LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 3 ts. 4-7
  • Go Fitlhelela Batho ba Dipuo Tse Dintsi—Go Dirwa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fitlhelela Batho ba Dipuo Tse Dintsi—Go Dirwa Jang?
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Phitlhelelo e e Botlhokwatlhokwa mo Barating ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Didirisiwa Tsa go Rera—Go Dira Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Lefatsheng Lotlhe
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A1 Dikaelo Tsa go Ranola Baebele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 3 ts. 4-7

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Fitlhelela Batho ba Dipuo Tse Dintsi—Go Dirwa Jang?

“Go a tle go twe ga go na tiro e e raraaneng jaaka go ranola.”—“The Cambridge Encyclopedia of Language.”

PELE dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di ranolwa, di rulaganngwa ka kelotlhoko, go dirwa dipatlisiso di bo di kwalwa. Ka nako eo, Lephata la Bokwaledi kwa ntlokgolo ya bone kwa New York le sekaseka ka kelotlhoko gore a se se kwadilweng se boammaaruri e bile se balega sentle.a

Go tswa foo, Lephata leno le romela dikgatiso tseo kwa ditlhopheng di le dintsi tsa baranodi mo lefatsheng lotlhe—ba bontsi jwa bone ba nnang e bile ba dirang mo lefelong la puo e ba ranolelang mo go yone. Bontsi jwa bone ba ranolela mo dipuong tsa gabone. Ba tshwanetse go tlhaloganya Seesemane le puo e ba ranolelang mo go yone sentle.

Setlhopha sa baranodi se ranola

THANOLO E DIRWA JANG?

Mo ditshwantshong tseno, re bona kafa Tsogang! e ranolwang ka gone ka Se-Spain

  • Setlhopha sa baranodi kwa Spain se amogela kgatiso ka Seesemane go tswa kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States

  • Mongwe le mongwe mo setlhopheng o sekaseka kgatiso eo ka kelotlhoko

  • Pele setlhopha se simolola go ranola, se a kopana se bo se tlotla ka kgatiso ya Seesemane

  • Baranodi ba tlhomamisa gore thanolo e a utlwala, e nepile e bile e tsamaisana le Seesemane le gore go dirisitswe melao ya puo sentle

  • Fa baranodi ba feditse, ba romela se se ranotsweng kwa bogatisetsong se bo se anamisiwa

  • Babadi mo lefatsheng lotlhe ba solegelwa molemo ke tshedimosetso e e molemo ya Baebele ka dipuo tsa bone

Baranodi ba dira tiro ya bone jang?

Geraint, e leng moranodi yo o nnang kwa Boritane o tlhalosa jaana: “Ke dira le setlhopha sa baranodi ka jalo, tirisanommogo ke selo sa botlhokwa. Re batla ditsela tsa go rarabolola mathata a re kopanang le one fa re ranola. Fa re dira jalo, re leka go lemoga bokao jwa seele e seng mafoko ka bongwe. Re akanya thata ka bokao le lebaka la go bo kgatiso eo e kwadilwe e bile re nna re ikgopotsa gore e kwaletswe bomang.”

Mokgele wa lona ke eng fa lo ranola?

“Mokgele wa rona ke gore mmadi a utlwe e kete kgatiso e kwadilwe ka puo ya gagwe. Ga go a tshwanela go utlwala gore e ranotswe. Ka jalo, re dira ka bojotlhe gore puo e utlwale sentle. Seo se dira gore mmadi a itumelele go bala, go nne jaaka e kete o ja dijo tse di rokotsang mathe.”

Melemo ya go nna mo lefelong la puo e lo ranolelang mo go yone ke efe?

“Go kopana le batho ba ba buang puo ya rona go re thusa go ranola ka tsela e ba tla e tlhaloganyang. Re utlwa puo ya rona e buiwa letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, re kgona go botsa batho ba ba buang puo eno ka mafoko kgotsa mareo mangwe gore a a utlwala sentle, a a a tlhaloganyega e bile a a kgatlha. Seno se re thusa go tlhalosa se tota Seesemane se se kayang.”

Tiro ya lona e rulaganngwa jang?

“Setlhopha sengwe le sengwe se abelwa tiro nngwe. Sa ntlha, mongwe le mongwe mo setlhopheng o bala kgatiso go bona gore e kwadilwe ka boikutlo bofe, mokgwa o mokwadi a o dirisitseng le gore e kwaletswe bomang. Re ipotsa gore: ‘Setlhogo seno se kwaletswe eng? Kgangkgolo le bokao jwa sone ke eng? Nka ithuta eng mo go sone?’ Seno se re thusa go akanya ka dilo tse di farologaneng tse di ka re thusang fa re ranola.

“Go tswa foo, botlhe ba tlhalosa se ba se akanyang e bile ba ithuta mo go ba bangwe. A tota re tlhaloganya se go buiwang ka sone? Re ka latela jang mokgwa o mokwadi wa Seesemane a o dirisitseng? Maikaelelo a rona ke go dira gore kgatiso e tlhotlheletse mmadi wa puo ya rona fela jaaka mmadi wa Seesemane.”

Setlhopha se dirisana jang?

“Maikaelelo a rona ke go dira gore babadi ba tlhaloganye se se kwadilweng lekgetlo la ntlha fa ba bala. Gore re kgone go dira seo, re balela kwa godimo serapa sengwe le sengwe se re se ranotseng ka makgetlo a le mmalwa.

“Moranodi o ranolela serapa mo puong ya rona mme rona ba bangwe re kgona go bona se a se kwalang mo dikhomputareng tsa rona. Re tlhomamisa gore ga go na dikgopolo dipe tse di tlogetsweng kgotsa tse re di itsenyeditseng. Gape re sekaseka gore a se se kwadilweng se a utlwala, mafoko a kwadilwe sentle le gore a go latetswe melao ya puo. Go tswa foo, mongwe o balela serapa seo kwa godimo. Fa a kgonya, re ipotsa gore bothata e ka tswa e le eng. Fa setlhogo sotlhe se sena go ranolwa, mongwe o se balela kwa godimo fa ba bangwe ba kwala dintlha go bona gore ke dilo dife tse di ka tswang di tlhoka go baakanngwa.”

E tshwanetse ya bo e le namane e tona ya tiro!

“Ee go ntse jalo! Kwa bofelong jwa letsatsi, re a bo re lapile. Ka jalo, mo mosong fa re lapologetswe, re bala se re se ranotseng. Morago ga dibeke di le mmalwa, Lephata la Bokwaledi le re romelela diphetogo tsa bofelo tse di dirilweng mo Seesemaneng. E re ka re tla bo re lebetse go sekae ka kgatiso e re e ranotseng re e bala gape re bo re baakanya mo go tlhokegang.”

Lo dirisa didiriswa dife tsa khomputara?

“Dikhomputara ga di kgone go dira tiro jaaka baranodi. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba itiretse didirisiwa tsa go ranola tse di ba tlhofofaletsang tiro. Sengwe sa tsone ke dikishinare e mo go yone re tsenyang mafoko le dipolelwana tse di dirisiwang thata. Gape re na le sedirisiwa se sengwe se se re thusang go bona se se kileng sa ranolwa ke setlhopha sa rona sa thanolo le tsela e se rarabolotseng dikgwetlho dingwe tsa thanolo ya rona ka yone.”

Lo ikutlwa jang ka tiro ya lona?

“Re tsaya tiro ya rona e le mpho e re e nayang batho. E bile re batla gore mpho eo e nne ntle. Re itumelela gore sengwe mo website kgotsa setlhogo sengwe mo makasineng se ka ama pelo ya mmadi se bo se tokafatsa tsela e a tshelang ka yone.”

Melemo e e Nnelang Ruri

Mo lefatsheng lotlhe, batho ba le bantsi ba solegelwa molemo ke go bala dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa ka dipuo tsa bone. Tshedimosetso e e molemo e e mo dikgatisong, mo dibidiong le mo website ya bone ya jw.org e tswa mo Baebeleng. Tota e bile, mo bukeng eo e e boitshepo, Modimo, yo leina la gagwe e leng Jehofa, o re bolelela gore o batla gore molaetsa wa gagwe o bolelelwe batho “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme.”—Tshenolo 14:6.b

a Dikgatiso di kwalwa ka Seesemane.

b Fa o batla go bona dingwe tsa dikgatiso tse di kwadilweng, tsa mantswe fela le dibidio ka puo ya gago le ka dipuo tse dingwe tse dintsi, tsena mo www.pr418.com.

JW.ORG

Website ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa

Ka dipuo di feta 700

Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri

Boroutšhara jo bo gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa

Ka dipuo di feta 640

Tora ya Tebelo

Makasine o o gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa

Ka dipuo di feta 250

Tsogang!

Makasine o o gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa

Ka dipuo di feta 100

Makasine wa Tsogang! ka dipuo tse di farologaneng

“Ke a lwala. Le fa ngaka ya me e nthusitse, ke solegetswe molemo ke tshedimosetso e e mo makasineng wa Tsogang! ka puo ya me ya Malagasy. Tsogang! e nthusitse go laola bogale. Gape e ne ya umaka go ja dijo tse di siameng le go ikatisa.c Go dirisa se ke se badileng go tokafaditse botsogo jwa me.”—Ranaivoarisoa, Madagascar.

“Ngaka ya me, e leng moitse wa dikgeleswa tse di ntshang dihoromone, e dirisa ditlhogo tsa Tsogang! ya Se-Gujarati go ruta batho ba bangwe ka botsogo. Fa e sena go tlotla le baithuti kwa sekolong ka go dirisa diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang, ba ne ba re tshedimosetso e e mo Tsogang! e tlhotlheleditse borraabone gore ba se ka ba dirisa madi a mantsi go reka bojalwa mme ba a dirisetse go direla bana ba bone dilo.”—Janet, India.

c Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa dijo kgotsa kalafi. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka botsogo jwa gagwe pele a dira tshwetso ka dijo tse a di jang kgotsa thulaganyo ya go ikatisa.

Mosimane a lebile bidio ya Go Utswa go Phoso mo jw.org

Mmè mongwe kwa Angola o ne a romelela bakwadi ba Tsogang! pego eno: “Morwaake wa dingwaga di le robedi o ne a latlhegelwa ke dipensele, ka jalo a utswa tsa baithutikaene. Fa a sena go leba bidio ya Go Utswa go Phoso ka Sepotokise mo jw.org, o ne a mpolelela se a se dirileng. O ne a nkopa gore ke tsamaye le ene kwa sekolong fa a ya go kopa baithutikaene maitshwarelo le fa a ba bolelela gore goreng a busa dipensele tsa bone. Morutabana wa gagwe o ne a re letla go bontsha botlhe mo tlelaseng bidio eo. Fa baithuti ba sena go e bona, ba ne ba re ba ka se tlhole ba utswa gape.”

Monna o dirisa app ya JW Language

Sedirisiwa sa go Ithuta Dipuo!

Setshwantsho sa JW Language

Ka 2014, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba golola app ya mahala e e bidiwang JW Language e e ba thusang fa ba ruta batho Baebele ka dipuo di sele, tse di jaaka Se-Bengali, Se-China, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Se-Hindi, Se-Indonesia, Se-Italy, Sejapane, Sekorea, Se-Myanmar, Sepotokise, Se-Russia, Se-Spain, Se-Swahili, Se-Tagalog, Se-Thai le Se-Turkey. Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka app eo, tsena mo jw.org o bo o senka JW Language.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela