e na le tshedimosetso e e molemo ya kafa re ka tshelang ka gone le kafa re ka nnang le kamano e e molemo le Modimo ka gone. Baebele e re thusa go tlhaloganya gore go tlile jang gore go nne le pogo le dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, e re solofetsa gore mathata ao a tla fela le gore seo se tla direga jang.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

Baebele e e butsweng

Baebele e dirilwe ka dibuka di le 66; buka eno e e boitshepo e tshotse dingwaga di ka nna 1 600 go kwalwa.

Baebele e ne ya kwalwa ke bakwadi kgotsa bakwaledi ba ka nna 40 ba bangwe ba bone e neng e le balemi, batshwaraditlhapi, baatlhodi, dikgosi le baopedi.

Molaetsa wa konokono wa Baebele ke Bogosi Jwa Modimo, e leng puso e e kwa legodimong e e tla busang lefatshe. (Daniele 2:44; 7:13, 14) Bogosi joo bo tla fedisa bosula, pogo le loso ka go kopanya batho gore ba busiwe ke Molaodimogolo yo o tshwanelang—Mmopi e bong Jehofa Modimo.—1 Bakorintha 15:24-26.

Baebele e re Naya Kitso ya Bomodimo le Botlhale Jwa Gore re Itshware Jang

Thuto ya lefatshe e botlhokwa. Mme mokwadi mongwe wa lokwalodikgang lwa Ottawa Citizen lwa kwa Canada o ne a re: “Thuto . . . e e dirang gore o nne le leina le lentle . . . ke e e go thusang go nna le boitsholo jo bo siameng.” Patlisiso ya lefatshe lotlhe e e gatisitsweng ke mokgatlho wa dikamano tsa batho wa Edelman ya re, eleruri batho ba le bantsi ba ba rutegileng go akaretsa le batsamaisi ba kgwebo le baeteledipele ba puso ba bua maaka, ba a tsietsa e bile ba a utswa, e leng “se se dirang gore batho ba se ka ba tlhola ba ba tshepa.”

Baebele e bua thata ka boitshwaro le ka go ithuta ka Modimo. E re tlhaba matlhale ka “tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.” (Diane 2:9) Ka sekai, lekawana lengwe la dingwaga di le 23 le re tla le bitsang Stephen, le ne le tsentswe mo kgolegelong kwa Poland. Fa le ntse le le koo, le ne la simolola go ithuta Baebele le go itumelela kgakololo ya yone. Le ne la kwala jaana: “Jaanong ke a bona gore go raya eng go tlotla ‘rrago le mmago.’ Gape ke ithutile go laola maikutlo a me, segolobogolo go nna bogale thata.”—Baefeso 4:31; 6:2.

Molaomotheo o o neng wa ama Stephen pelo ke o o mo go Diane 19:11 o o reng: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.” Jaanong fa Stephen a lebane le maemo a a mo gwetlhang, o leka go akanya sentle ka boemo joo le go dirisa melaometheo ya Baebele e e maleba. O ne a re: “Ke lemogile gore Baebele ke buka e e molemo go di gaisa e e kaelang batho.”

Maria yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o ne a tlhabisiwa ditlhong phatlalatsa ke mosadi mongwe yo o neng a na le tlhaolele, yo o neng a baka khuduego. Mme go na le go ipusolosetsa, Maria o ne a tsamaya. Mosadi yoo o ne a ikutlwa molato ka ntlha boitshwaro jwa gagwe mme a simolola go batla Basupi. Mo e ka nnang kgwedi morago ga moo fa a ne a kopana le Maria gape, o ne a mo tlamparela mme a kopa maitshwarelo. Mo godimo ga moo, o ne a lemoga gore tsela Maria a neng a itshwere ka yone e ne e bontsha se a se dumelang. Seo se ne sa felela ka eng? Mosadi yoo yo o neng a na le tlhaolele le maloko a le matlhano a lelapa la gagwe, ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

Jesu Keresete o ne a re botlhale bo lemogiwa ka ditiro tsa jone. (Luke 7:35) Ka jalo, go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore melaometheo ya Baebele e solegela molemo! E re dira batho ba ba botoka. E “tlhalefisa yo o senang maitemogelo,” e “dira gore pelo e ipele” e bile “e phatsimisa matlho” ka boitshwaro jo bo phepa le kitso ya Modimo.—Pesalema 19:7, 8.

Baebele e Tlhalosa Gore ke Eng Go na Le Pogo le Dikgotlhang

Fa babatlisisi ba ithuta ka bolwetse jwa leroborobo, ba leka go bona gore bo bakilwe ke eng. Go ntse jalo le fa re batla go tlhaloganya gore goreng batho ba boga e bile go na le dikgotlhang. Gape Baebele e re thusa go tlhaloganya seno, ka gonne e tlhalosa se se neng sa direga bogologolo, nako ya fa mathata a rona a ne a simologa.

Buka ya Genesise e bontsha gore mahutsana a batho a simologile fa batho ba ntlha ba tsuologela Modimo. Mo godimo ga moo, ba ne ba ipagololela mogodu ka go ipeela melao ya boitsholo—selo se se neng se tshwanetse go dirwa fela ke Modimo. (Genesise 3:1-7) Ka maswabi, fa e sa le nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go akanya ka tsela eo. Seo se ne sa felela ka eng? Hisitori ya batho ga se ditiragalo tsa kgololesego le boitumelo, mme ke tsa dintwa, kgatelelo, mathata a boitsholo le a bodumedi. (Moreri 8:9) Baebele ya re: “Ga se ga motho . . . go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Dikgang tse di molemo ke gore botlhoko jo bo bakilweng ke botsuolodi jwa batho bo tloga bo fela.

Baebele e re Naya Tsholofelo

Baebele e re tlhomamisetsa gore e re ka Modimo a rata batho ba ba tlotlang molao le bolaodi jwa gagwe, ga a kitla a letla bosula le pogo e e bo bakang di direga ka bosakhutleng. Ba ba bosula “ba tla ja maungo a tsela ya bone.” (Diane 1:30, 31) Ka fa letlhakoreng le lengwe, “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

Baebele e e butsweng e bapile le kopi ya kofi

‘Thato ya [Modimo] ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’—1 Timotheo 2:3, 4

Modimo o tla diragatsa maikaelelo a gagwe a gore go nne le kagiso mo lefatsheng a dirisa ‘Bogosi jwa gagwe.’ (Luke 4:43) Bogosi joo ke puso ya lefatshe lotlhe e bile Modimo o tla bo dirisa go bontsha tshwanelo ya gagwe ya go busa batho. Jesu o ne a amanya Bogosi le lefatshe ka go bua jaana mo thapelong ya Morena: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale . . . mo lefatsheng.”—Mathaio 6:10.

Ee, babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo ba tla dira thato ya Modimo, ba mo tsaya e le ene yo o tshwanelwang ke go busa, e seng batho. Bonweenwee, bogagapa, mathata a ikonomi, go tlhaolana ka lotso le ntwa di tla fela. Go tla nna le lefatshe la mmatota le le lengwe, puso e le nngwe le melao ya boitsholo le e e dirang gore re atamalane le Modimo.—Tshenolo 11:15.

Thuto ke yone e tla dirang gore re bone lefatshe leo. Timotheo wa ntlha 2:3, 4 ya re: ‘Thato ya [Modimo] ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’ Boammaaruri joo bo akaretsa dithuto tsa Baebele tse re ka reng ke melao ya Bogosi—melao le melaometheo e e tla bo busang, dikai tse di ka fitlhelwang mo Therong ya ga Jesu Keresete ya kwa Thabeng. (Mathaio, kgaolo 5-7) Fa o bala dikgaolo tseno tse tharo, leka go akanya gore botshelo bo tla bo bo ntse jang fa mongwe le mongwe a dirisa botlhale jwa ga Jesu.

A re tshwanetse go gakgamala go bo Baebele e le buka e e gatisitsweng go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng? Le eseng! Dithuto tsa yone di na le tlhotlheletso e e molemo. E bile go bo e aname thata jaana go bontsha keletso ya Modimo ya gore batho ba ditso le dipuo tsotlhe ba ithute ka ene ba bo ba solegelwe molemo ke masego a Bogosi bo tla a lereng.—Ditiro 10:34, 35.

Losagaripa lwa dinaledi

Baebele ya re melao e laola magodimo

BUKA E E KGALANG DITLHAMANE

Buka ya Encyclopedia of Science and Religion ya re: “Batho ba bogologolo ba ne ba dumela gore lobopo lo laolwa ke medimo e e dirang dilo e sa akanye.” Le fa go ntse jalo, Baebele ya re lobopo lo laolwa ke melao ya tlholego. Ka sekai, dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, Baebele e ne ya bua ka “melao ya magodimo” le lefatshe. (Jobe 38:33) Jeremia 31:35 e umaka “melao ya ngwedi le dinaledi.” Batho ba ba neng ba dumela seo, ba ne ba sirelediwa mo kobamelong ya maaka le mo ditlhamaneng.—Jobe 31:26-28; Isaia 47:1, 13.

BUKA E E IKANYEGANG

Selo se se kgatlhang ka bakwadi ba Baebele ke gore ba ne ba ikanyega​—tota le ka diphoso tsa bone. Ka sekai, morago ga gore Kgosi Dafide a dire boaka le mosadi mongwe yo o bidiwang Bathesheba, o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Ke dirile se se bosula mo matlhong a gago [Modimo].” (Pesalema 51:4) Moaposetoloi Johane o ne a kwala gore o kile a khubama fa pele ga moengele gabedi a re o a mo rapela. Moengele o ne a mo araba jaana: “O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! . . . Obamela Modimo.” (Tshenolo 19:10; 22:8, 9) Go bua boammaaruri jalo ba sa fitlhe sepe—e leng se bakwadi ba bogologolo ba neng ba sa se dire—go ne go tlwaelegile mo bakwading ba Baebele.

BUKA E E RE THUSANG GO ITEKANELA SENTLE MO MOGOPOLONG

Baebele e re kgothaletsa go nna le dinonofo tse di tla re thusang go nna re itekanetse sentle mo mogopolong, tse di jaaka kutlwelobotlhoko le go itshwarela. Baefeso 4:32 ya re: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.”

Buka nngwe ya Mayo Clinic, kwa United States ya re “fa o sa itlwaetse go itshwarela ba bangwe, o tla ikutlwisa botlhoko.” Buka eo e tswelela ka go re go itshwarela ba bangwe go ka dira gore re nne le “dikamano tse di molemo; mogopolo o o itekanetseng, tumelo e e nonofileng, go sa tlhobaele thata, go sa ngomoge pelo thata, go tshwara ba bangwe sentle; go sa nne le haebolate; go sa nne le matshwao a go tshwenyega thata mo maikutlong, go sa nwe bojalwa thata le go sa dirise diritibatsi.”

BUKA E E ARABANG DIPOTSO TSE DI BOTLHOKWA KA BOTSHELO

Lesea mo popelong

Lesea mo popelong

Saense e na le dikarabo tsa mefuta yotlhe ya dipotso. Mme le fa e re naya tshedimosetso ka dilo di le dintsi, e na le mo e felelang gone. Buka ya Biotechnology—Changing Life Through Science ya re: “Baitsesaense ba le bantsi, dingaka le baitsefilosofi, ba dumela gore saense ga e kgone go araba dipotso ka se se siameng le se se sa siamang, boitsholo kgotsa bodumedi.”

  • SAENSE E KGONA go re naya difomula tsa dipalo tsa melao e e laolang lobopo, mme ga e kgone go re bolelela gore goreng go na le lobopo kgotsa goreng lo laolwa ke melao e e tlhomameng.

  • SAENSE E KGONA go tlhalosa gore dirwe tsa tsalo di dira jang, mme e ka se kgone go go thusa gore o dire ditshwetso tse di siameng ka thobalano.

  • SAENSE E KGONA go tlhalosa gore ngwana o simolola go bopega jang mo popelong, mme e ka se kgone go go thusa go dira tshwetso e e siameng ya gore o senye mpa kgotsa nnyaa.

Baebele e araba dipotso tseno le tse dingwe tse dintsi tse di botlhokwa, ka go dira jalo e re thusa go “tlhaloganya tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.”—Diane 2:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela