LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 4 ts. 4
  • 1 Nna Tekatekano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1 Nna Tekatekano
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dira Gore Mekgwa e o Nnang le Yone e go Solegele Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Matseno
    Tsogang!—2016
  • A go a Kgonega go Tlogela Mekgwa e e Maswe?
    Tsogang!—2004
  • 2 Itirele Dilo Motlhofo
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 4 ts. 4
Mosadi o kwala lenaane

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO ITIRELA THULAGANYO E E MOLEMO

1 Nna Tekatekano

O ka nna wa batla go fetola sengwe le sengwe ka bonako mo botshelong jwa gago. O ipolelela jaana, ‘Beke eno ke tlile go tlogela go goga, go rogana, go robala bosigo thata mme ke tlile go simolola go ikatisa, go ja dijo tse di siameng le go leletsa rremogolo le mmemogolo.’ Mme fa o leka go fitlhelela mekgele yotlhe ka nako e le nngwe, ga o kitla o atlega!

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.”—Diane 11:2.

Motho yo o boingotlo o tekatekano. O a itse gore o tlhoka nako, maatla le didirisiwa. Ka jalo, go na le gore a leke go fetola dilo tsotlhe ka nako e le nngwe, o dira diphetogo ka iketlo.

Fa o leka go fitlhelela mekgele yotlhe ka nako e le nngwe ga o kitla o atlega!

SE O KA SE DIRANG

Itekanyetse morwalo. Dikgato tse di latelang di ka go thusa:

  1. Dira ‘manaane’ a mabedi. Mo go la ntlha, kwala mekgwa e e siameng e o batlang go nna le yone mme mo go la bobedi kwala mekgwa e e sa siamang e o batlang go e tlogela. Kwala sengwe le sengwe se se tlang mo mogopolong wa gago mo lenaaneng lengwe le lengwe.

  2. Rulaganya dilo tse o di kwadileng mo lenaaneng lengwe le lengwe mme o simolole ka tse di botlhokwa pele.

  3. Tlhopha mekgwa e le mmalwa—gongwe o le mongwe kgotsa e mebedi—mo lenaaneng lengwe le lengwe, mme o leke go berekela mo go yone. Fa o fitlheletse mekgele eo, dira e mengwe e e latelang.

Gore o fitlhelele mokgele wa gago ka bonako, tlogela mekgwa e e sa siamang mme o dire e e siameng. Ka sekai, fa e le gore lenaane la gago la mekgwa e e sa siamang le akaretsa go leba thelebishene thata mme la mekgwa e e siameng le akaretsa go ikgolaganya le batho ba o ba ratang, o ka swetsa ka gore: ‘Go na le gore letsatsi le letsatsi fa ke goroga kwa lapeng ke tshube thelebishene, ke tla leletsa tsala kgotsa mongwe wa losika.’

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

“Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.

“Bokhutlo jwa kgang bo botoka . . . go na le tshimologo ya yone.”—Moreri 7:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela