‘Dikgogodi tsa Bolwetsi mo Mafelong Mangwe le Mangwe’
DIKGOGODI tsa bolwetsi tse dikgolo ka selekanyo se se ka se kang sa lekanngwa le sepe e ne e le karolo e e neng ya bolelelwa pele ya “seshupo sa go tla ga [Jesu Keresete] le sa bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3) Mokwadi wa Efangele Luke o oketsa ka ntlha eno eo dipego tsa ga Mathaio le Mareko di sa e umakeng. (Mathaio, kgaolo 24, le 25; Mareko, kgaolo 13) Go tlhagoga ga dikgogodi tsa bolwetsi le malwetsi a a senyang di ne di tla diragala “go tswa mo lefelong le lengwe go ya mo go le lengwe” mo metlheng ya bofelo. (Luke 1:3; 21:11, NW) Malwetsi a a ntseng jalo a ne a tla bo a tswa kae?
“Borasaense ba itse ka malwetsi mangwe a le mmalwa a a leng mo dinageng tsa boboatsatsi—ao fa a ka tsosiwa ke maemo a tlholego—a ka bolayang matshelo a mantsi a a fetang ao a tla bolawang ke kgogosi ya AIDS,” go bolela jalo lokwalopaka lwa Science News. “Le eleng lefa lenane la malwetsi a lefatshe le ka se ka la oketsega, babatlisisi ba bolela gore dinaga tsa boboatsatsi di setse di na le malwetsi ‘a a maatla’ a a lekaneng go bolaya karolo e kgolo ya baagi ba Lefatshe.”
Selo se se dirang gore motlha wa rona o tlhaselwe bonolo ke go oketsega thata ga baagi le dilo tse dintsi tse di tlhokegang mo dinageng tse baagi ba nnang ba pitlagane mo go tsone. “Hisitori e bontsha gore go ne go tlhagoga malwetsi a a tshosetsang go bolaya batho gantsi fa batho ba ne ba fudugela mo nageng e e iseng e nniwe pele ga foo kana fa botshelo jwa kwa ditoropong bo ne bo senyega ka ditsela tseo di neng di dira gore go nne le malwetsi a mangwe a masha,” go bolela jalo Science News. Fa batho ba ntse ba ya kwa mafelong a a tletseng ka malwetsi ao pele go neng go sa nniwe kwa go one, gantsi go nna le dikgogodi tse disha tsa bolwetsi. Selo se se tshwanang se a diragala fa ditshenekegi di fofela kwa mafelong a mangwe ka ntlha ya go fetoga ga tlimate ya lefatshe. “Mo godimo ga moo,” go bolela jalo makasine oo, “boranyane jwa segompieno jwa kalafi jaaka go tshelwa madi le go jalelelwa dirwe bo ile jwa naya malwetsi mokgwa o mosha wa go fetela mo bathong ba bangwe. Go ntse fela jalo le ka go fetoga ga maemo a loago le a boitshwaro, goo go bakiwang ke go tsaya maeto a mantsi mo lefatsheng lotlhe ga bahumi le batho ba ba itsegeng thata go ya go go amoganwa ga dinalete ga bao ba tshwakgotsweng ke diokobatsi.”
“Hisitori ya bosheng e re bolelela ka dikao tse di maswe thata tsa malwetsi a a leng mo mafelong a a kwa thoko tse di supang fa go ka nna le dikgogodi tse dikgolwane mo isagweng,” setlhogo seo se oketsa jalo. Dikao tseo ke: bolwetsi jo bo neng bo sa itsiwe pele jwa Marburg, bolwetsi jo bo bolayang jwa dinaga tsa boboatsatsi joo bo neng jwa tshwara borasaense ba le bantsi kwa Jeremane Bophirima kwa bokhutlong jwa bo 1960; bolwetsi jo bo neng bo baka letshoroma la Rift Valley leo le neng la tshwaetsa dimilione mme la bolaya diketekete kwa Egepeto ka 1977; bolwetsi jwa Ebola jwa dinaga tsa boboatsatsi jo bo neng jwa tshwaetsa batho ba ba fetang sekete kwa Zaire le Sudan ka 1976 mme jwa bolaya ba le 500, bao bontsi jwa bone e neng e le dingaka le baoki ba ba neng ba alafa batho ba ba tsenweng ke bolwetsi jono.
Ke ka sewelo go bonelwang pele gore go tlile go tla bolwetsi jo bo bolayang setlhogo. “Ka sekai, ka 1918, go ne ga tlhagoga letshoroma le le neng la anama le kgolokwe yotlhe le le neng le senya dinonofo tsa tlholego tse motho a di ruileng, le le neng la bolaya batho ba ba fopholediwang go dimilione di le 20,” go bolela jalo Science News. “Bosheng jaana, go tlhagoga ga bolwetsi bongwe joo pele bo neng bo tshwara fela ditshwene tsa mo Afrika bo ne jwa tshwara lefatshe le itebetse gape. Bolwetsi jwa AIDS jaanong bo tshwaeditse batho ba le dimilione tse 5 go ya go di le 10 mo dinageng tse 149, go ya ka dipalo tse di fopholediwang tsa World Health Organization. Mme lemororo kgogodi eno ya bosheng e ile ya gapa tlhokomelo e kgolo jalo, go santse go na le dilo dingwe tse di tshosang tse di tla diragalang eleng selo seo ba ba ithutang ka dikgogodi tsa malwetsi ba se boifang.”
Lemororo dikgogodi tsa malwetsi di tshwenya maikutlo thata, ke karolo ya sesupo se se dikarolo dintsi sa gore Jesu o teng o a galalela mo Bogosing, se se diragalelang gongwe le dikarolo tse di tshwanang le dintwa, mauba, le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe. (Mareko 13:8; Luke 21:10, 11) Dikarolo tseno gape di dira gore re itumele, ka go bo Luke o oketsa ka mafoko ano a ga Jesu: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”—Luke 21:28.