LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 4 ts. 5
  • 2 Itirele Dilo Motlhofo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2 Itirele Dilo Motlhofo
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 Nna Tekatekano
    Tsogang!—2016
  • Dira Gore Mekgwa e o Nnang le Yone e go Solegele Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Matseno
    Tsogang!—2016
  • A go a Kgonega go Tlogela Mekgwa e e Maswe?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 4 ts. 5
Diaparo tsa go ikatisa, diteki, botlolo ya metsi le sedirisiwa se sennye sa eleketeroniki di beilwe sentle

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO ITIRELA THULAGANYO E E MOLEMO

2 Itirele Dilo Motlhofo

  • O ipoleletse gore o tla ja dijo tse di siameng mme fa o bona aesekerimi o a e galela.

  • O sweditse go tlogela motsoko mme gangwe le gape tsala ya gago—e e itseng gore o leka go o tlogela—e go naya motsoko.

  • O rulagantse go ikatisa gompieno mme go lebega go le thata go batla ditlhako tsa go taboga!

A o kgona go bona kafa maemo ano a tshwanang ka gone? Go lemogilwe gore dilo tse di re dikologileng—maemo a re ipayang mo go one le batho ba re fetsang nako le bone—di na le seabe mo go direng gore re nne le mekgwa e e siameng le gore re tlogele e e sa siamang.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.

Baebele e re kgothaletsa gore re akanyetse kwa pele. Fa re dira jalo, re tla nna kelotlhoko go tila dilo tse di ka dirang gore go nne thata go fitlhelela mekgele ya rona e bile re tla ipaya mo maemong a a siameng. (2 Timotheo 2:22) Ka jalo, go molemo go itirela dilo motlhofo.

Dira gore go nne thata go dira se se sa siamang mme go nne motlhofo go dira se se siameng

SE O KA SE DIRANG

  • Dira gore go nne thata go dira se se sa siamang. Ka sekai, fa e le gore o batla go emisa go ja dijo tse di se nang dikotla, o se ka wa di reka. Seo se tla go thusa gore fa o raelesega go di ja, di bo di seyo.

  • Dira gore go nne motlhofo go dira se se siameng. Ka sekai, fa o batla go ikatisa mo mosong, baya diaparo tsa go ikatisa gaufi le bolao jwa gago pele o robala. Fa go le motlhofo go simolola, go tla nna motlhofo go tlwaela.

  • Tlhopha ditsala ka botlhale. Go motlhofo go tshwana le batho ba re fetsang nako le bone. (1 Bakorintha 15:33) Ka jalo, o se ka wa itsalanya le batho ba ba dirang gore go nne thata go tlogela mekgwa e e sa siamang go na le moo, batla ditsala tse di ka go thusang go nna le mekgwa e e siameng.

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

“Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”—Diane 21:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela