Tirisosaense Ya Maemo A A kwa Godimo ya Bera E Tshweu
BERA e tshweu e ka kgona go ruta motho go le gontsi thata kaga go dirisa maatla a letsatsi, go ya ka borasaense bangwe. Ra-physics Richard E. Grojean o ne a kgatlhiwa thata ke kgopolo eno mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1970, morago ga go sena go lemogiwa sengwe se se kgatlhisang kaga diphologolo tse ditshweu tsa kwa Arctic.
Babadi ba diphologolo ba Canada ba ne ba lemoga gore ba ne ba sa kake ba tsaya ditshwantsho tse di tlwaelegileng tsa diphologolo tseno go tswa kwa godimo, ereka di ne di tshwana le lenaga le lesweu le di leng mo go lone ka mmala. Filime e e dirisanang le mogote, e gantsi e siametseng go tsaya ditshwantsho tsa diphologolo tse mogote wa mmele wa tsone o sa amiweng ke tikologo, le yone e ne ya palelwa. Diphologolo tseno di ne di sa kgone go ntsha mogote o o lekaneng sentle e le gore filime e o utlwe. Lefa go ntse jalo, fa go ne go dirisiwa filime e e dirisanang le marang a letsatsi, manyibi a masweu le dibera tse ditshweu di ne tsa bonala e le ditshwantshonyana tse di ntshontsho mo lefelong le lesweu. “Lemororo kapoko e ne e dira gore marang a letsatsi a phatsime thata, diphologolo tseno tsone di ne di a gopa,” go bega jalo The Toronto Star.
Ka ntlha yang? Go ya ka ra-physics, Grojean le Gregory Kowalski, yo o mo maemong a a fa gare ga moporofesara le mothusa moporofesara wa tirisosaense ya maranyane, o bontsha gore karabo e mo letlalong la bera. Kwa bofelong jwa marang ano a letsatsi jo bo sa bonaleng, boboa jwa letlalo bo tshwara 90 lekgolong ya lesedi la letsatsi mme bo le fetisetsa mo letlalong le lentsho le le kafa tlase, ka go dira jalo, le thutafatse bera. Kwa Arctic, koo gantsi themperetšhara e welang go -29 dikirii Celsius, kgono ya letlalo leno ya go boloka mong wa lone a le bothitho e a gakgamatsaeleruri. Dikgobokanya marang a letsatsi tse di tlwaelegileng tse di bewang mo marulelong, fa di bapisiwa le seo, di tlhaelela kgakala. Ebile tota, Kowalski o fopholetsa gore dibetiri tse di itiretsweng tsa letsatsi di ka nna tsa dirwa gore di nne le bokgoni jwa 50 lekgolong ka go dirisa se se dirwang ke letlalo la bera eno e tshweu.
Mo karolong e e bonalang ya marang, boboa jo bo mo letlalong bo dira ka tsela e e fapaaneng; bo phatsimisa 90 lekgolong ya lesedi. Seno se dira gore mmala o mosweu wa bera o o tsabakelang o bonale thata, lefa gone boboa ka bongwe ka bongwe jone bo se bosweu tota mme e le jo bo bonalatsang ebile bo sena sebalafatsa letlalo. Bosweu jwa letlalo la bera eno bo le kgonisa go tsoma e sa bonwe ke sepe mo semathaneng sa lenaga la Arctic. Babogedi ba bangwe ba kile ba bo ba bona dibera tse ditshweu di khurumetsa dinko tsa tsone tse dintsho jaaka di ntse di ngongoela di batla se di ka se bolayang, jaaka ekete di lemoga botlhokwa jwa go itshwantshanya le kapoko.
Ka gone letlalo la bera e tshweu ka phepafalo le diragatsa ditlhokafalo tse pedi tsa konokono tsa phologolo eno: go lebega e le tshweu le go nna e le bothitho. Ka gone, ga go gakgamatse go bo ra-physics Grojean a ne a galaletsa letlalo leno jaaka “tirisosaense e e gakgamatsang ya maemo a a kwa godimo.” Ka kakaretso fela, phologolo eno ya mofuta wa yone fela e ntlentle e bontsha botlhale jwa Mmopi wa yone.