LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/08 ts. 16-18
  • Go Thuthafala mo Kapokong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thuthafala mo Kapokong
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo mo Tlase ga “Kobo ya Kapoko”
  • Go Fofela mo Teng ga Kapoko!
  • Go Apara Diaparo Tsa Mariga
  • Meletlo ya Kapoko le Aese ya Sapporo
    Tsogang!—1994
  • A Jesu O Tsetswe ka Nako ya Mariga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tsogang!—2008
g 2/08 ts. 16-18

Go Thuthafala mo Kapokong

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FINLAND

KWANTLE ga diaparo le ditlhako tse di bothitho, batho ga ba ka ke ba kgona go emelana le maemo a a tsididi a kwa Bokone jo bo Kgakala. Le fa go ntse jalo, diphologolo tse dintsintsi tsone di tswelela di tshela go sa kgathalasege gore ke setlha sefe. Kwantle ga gore di thuthafadiwa ke mafofa le boboa jwa tsone, diphologolo tseno di kgona go dirisa mokgwa o o gakgamatsang wa go ithuthafatsa ka kapoko.

Kapoko e dirilwe ka dikiresetale tsa aese tse di dirilweng ka tlhamalalo go tswa mo mouwaneng, mme disentimetara tse 25 tsa kapoko di lekana le disentimetara tse di ka nnang 2,5 tsa metsi. Seno se raya gore kapoko e na le mowa o montsi mo gare ga dikiresetale. Tsela eno e e gakgamatsang e kapoko e dirilweng ka yone e dira gore e nne sethuthafatsi se se molemo mo marigeng a a bogale, e sireletsa dipeo le dimela go fitlhela go nna dikgakologo. Ka jalo, jaaka bodutelo jo bogolo jwa metsi a a gatsetseng go sekae a a bopegileng go ya ka lefelo le a leng mo go lone, kapoko eno e a gakologa e bo e kolobetsa mmu le go tlatsa melatswana.

Botshelo mo Tlase ga “Kobo ya Kapoko”

Diphologolo tse dinnye tse di boboa di nna di ntse di tlhanasela mo mesimeng kafa tlase ga kapoko, di dira ditiro tsa tsone tse di tlwaelegileng tse gantsi e leng go batlana le dijo ka matlhagatlhaga. Tseno di akaretsa diphologolo tsa losika loo-serunya tse di tsomang ditshenekegi bosigo. Kafa letlhakoreng le lengwe, dipeba di ka bonwa di tsamaya mo kapokong di ntse di tswelela di batlana le meretlwa, matonkomane, dipeo, le makwati a a boleta a ditlhare tse dinnye.

Diphologotswana tseno di boloka jang themperetšha ya tsone ya mmele e le e e siameng? Bontsi jwa tsone ga di thusiwe fela ke boboa mme gape di na le mogote o di o ntshang fa di sena go sila dijo. Jaaka o ka tswa o akanya, diphologotswana tseno di tlhoka dijo tse dintsi gore di nne di thuthafetse. Ka sekai, mefuta mengwe ya magotlo e ja dijo tse di jaaka ditshenekegi, diboko le mekone e e fetang bokete jwa tsone jwa mmele letsatsi le letsatsi. Mme e bile tota, mofuta o monnye wa magotlo ano o ja le go feta! Ka jalo nako nngwe le nngwe fa di ntse di tsogile di nna di batlana le dijo ka matlhagatlhaga.

Bontsi jwa diphologotswana tseno le tsone di mo lenaaneng le le kwa godimo la tse di tsomiwang ke bomorubisi le masika a boramošwe. E re ka boramošwe ba le basesane e bile ba le majato ba kgona go tsopatsopela sentle mo mesimeng e e mo kapokong, ba batlana le dijo. Boramošwe bano, ba ja tota le mebutla e e ba fetang ka bogolo.

Merubisi le yone e nna e tsoma diphologolo tse e ka di jang. Morubisi o kgona go utlwa sentle le go latela legotlo le le tsamayang mo kapokong, fa e le gore ga le kwa teng thata. Fa morubisi o setse o utlwile gore legotlo le fa kae, o itatlhela mo kapokong, o bo o tshwara legotlo leno ka dinala tsa one tse di ngangatlelang sentle, o bo o fofa ka lone. Le fa go ntse jalo, fa kapoko e le ntsi thata, diphologolo tse di tsomang di ka lebana le bothata jwa go bolawa ke tlala mme seno se ka baka gore tse di tsomiwang tsone di nne dintsi thata.

Diphologolo tse dintsi di dirisa mafura a a mo mmeleng wa tsone a di a bolokileng ka dikgwedi tsa selemo, seno se thusa gore di se ka tsa bolawa ke tlala ka nako ya mariga fa go se na dijo tse dintsi. Le fa go ntse jalo, gantsi dijo dingwe di nna di le teng. Ka sekai, ditholo di nathanatha dikala tse disha bogolo jang tsa ditlhare tsa phaene. Dipepe tsone di ja dipeo tse di di fitlhileng, fa mebutla yone e ja makwati a masha, dikalana, le matlhogela a dikalana. Mefuta mengwe ya dinonyane yone e ja meretlwa e e gatsetseng le dikalana tsa phaene.

Go Fofela mo Teng ga Kapoko!

Dinonyane di le mmalwa di ithuthafatsa ka kapoko fa di ikhutsitse motshegare kgotsa di robetse bosigo. Tseno di akaretsa masika a dikgaka, le dinonyane dingwe tse dinnye tse di jaaka letsetsenkane le thaga. Fa kapoko e se boteng e bile e le boleta, dinonyane dingwe di fofela mo teng ga yone, fela jaaka dinonyane tsa lewatle di thabuela mo lewatleng. Mokgwa ono o o botlhale o dira gore di se ka tsa tlogela metlhala mo kapokong gore diphologolo tse di di tsomang di se ka tsa di bona le go di dupelela.

Fa dinonyane tseno di le kafa teng ga kapoko, di epa mesima e e yang mo mathokong e e boleele jwa metara, e e bidiwang kieppi ka Se-Finland. Diphefo tse di fokang bosigo di phimola metlhala epe fela e e ka bontshang gore go na le dinonyane kwa tlase. Fa batho ba ba tsamayang mo kapokong ba atamela gaufi le mesima ya dinonyane, modumo o o utlwalang fa ba tsamaya o tsibosa dinonyane tseno. Go tswa ga dinonyane tseno ka bonako mo kapokong di itayakaka diphuka tsa tsone go ka tshosa batho ba ba tsamayang mo kapokong tota!

Go Apara Diaparo Tsa Mariga

Fa ditlha di ntse di fetoga, diphologolo dingwe tsa mo mafelong a a tsididitsididi di apola boboa kgotsa mafofa a tsone mme di apara boboa jwa mariga gore di kgone go tshwana le lefelo le le tletseng kapoko. Kwa Finland, diphokoje tsa koo, mebutla le mefuta e mmalwa ya boramošwe ba tlhoga boboa jo bokima, jo bosweu kgotsa jo bo batlang bo nna bosweu ka letlhabula.

Ka tsela e e tshwanang, nonyane ya losika lwa dikgaka e e nang le marontho ka selemo, e fetoga go nna mmala o o bosweu jo bo galolang. Mme menoto ya yone e ka selemo e se nang mafofa a mantsi, ka mariga mafofa a simolola go tlala mo menotong ya yone, e bo e nna jaaka e kete e rwele “ditlhako tse di rwalang mo kapokong.” Le fa di fetola diaparo tsa tsone ka mariga, mefuta mengwe yone e sirelediwa ke ka go bo mebala ya yone e e marontho e tshwana le lefelo le e leng mo go lone le le dibatabata le le apesitsweng ke kapoko go sekae.

A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa dinonyane tse bontsi jwa tsone di kgonang go tsamaya mo kapokong kgotsa mo aeseng di sa gatsele maoto? Di dirilwe ka tsela e e gakgamatsang, mo e leng gore maoto a tsone a kgona go ithutafatsa. Tsela eno e e gakgamatsang e dira gore madi a a thutafetseng a a tswang mo ditshikeng tse di tswang mo pelong a elelele mo maotong a bo a thuthafatsa madi a a gatsetseng a a tswang mo dinaong.

Ee, go tswa kwa mafelong a a tsididitsididi go ya kwa go a a mogotegote a Boboatsatsi, ditshedi ga di itshokele fela maemo a bosa a a feteletseng a polanete ya rona. Go na le moo, di kgona go tshela sentle mo mafelong ano. Banna le basadi ba ba ithutang ka ditshedi tseno ba bo ba di tsaya ditshwantsho, gantsi ba akgolelwa matsapa a bone—mme go a tshwanela tota! A bo rona re tshwanetse go baka Mmopi wa ditshedi tseno tse di gakgamatsang le go feta jang ne! Tshenolo 4:11 ya re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bakeresete Ba ba Sa Itsemeletseng mo Maemong a a Tsididi a Bosa!

Ka dikgwedi tsa mariga, Basupi ba ga Jehofa kwa Finland ba apara diaparo tse di tshwanelang maemo a bosa mme ba bo ba tswelela ka ditiro tsa bone tsa semoya. Basupi bangwe ba tsamaya sekgala se seleele go ya dipokanong tsa Bokeresete ba ntse ba itumetse. Tota e bile, kwa magaeng palo ya batho ba ba nnang gone mo dipokanong ga e fokotsege le eseng, tota le ka nako ya dikgwedi tse di telele tsa mariga. Basupi ba ga Jehofa ba nna ba tshwaregile mo bodireding jwa phatlalatsa. Eleruri, ba go tsaya e le tshiamelo e kgolo go naya bosupi ka Mmopi, Jehofa Modimo, e bile ba tlogela manobonobo a matlo a bone gore ba kopanele mo go rereng ka Bogosi.—Mathaio 24:14.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Dinonyane tsa lewatle mo teng ga logaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

By courtesy of John R. Peiniger

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Ramošwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mikko Pöllänen/Kuvaliiteri

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Dipidipidi

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mmutla

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Phokoje ya mafelo a a tsididitsididi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela