LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 2 ts. 14-15
  • Dipapalagae Tsa Maratagolejwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipapalagae Tsa Maratagolejwa
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2016
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2014
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2013
  • “Lefatshe le le Latlhegileng” la Kwa Bolivia
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 2 ts. 14-15
Papalagae e e pududu le serolwana

Papalagae e e pududu le serolwana. Boleele: disentimetara di le 85

Dipapalagae Tsa Maratagolejwa

GO BONALA mebala e mentle fa segopa sa dinonyane se fofa go tswa mo ditlhareng tsa mo sekgweng! Bontle jono bo ne jwa kgatlha babatlisisi ba Bayuropa ba ba neng ba goroga kwa Bogare le Botlhaba Jwa Amerika go simolola ka bowelo jwa dingwaga tsa bo1500. Ba ne ba bona dipapalagae tsa megatla e meleele tse di fitlhelwang kwa dikgaolong tsa boboatsatsi tsa kwa Amerika. Go ise go ye kae, ditshwantsho tsa dipapalagae tseno tse dintle di ne di bonwa mo dimmapeng tsa kgaolo eno e le letshwao la lefelo le lesha le lentle.

Dipapalagae tse ditona le tse di namagadi di na le mebala e e tsabakelang, e leng selo se se sa tlwaelegang mo dinonyaneng tsa mebala tse di fofang. Gape dipapalagae tseno di botlhale, di rata batho e bile di rata go dira modumo o o kwa godimo thata. Dipapalagae di ka nna 30 mo setlhopheng sengwe le sengwe di tlogela dintlhaga tsa tsone phakela thata go ya go batla dipeo, maungo a kwa nageng le dijo tse dingwe. Go farologana le dinonyane tse dingwe, tsone di dirisa dinala tsa tsone go tshwara dijo, e bile di di ja ka melomo ya tsone e megolo le e e obegileng. Gape di kgona go bula matonkomane a dikgapetla tse di thata! Fa di fetsa go ja, gantsi di ya gaufi le lotshitshi go ya go ja mmopa o o ka di thusang go okobatsa botlhole jwa dijo tse di di jeleng le go di tlamela ka dikhemikale tse di tlhokegang.

“[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone.”—Moreri 3:11

Gantsi dipapalagae tse ditona le tse di namagadi di nna mmogo botshelo jwa tsone jotlhe, e bile di tlhokomela bana ba tsone mmogo. Mefuta e mengwe ya tsone e aga dintlhaga tsa tsone mo lehuting la setlhare, mo diphatlheng tsa molapo le mo seolong, kwa dinonyane tse dingwe di ka kgonang go di bona di phepafatsana gone. Le fa di godile sentle ka dikgwedi tse thataro, di nna le batsadi ba tsone go fitlha dingwaga di ka nna tharo. Kwa nageng, dipapalagae di kgona go tshela dingwaga di ka nna 30 kgotsa 40, mme fa di ruilwe di ka kgona go tshela dingwaga di feta 60. Go na le mefuta e ka nna 18 ya dipapalagae, e mengwe ya yone e bontshitsweng fano.

Dipapalage tsa diphuka tse ditala

Papalagae ya diphuka tse ditala, e gape e bidiwang papalagae e e nang le bohibidu le botala. Boleele: e ka fitlha go disentimetara di le 95

Papalagae e e khibidu

Papalagae e e khibidu, Boleele: disentimetara di le 85

Papalagae e e pududu

Papalagae e e pududu. Boleele: e ka fitlha go disentimetara di le 100. Ke papalagae e kgolo go di feta, e boima jwa dikilogerama di feta 1.3

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela