Tharabololo Ke Eng?
“GO NA na le tumelo e e golang ya gore boitekanelo jwa batho, kgotsa le eleng go falola ga rona re ntse re tshela jaaka lotso lwa batho, go tla ikaega ka bokgoni jwa rona jwa go lemoga malwetse a a nnang gone . . . . Go ne go tla diragalang ka rona fa HIV e ne e le ditwatsi tse di bakang bolwetse tse di tsamaisiwang ke phefo? Re itse jang gore bolwetse bongwe jo bo tshwanang le jono bo ka se dire jalo le mo isagweng?” jaaka fa D. A. Henderson—yo o neng a thusa thata mo kalafong ya sekgwaripana a ne a bua le setlhopha sa baitseanape kwa Geneva, kwa Switzerland, ka 1993.
Go ka lemogiwa jang malwetse ano a a nnang gone? Thulaganyo ya go tlhagisa batho go sa le gale kaga dikgogodi tsa bolwetse tsa kwa dinageng tsa boboatsatsi e dirwa ke dilaboratori tse 35 tse di begelang World Health Organization (WHO). Lefa go ntse jalo go sekasekwa ga dilaboratori tseno go bontshitse gore ke disekae fela mo go tsone tse di ka kgonang go supa bolwetse jwa kwa Japane jwa go ruruga ga boboko, di-hantavirus, le letshoroma la Rift Valley—ano otlhe ke malwetse a a bolayang. Ke diperesente di le 56 fela tseo di neng tsa lemoga bolwetse jwa yellow fever, baerase e e bakwang ke go longwa ke monang eo e dirang gore motho a tlhatse, go koafala sebete, le go dutlela madi kafa teng. Ka 1992, kwa Kenya, go ne go setse go tlhokafetse batho ba le 28 ka ntlha ya bolwetse jwa yellow fever pele ga dingaka di lemoga gore bo bakwa ke eng. Ba ne ba fetsa dikgwedi tse thataro ba ithaya ba re ba lwantsha bolwetse jwa malaria.
Bokoa jo bongwe jwa babatlisisi ke gore ga ba kgone go lemoga malwetse a baerase a a nnang gone ka iketlo. Ka sekai, HIV e ka kgona go iphitlha mo mothong, mme a e tshele ba bangwe, mme morago ga dingwaga di le lesome e fetoge bolwetse jwa AIDS. Bolwetse jwa AIDS bo ile jwa ama palo e kgolo go feta selekanyo ya batho ka nako e le nngwe fela mo dikontinenteng tse tharo mme jwa tlhasela merafe e e farologaneng e le 20 ka bofefo. Boammaaruri ke gore ga go na tlhagiso e e neng ya ntshiwa go sale gale ka seo!
Lefa go na le mathata ao, baitseanape ba bantsi ba santse ba lebile bokamoso ka tsholofelo, ba bua ka dilo tse dikgolo tse ba di fitlheletseng le kgatelopele e ruri e tla tlang mo dingwageng tse di tlang. International Herald Tribune e ne ya bega jaana: “Baitseanape ba bantsi ba re selo se tota se ka atlegisang dilo ke tegenoloji ya thutatshelo eo e leng tiro ya go fetofetola tsela e sele e e tshelang e ntseng ka teng. Ba akanya go dira disele tse di nang le sebolayaditwatsi, seo e leng losika lo losha lwa dijine tse di fetotsweng tse di tla bolayang megare.”
Lefa go ntse jalo, go na le dilo tse di sa rategeng ka seno. Boitseanape jwa go fetola dijine bo ile jwa dirisiwa mo go tsenyeng dijine mo baeraseng e e seng kotsi e le gore baerase eno e kgone go fetisetsa dijine mo bathong. Tegenoloji eno e ka kgona go dirisiwa sentle, gongwe tota le eleng go dira gore go kgonege go dira dibolayamegare tse di dirilweng ka go fetolwa ga dijine. Mme gape tegenoloji eno e ka dirisiwa ka maikaelelo a a sa siamang.
Ka sekai, gongwe go ka kgonega gore dijine tse di tswang mo baeraseng ya Ebola di lomaganngwe ka kotsi kana ka boomo le baerase e e tshwanang le ya foluu kana ya mokwana. Ka jalo dibaerase tseo di ka tshelanwa ka go gotlhola kana go ethimola. Dr. Karl Johnson yo o ileng a batlisisa ka nako e telele kaga dibaerase tseno tse di tshwanang le Machupo le Ebola, o ne a re go ka nna ga nna le nako eo “motho yo o sa tseyeng sentle mo tlhaloganyong a ka tsayang didirisiwa tsa gagwe tse di jang didolara di le dikete disekae fela mme a tseye kitso ya gagwe ya thutotshelo ya maemo a a kwa godimo mme a dire megare e e kotsi go feta baerase ya Ebola.” Baitseanape bangwe ba thutotshelo le bone ba tshogile ka tsela e e tshwanang.
Tharabololo
Go rarabolola mathata a bolwetse jo bo tshelanwang ga se kgang fela ya go dira diokobatsi tse disha. Go akaretsa go rarabolola mathata a a bakang bolwetse joo, mathata a lehuma, ntwa, bofaladi, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, ditoropokgolo tse di tletseng thata ka batho, botshelo jo bo sa itekanelang, kgotlelo, le go senya tikologo. Bua boammaaruri fela. A o akanya gore batho ba ka kgona go rarabolola mathata a a raraaneng ano?
Lefoko la Modimo le re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” Mme jaanong re tshwanetse go ikanya mang? Lokwalo lono lo tswelela jaana: “Go sego ene yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, e leng mo go Jehofa Modimo wa gagwe; o o dirileng legodimo le lefatshe.” Ke Jehofa fela, Mmopi wa batho, yo o ka kgonang go rarabolola mathata a a masisi ano a a aparetseng lotso lwa batho.—Pesalema 146:3-6.
Fa Baebele, Lefoko la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng, le bua ka boporofeti jo bogolo jwa ga Jesu mabapi le “sesupo . . . sa bokhutlo jwa lefatshe,” le boleletse pele gore go tla nna le malwetse a mantsi a a tla tlhagelang kokomana eno ya rona. Jesu o rile: ‘Mo mafelong mangwe le mangwe go tla nna . . . dikgogodi tsa bolwetsi.’—Mathaio 24:3-8; Luke 21:10, 11, mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Lefa go ntse jalo, Baebele gape e bontsha gore mo nakong e e tlang mo pusong ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng “monni wa gone ga a kitla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24; Mathaio 6:9, 10) Ka gone batho ba ba ikanyang Jehofa ba na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore go ise go ye kae batho ba ba utlwang molao ba tla gololwa ka bosakhutleng eseng fela mo malwetseng ano a a bolayang batho mme tota le eleng mo mathateng a a bakang malwetse ano. Bakeresete ba boammaaruri ba anaanela maiteko a tsa kalafi a go lwantshana le megare eno e e bolayang. Lefa go ntse jalo, ba a itse gore tharabololo ya mmatota ya go fedisa bolwetse le loso e tla dirwa ke Modimo, yo o “fodisang malwetse a gago otlhe fela.”—Pesalema 103:1-3; Tshenolo 21:1-5; 22:1, 2.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Baebele e solofetsa gore go tla tla nako e go senang ope yo o tla reng, “ke a bobola”