LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 5/8 ts. 27-29
  • Baerase e e Bolayang e Tlhasela Kwa Zaire

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baerase e e Bolayang e Tlhasela Kwa Zaire
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolwetse jo bo Bolayang
  • Go Thibela Kgogodi go Anama
  • Go Senka Motswedi
  • Kgogodi e a Nyelela
  • Tharabololo Ke Eng?
    Tsogang!—1996
  • ‘Dikgogodi tsa Bolwetsi mo Mafelong Mangwe le Mangwe’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • AIDS—Bothata Jo Bogolo jwa Basha
    Tsogang!—1991
  • Aids—Kafa O ka E Lwantshang ka Teng
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 5/8 ts. 27-29

Baerase e e Bolayang e Tlhasela Kwa Zaire

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA AFRIKA

KIKWIT, kwa Zaire, ke toropo e e ikadileng fa thoko ga sekgwa sa pula sa boboatsatsi. Gaspard Menga Kitambala, wa dingwaga tse 42, yo o neng a nna ka kwa ntle ga toropokgolo eno, e ne e le ene fela Mosupi wa ga Jehofa mo lelapeng la gaabo. Menga e ne e le morekisi wa magala. O ne a a direla mo tengteng ga sekgwa, a a dira dingata a bo a a rwala ka tlhogo a a isa kwa Kikwit.

O ne a simolola go lwala ka January 6, 1995. O ne a wa gabedi fa a ya gae a tswa kwa sekgweng. E ne ya re fa a goroga kwa gae a bolela gore o opiwa ke tlhogo e bile o na le letshoroma.

Boemo jwa gagwe bo ne jwa nna maswe thata mo malatsing a sekae a a latelang. Ba lelapa la gagwe ba ne ba mo isa kwa Kikwit General Hospital ka January 12. Basupi ba phuthego ya ga Menga ba ne ba thusa ba lelapa la gagwe go mo tlhokomela fa a le kwa kokelong. Se se botlhoko ke gore boemo jwa gagwe bo ne jwa nnela maswe kwa pele. O ne a simolola go tlhatsa madi. Madi a ne a tswa ka dinko le ka ditsebe a sa kgaotse. O ne a tlhokafala ka January 15.

Ka bonakonyana fela ke fa ba lelapa la ga Menga ba ba neng ba amile mmele wa gagwe ba simolola go lwala. Mo tshimologong ya March, go ne go setse go sule batho ba le 12 ba lesika la ga Menga, go akaretsa le mosadi wa gagwe le bana ba babedi mo baneng ba barataro ba bone.

Fa April a le fa gare badiri ba kokelo le ba bangwe ba ne ba simolola go lwala le go tlhokafala fela jaaka Menga le ba lelapa la gagwe. Bolwetse jono bo ne jwa anamela ka bonako kwa ditoropong tse dingwe gape tse pedi mo kgaolong eo. Go ne go bonala sentle gore ba ne ba tlhoka go thusiwa go tswa ka kwa ntle.

Porofesa Muyembe, moithutadibaerase yo mogolo wa kwa Zaire, o ne a ya kwa Kikwit ka May 1. Moragonyana o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Re ne ra swetsa gore Kikwit e ne e tlhasetswe ke dikgogodi tse pedi: e nngwe e ne e le letshololo le le neng le bakiwa ke baketeria mme e nngwe e ne e le letshoroma le motho a dutlang madi le le bakiwang ke baerase. Gone mme re ne re tshwanetse go tlhomamisa gore seno se ntse jalo. Ka jalo, re ne ra goga madi mo balwetseng bangwe mme ra a romela go ya go tlhatlhobiwa kwa Centers for Disease Control (CDC) kwa Atlanta, kwa U.S.A.”

CDC e ne ya tlhomamisa gore pelaelo ya ga Muyembe le dingaka tse dingwe tsa kwa Zaire e ne e le boammaaruri. Bolwetse jono e ne e le jwa Ebola.

Bolwetse jo bo Bolayang

Baerase ya Ebola e setlhogo tota. E kgona go bolaya ka bonako. Ga e na mokento, e bile ga go na kalafi e e ka newang ba e ba tlhasetseng.

Ebola e ne ya lemogiwa la ntlha ka 1976. E theeletswe ka noka nngwe kwa Zaire mme e ne ya tlhasela la ntlha kwa borwa jwa Sudan mme moragonyana ga foo kwa bokone jwa Zaire. E ne ya itaya gape go le gonnye ka 1979 kwa Sudan. Morago ga foo, kwa ntle ga batho ba sekae fela ba ba neng ba bolawa ke malwetse a a batlileng a tshwana le Ebola, bolwetse jono bo ne jwa fetsa dingwaga bo nyeletse.

Ebola e bolaya tota mo baitsesaense ba kwa Atlanta ba e ithutelang mo laboratoring e e sireletsegileng tota e e nang le didirisiwa tsa go fetlha mowa tse di thibelang megarenyana e e ka nnang mo moweng gore e se ka ya tswa. Baitsesaense ba itshireletsa ka go apara “diaparo tsa batsamaisadisutlhalefaufau” pele ba tsena mo laboratoring. Ba tlhapa ka sebolayamegare fa ba tsamaya. Ditlhopha tsa dingaka tse di neng tsa ya kwa Kikwit di ne di tshotse diaparo tsa go itshireletsa—ditlelafo le dithibadinko tse di latlhiwang fa o sena go di dirisa, digalase tsa matlho le dioborolo tse di kgethegileng tse di neng di thibela baerase eno go ba tsena.

Go farologana le seno, bontsi jwa baagi ba Kikwit ba ne ba sa itse sepe e bile ba sena didirisiwa tsa go itshireletsa. Ba bangwe ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing ba ntse ba itse kana ba ne ba swa ba leka go tlhokomela balwetse ba bone ba ba ba ratang. Ditsala le ba losika ba ne ba belega balwetse le baswi mo mekwatleng kana mo magetleng ba sa itshireletsa ka gope. Go ne ga felela ka gore go swe batho ba bantsi; baerase eno e ne ya nyeletsa malapa.

Go Thibela Kgogodi go Anama

Batho ba ditšhaba di sele ba ne ba ntsha madi le didirisiwa tsa kalafi go thusa batho ba Kikwit ba ba neng ba ikuela gore ba thusiwe. Ditlhopha tsa babatlisisi di ne tsa tla ka difofane go tswa kwa Yuropa, Afrika Borwa le United States. Ba ne ba tla ka maikaelelo a mabedi: sa ntlha, go thusa go thibela gore kgogodi eno e se ka ya anama; sa bobedi, go batlisisa gore baerase eno e iphitlha kae morago ga kgogodi nngwe le nngwe.

Go thusa go thibela kgogodi eno, badiredi ba boitekanelo ba ne ba tsamaya le mebila ba batla ope fela yo o ka neng a na le matshwao a gore o tshwerwe ke bolwetse jono. Balwetse ba ne ba tseelwa kwa kokelong, koo ba neng ba bewa ba le nosi e bile ba tlamelwa ka tsela e e babalesegileng. Ba ba neng ba swa ba ne ba potokiwa ka polasetiki ba bo ba fitlhwa ka bonako.

Go ne ga ntshiwa letsholo le legolo la go ruta badiredi ba tsa boitekanelo mmogo le batho fela ka bolwetse jono. Mo melaetseng eno batho ba ne ba tlhagisiwa thata kgatlhanong le go dirisa mekgwa e e kafa ngwaong ya go boloka baswi, eo ba lelapa ba tshwarang setopo le go se tlhapisa.

Go Senka Motswedi

Baitsesaense ba ne ba batla go itse gore baerase eno e ne e tswa kae. Seno ke se se itsiweng: Dibaerase ga se ditshedi tse di itshelelang ka botsone, tse di kgonang go ja, go nwa le go ikatisa fela ka botsone. Gore di kgone go tshela le go ikatisa, di tshwanetse go tsena le go nna mo diseleng tse di raraaneng tse di tshelang.

Fa baerase e tsena mo phologolong, gantsi di tshela mmogo sentle fela—phologolo ga e bolaye baerase le baerase ga e bolaye phologolo. Mme fa motho a ka amana le phologolo mme ka tsela nngwe baerase eo ya tsena motho yoo, baerase eo e ka mmolaya.

Baitsesaense ba akanya gore, e re ka baerase ya Ebola e bolaya batho le ditshwene ka bonako, go raya gore baerase eno e tshwanetse ya bo e nna mo setsheding sengwe. Fa badiredi ba bagolo ba boitekanelo ba ka itse gore baerase eno e nna mo setsheding sefe, ba tla kgona go tsaya dikgato tsa go e thibela gore e se ka ya tlhola e tlhasela gape mo isagweng. Potso e e senang karabo kaga Ebola ke gore, Baerase eno e nna kae morago ga kgogodi nngwe le nngwe?

Go araba potso eno, babatlisisi ba tshwanetse go itse motswedi wa baerase eno. Maiteko a go batla phologolo e e nnang mo go yone morago ga tlhaselo e e fetileng a ile a se ka a atlega. Lefa go ntse jalo, kgogodi ya kwa Kikwit e ne ya ba naya tshono nngwe e ntšha.

Baitsesaense ba ne ba dumela gore motho wa ntlha yo o bolailweng ke kgogodi eno kwa Kikwit e ne e le Gaspard Menga. Mme gone bolwetse jono bo ne bo mo tsene jang? Fa e le gore bo ne bo tswa mo phologolong nngwe, tota e ne e le phologolo ya mofuta ofe? Gone mme, karabo e ka bonwa kwa sekgweng se Menga a neng a berekela kwa go sone. Ditlhopha di ne tsa baya diru di le 350 mo mafelong a Menga a neng a direla magala a gagwe teng. Ba ne ba tshwara dipeba, dirunya, digwagwa, bommantseane, dinoga, menang, diboba, dikgofa, ditshitshiri, dinta, diboko le matsetse—diphologotswana di le 2200 le ditshenekegi di le 15 000. Baitsesaense ba ba apereng diaparo tsa go itshireletsa ba ne ba bolaya diphologolo tseno ka gase e e idibatsang. Ba ne ba romela dithishu tsa tsone kwa United States, koo di neng tsa tlhatlhobiwa gore a di na le baerase.

E re ka mafelo a baerase e ka iphitlhang mo go one a le mantsi thata, tota ga go tlhomamisiwe gore a motswedi wa yone o tla bonwa. Dr. C. J. Peters, yo o okametseng lephata le le kgethegileng la CDC la ba ba ithutang ka megare e e bakang bolwetse o ne a re: “Tota ga ke akanye gore kgonego ya gore re ka bona kwa Ebola e iphitlhang teng e ka lekana le kgonego ya gore re se ka ra e bona mo lobakeng lono.”

Kgogodi e a Nyelela

Go ne ga bolelwa semmuso ka August 25 gore kgogodi eno e nyeletse, go ne go fetile malatsi a le 42 go sena bape ba basha ba e ba tshwerweng, go fetile lebaka le le imenneng gabedi le e reng fa e go tsene e bo e itshupa mo go lone. Ke eng fa bolwetse jono bo ile jwa se ka jwa anama thata? Lebaka le lengwe ke maiteko a ditšhaba tse di kwa ntle di neng tsa a dira go thibela kgogodi eno. Lebaka le lengwe le le neng la dira gore bo kgaotse ke gore bolwetse jono ka bojone bo maswe thata. Lebaka la gore bo tsena motho ka bonako le go mmolaya ka bonako e bile bo tsena motho fela fa a ka atamalana thata le yo bo mo tshwereng, le ne la dira gore bo se ka jwa tshwara batho ba bantsi thata.

Direkoto tsa semolao di supa gore bolwetse jono bo ne jwa tsena batho ba le 315 mme ga swa ba le 244—go sule diperesente di le 77. Gone jaanong Ebola e kgaoditse. Mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa e tla bo e seyo gotlhelele. (Bona Isaia 33:24.) Mo lobakeng lono, batho ba ipotsa seno, ‘A Ebola e tla boa e bolaya batho gape?’ Gongwe. Mme ga go na yo o itseng gore e tla tlhasela kae kana leng.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Kgogodi Le Malwetse A Mangwe

Ebola e a bolaya, lefa go ntse jalo, malwetse a a bolayang Baafrika thata ke a go sa buiweng thatathata ka one. Ka nako ya fa kgogodi eno e ntse e tsweletse, malwetse a mangwe a ne a tlhasela batho fela ka tidimalo. Go ile ga begiwa gore bosheng jaana batho ba le 250 ba ne ba tlhaselwa ke polio dikilometara di le makgolo a le mmalwa go ya kwa botlhaba jwa Kikwit. Go ela kwa bokonebophirima batho ba ne ba tlhaselwa ke mofuta o o bolayang wa kholera kwa Mali. Kwa borwa, kwa Angola, batho ba le 30 000 ba ne ba tshwarwa ke bolwetse jwa kotselo. Diketekete tsa batho di ne tsa bolawa ke bolwetse jwa go ruruga letha la boboko mo dikarolong tse dintsi tsa Afrika Bophirima. The New York Times e ne ya re: “Baafrika ba ipotsa gore ke eng fa dilo tse di tshwenyang letsatsi le letsatsi [mo Afrika], tse bontsi jwa tsone e leng malwetse a a ka thibelwang di se ka di tshwenya digakolodi tsa batho ba ba mo lefatsheng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Baitsesaense ba le mo tirong ya go batla go itse kwa baerase eno e e bolayang e tswang teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela