LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 4 ts. 3
  • Go Itirela Thulaganyo e e Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itirela Thulaganyo e e Molemo
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dira Gore Mekgwa e o Nnang le Yone e go Solegele Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Matseno
    Tsogang!—2016
  • Go Tila go Boela mo Mekgweng E E Maswe
    Tsogang!—1991
  • A go a Kgonega go Tlogela Mekgwa e e Maswe?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 4 ts. 3
Mosadi o lebile thelebishene mme o ja dijo tse di se nang dikotla

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Itirela Thulaganyo e e Molemo

  • Tshupanako e e nang le alamo

    AUSTIN o sa ntse a otsela le fa alamo e e mo tsosang e sena go didimala. Mme ka bonako fela o tsapoga mo bolaong, o apara diaparo tse a di ntshitseng pele ga a robala a bo a ya go taboga. Mo ngwageng o o fetileng, o ne a tle a dire jalo gararo mo bekeng.

  • Dimonamone

    Laurie o fetsa go ngangisana le monna wa gagwe. O ya kwa phaposing ya boapeelo a galefile e bile a betilwe ke pelo, a bo a ntsha dimonamone a di ja tsotlhe. Go lebega a dira jalo ka metlha fa a galefile.

Ke eng se Austin le Laurie ba tshwanang ka sone? Ba ka tswa ba lemoga kgotsa ba sa lemoge, boobabedi ba tlhotlhelediwa ke sengwe se se maatla—go tlwaela.

Go tweng ka wena? A o batla go nna le mekgwa mengwe e e siameng? Gongwe o ipeetse mokgele wa go ikatisa ka metlha, go robala mo go oketsegileng kgotsa go nna o ikgolaganya le batho ba o ba ratang.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, gongwe o batla go tlogela mekgwa e e sa siamang e e jaaka go goga motsoko, go ja dijo tse di se nang dikotla kgotsa go fetsa nako e ntsi mo Internet.

Boammaaruri ke gore, go thata go tlogela mekgwa e e sa siamang. Tota e bile, mekgwa e e sa siamang e tshwana le go tsena mo dikobong tse di bothitho fa go le tsididi: go motlhofo go tsena mme go thata go tswa!

Ka jalo, o ka dira jang gore mekgwa e o tshelang ka yone e go solegele molemo go na le go nna kotsi mo go wena? Ela tlhoko dikakantsho tse tharo tse di theilweng mo melaometheong ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela