LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 3 ts. 16
  • Boboa Jwa Otter ya Lewatle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boboa Jwa Otter ya Lewatle
  • Tsogang!—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2017
  • Tirisosaense Ya Maemo A A kwa Godimo ya Bera E Tshweu
    Tsogang!—1991
  • Lewatle le le Tlhomologileng—Mme le Sule!
    Tsogang!—2008
Tsogang!—2017
g17 no. 3 ts. 16
Otter ya lewatle

A BO TLHAMILWE?

Boboa Jwa Otter ya Lewatle

BONTSI jwa diphologolo tse di nnang mo metsing a a tsididi thata di na le mafura a mantsi mo teng ga letlalo, a a di thusang go nna di thuthafetse. Go na le sengwe se se thusang otter ya mo lewatleng go nna e thuthafatse—boboa jwa yone jo bontsi.

Akanya ka seno: Boboa jwa otter bo bontsi e bile bo kgotlhagane thata go gaisa jwa diphologolo tse dingwe tsotlhe. Fa e thuma, boboa jwa yone bo tswalela moya o montsi gore o se ka wa tswa. Moya oo o dira gore metsi a se ka a kolobetsa letlalo la yone mme seo se dira gore e se ka ya sitwa.

Baitsesaense ba re go na le sengwe se re ka se ithutang mo boboeng jwa otter ya mo lewatleng. Ba lekeleditse bokgoni jwa boboa joo ba dirisa mefuta e e farologaneng ya boboa jo bo itiretsweng, jwa boleele jo bo farologaneng le jo bo sa kgotlhaganang thata. Ba ile ba swetsa ka go re “fa moriri o kgotlhagane thata e bile o le moleele, seo se dira gore letlalo le nne le omile kgotsa le se ka la koloba.” Ruri di-otter tsa mo lewatleng di na le seaparo se se gakgamatsang!

Babatlisisi ba solofela gore se ba se fitlheletseng se tla dira gore baitse ba thekenoloji ba kgone go tlhama le go dira matsela a a sa kolobeng. Go ka nna botoka gore batho ba ba thumang ka fa tlase ga lewatle ba direlwe seaparo se se nang le boboa jo bontsi se se tshwanang le sa otter ya lewatle.

O akanyang? A bobowa jwa otter ya lewatle jo bo dirang gore e nne e thuthafetse bo itlhagetse fela? Kgotsa a bo tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela