LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 6 ts. 4-6
  • Itshireletse Kgatlhanong le Malwetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itshireletse Kgatlhanong le Malwetse
  • Tsogang!—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 METSI
  • 2 DIJO
  • 3 DITSHENEKEGI
  • 4 DIPHOLOGOLO
  • 5 BATHO
  • Ditsela Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago
    Tsogang!—2015
  • Tsela 4—Sireletsa Botsogo Jwa Gago
    Tsogang!—2011
  • Baerase e e Bolayang e Tlhasela Kwa Zaire
    Tsogang!—1996
  • Ke Eng se se Neng sa Dira Gore Malwetse Ano a Nne Teng Gape?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 6 ts. 4-6

SETLHOGO SA KA FA NTLE | DISEASE—GO THIBELA GO TSENWA KE MALWETSE

Itshireletse Kgatlhanong le Malwetse

METSE e le mentsi ya bogologolo e ne e sireleditswe ka mabota a magolo. Fa baba ba ne ba ka thuba karolo e nnye fela ya lobota loo, motse o ne o nna mo kotsing ya go tlhaselwa. Mmele wa rona o tshwana le motse o o ageletsweng ka lobota. Fa o tlhokomela mmele wa gago, o tla nna o itekanetse sentle. Ela tlhoko dilo di le tlhano tse di ka dirang gore go nne motlhofo go tsenwa ke malwetse le kafa o ka itshireletsang ka gone.

Mosadi a tsamaya le morwadie mo marekisetsong

1 METSI

KOTSI: Metsi a a leswe a ka dira gore go nne motlhofo gore ditshedi tse dinnye tse di kotsi di tsene mo mmeleng wa gago.

TSELA YA GO ITSHIRELETSA: Go boloka motswedi wa gago wa metsi o le phepa go ka go sireletsa kgatlhanong le malwetse. Fa o itse kgotsa o belaela gore motswedi wa gago wa metsi o kgotletswe, o ka phepafatsa metsi ao kwa gae gore o kgone go a a nwa.a Boloka metsi a a nowang mo kgamelong e e khurumeditsweng mme o ge metsi ka jeke kgotsa ka sedirisiwa se se phepa. O se ka wa tsenya diatla mo metsing a a phepa. Fa go kgonega, o tshwanetse go nna mo lefelong le le nang le mekgwa e e siameng ya go tsamaisa leswe gore le se ka la kgotlela metsi a batho ba a a nwang.

2 DIJO

KOTSI: Ditshedi tse dinnye tse di kotsi di ka tswa di le mo teng kgotsa mo godimo ga dijo tse o di jang.

TSELA YA GO ITSHIRELETSA: Dijo tse di kgotletsweng di ka lebega di le foreshe e bile di na le dikotla. Ka jalo, itlwaetse go tlhatswa maungo le merogo. Netefatsa gore dilo tse o bayang dijo mo go tsone, kitšhene le diatla tsa gago di phepa pele o apaya kgotsa o tshola dijo. Dijo dingwe di tlhoka go apewa ka themperetšha e e rileng gore e bolaye megare e e kotsi. Ikele tlhoko kgatlhanong le dijo tse di fetogileng mmala, tse di sa nkgeng sentle kgotsa tse di nang le tatso e e bosula ka gonne seo ke letshwao la gore go na le masole a a kotsi a a emeng sejaro go go tlhasela. Tsenya dijo mo setsidifatsing ka bonako fela fa o feditse ka tsone. Tila go apeela batho fa o lwala.b

3 DITSHENEKEGI

KOTSI: Ditshenekegi dingwe di na le megare e e kotsi mme di ka go tshwaetsa ka yone.

TSELA YA GO ITSHIRELETSA: Fa o itse gore go na le ditshenekegi tse di nang le malwetse mo lefelong le o leng mo go lone, apara diaparo tse ditelele kgotsa o tile go tswela kwa ntle. Tsenya nete fa o robala mme o dirise sedirisiwa sa go koba ditshenekegi. Tila mafelo a metsi a one a emeng felo go le gongwe ka gonne go nna motlhofo gore mentsane e ate mo go one.c

4 DIPHOLOGOLO

KOTSI: Go na le megare e e seng kotsi e e nnang mo teng ga diphologolo mme gone e ka nna kotsi mo go wena. Fa phologolo e go lomile kgotsa e go ngapile kgotsa mantle a yone a tletsetletse, o ka nna mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse.

TSELA YA GO ITSHIRELETSA: Batho bangwe ga ba letle diphologolo tsa mo lapeng go tsena mo ntlong gore di se ka tsa ba tsenya malwetse. Tlhapa diatla ka sesepa fa o sena go tshwara phologolo ya mo lapeng mme o tile go tshwara diphologolo tsa naga. Fa phologolo e go lomile kgotsa e go ngapile, tlhapa ntho eo mme o ye go bona ngaka.d

5 BATHO

KOTSI: Megare mengwe e ka tsena mo mmeleng wa gago fa o na le motho mme a gotlhola kgotsa a ethimola. Gape e ka anama fa o tlamparela motho kgotsa o mo tshwara ka diatla. Megare e e tswang mo bathong ba bangwe e ka nna mo dilong tse di jaaka setswalo, ditepisi, thelefouno, remouto kgotsa khomputara.

TSELA YA GO ITSHIRELETSA: O se ka wa adimisana ka dilo tse di jaaka legare, boratšhe jwa meno kgotsa toulo. Tila go tshwara mofufutso wa phologolo kgotsa wa batho ba bangwe, go akaretsa le madi kgotsa sepe fela se se tswang mo mading. Tlhomamisa gore o tlhapa diatla ka sesepa nako le nako. Gongwe ke yone tsela e e di gaisang tsotlhe ya go thibela megare gore e se ka ya anama.

Fa go kgonega, nna kwa gae fa o lwala. Mokgatlho wa U.S. wa go Laola Malwetse Le go A Thibela o akantsha gore o ethimolele mo thishung kgotsa mo seaparong sa gago e seng mo diatleng.

Seane sa bogologolo se a re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Ruri mafoko ao a boammaaruri tota gompieno ka gonne re tshela mo lefatsheng le le nang le malwetse a a kotsi thata! Ka jalo, itlwaetse go etela mafelo a tsa kalafi go bona tshedimosetso mme o tile masetlapelo ka go tsaya dikgato go itshireletsa mo malwetseng. Nonotsha masole a gago a mmele mme o tile dikotsi tsa go tsenwa ke malwetse!

a Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o buelela mekgwa ya go phepafatsa metsi kwa gae, e e akaretsang go dirisa jiki, go baya metsi mo letsatsing le le mogote ka lobaka lo loleele, go a tlhotlha le go a bedisa.

b Go bala tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go boloka dijo di le phepa, bona Tsogang! ya June 2012, tsebe 3-9.

c Go bona mekgwa e e rileng ya go lwantshana le malaria, bona Tsogang! ya July 2015, tsebe 14-15.

d Fa o lomilwe kgotsa o gobaditswe ke phologolo e e nang le botlhole, o tlhoka go ya bookelong kgotsa go bona ngaka ka bonako.

Kafa o ka Itshireletsang ka Gone fa go Runtse Bolwetse Jwa Leroborobo

Mosadi a tlhapa diatla

Ka 2014, baerase ya Ebola e ne ya anama ka bonako go ralala Afrika Bophirima mme e ne ya nna kgang e e kwa setlhoeng mo lefatsheng lotlhe. Diofisi tsa Basupi ba ga Jehofa mo mafelong ao di ile tsa tlhoma lefapha la tshedimosetso le le ileng la thusa batho ba le bantsi go fokotsa kotsi ya go tsenwa ke baerase eo. Baemedi ba Basupi ba ga Jehofa ba tlhalosa kafa ba ileng ba tsibogela maemo ao ka gone.

  • Motho a ruta batho

    Lo ile lwa thusa jang batho go tlhaloganya kotsi e ba neng ba lebane le yone?

    Re ile ra tila go tshosa batho le go ba tlhakanya tlhogo mme ra tlhoma matsholo a a kgethegileng kwa mafelong a batho botlhe. Ka nako eo, re ile ra ba tlhalosetsa kafa baerase eno e anamang ka gone le go ba tlhagisa kgatlhanong le mekgwa e ba tshwanetseng go e tila.

  • Motho a tlhapa diatla

    Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsaya dikgato dife?

    Re ne ra tsaya themperetšha ya batho ba ba tlang kwa mafelong a re kopanelang kwa go one re dirisa motšhini o o kgonang go tsaya themperetšha ya motho a le kgakala. Batho ba ne ba tila go tshwarana ka matsogo kgotsa go tlamparelana mme ba ne ba tlhapa diatla nako le nako. Mo mafelong mangwe, re ne re baya didirisiwa tsa go tlhapa diatla tse di nang le metsi a jiki.

  • Founu mo ntlong

    Lo ile lwa kgona jang go tswelela lo tshwara dipokano tsa lona le go tswelela ka tiro ya go ruta batho Baebele?

    Mo mafelong mangwe, puso e ne e laetse gore batho ba ba nang le baerase eno ba tsenngwe mo lefelong le le rileng ka lobaka lwa nako gore ba fole, ka jalo, go ne ga feta lobakanyana re sa tshware dipokano tsa rona. Mo mafelong ao, malapa a ne a kopana mmogo go obamela Modimo. Bangwe ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele ka founo.

  • Khalendara

    Lo ne lo dira eng fa lo bona motho a na le matshwao a gore o na le baerase eo?

    Re ne re itsise badiredi ba puso. Motho ope fela yo o kileng a kopana le motho yo o nang le Ebola, a kile a ya phitlhong ya motho yo o bolailweng ke baerase eno kgotsa a na le matshwao a yone, o ne a nna a le esi ka malatsi a le 21, e leng nako e motho a tshwanetseng go e nna fa a na le baerase eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela