LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 3 ts. 3
  • Go Fenya Sekgoreletsi sa Bogologolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fenya Sekgoreletsi sa Bogologolo
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matseno
    Tsogang!—2016
  • Dikgang Tse di Molemo ka Dipuo di le 500
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Phutha Batho ba Dipuo Tsotlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Batho ba ‘Dipuo Tsotlhe’ ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 3 ts. 3
Batho ba ditso tse di farologaneng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO FITLHELELA BATHO BA DIPUO TSE DINTSI

Go Fenya Sekgoreletsi sa Bogologolo

DIPUO tse dintsintsi—di ka nna 7 000—tse di leng teng mo lefatsheng di ka dira gore go nne thata go ikgolaganya le batho fa o eta, fa o dira kgwebo, fa o ithuta kgotsa mo pusong. Seo ga se bolo go direga. Ka sekai, dingwaga di ka nna 2 500 tse di fetileng, fa go busa Kgosi Ahasueruse (gongwe e le Xerxes I) Baperesia ba ne ba anamisa melao ya puso “go tswa kwa India go ya kwa Ethiopia, dikgaolo tse di laolang di le lekgolo le masome a mabedi le bosupa, go kwalelwa kgaolo nngwe le nngwe e e laolang ka mokgwa wa yone wa go kwala le setšhaba sengwe le sengwe ka loleme lwa sone.”a

Gompieno mekgatlho e le mentsi—tota le dipuso—ga e itshwenye ka go dira tiro eno e e boima. Le fa go ntse jalo, go na le mokgatlho o le mongwe fela o o kgonneng go dira tiro eno. Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dimakasine, dikgatiso tsa mantswe fela, dibidio le dibuka tse dintsi—go akaretsa Baebele—ka dipuo di feta 750. Palo eno e akaretsa dipuo tsa diatla di ka nna 80. Gape Basupi ba gatisa dikgatiso tse di farologaneng tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng.

Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ga ba duelelwe tiro ya bone. Tota e bile, baranodi ba bone le ba bangwe ba ba dirang le bone ke baithaopi. Goreng ba tsaya matsapa a a kalo go ranolela mo dipuong di le dintsi, e bile ba dira seo jang?

a Leba Esethere 8:9 mo Baebeleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela