LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 2/8 ts. 14-15
  • Meletlo ya Kapoko le Aese ya Sapporo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Meletlo ya Kapoko le Aese ya Sapporo
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsamayatsamaya mo Moletlong
  • Kafa Ditshwantsho tsa Kapoko di Betliwang ka Teng
  • Dilo tse di Kgatlhang Thata
  • Go Thuthafala mo Kapokong
    Tsogang!—2008
  • Meletlo ya Ditiragalo mo Hisitoring ya Iseraele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tsogang!—1994
g94 2/8 ts. 14-15

Meletlo ya Kapoko le Aese ya Sapporo

Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Japane

A NAKO ya dikgwedi tse ditelele tsa mariga, toropo ya Sapporo, e e kwa bokone jwa Japane, e a bo e apesitswe ke kapoko. Mo dikgweding tse di ka nnang tlhano go ya go tse thataro mo ngwageng, go ne go se na sepe se baagi ba neng ba ka se dira go itlosa bodutu go fitlhelela baeteledipele ba toropo ba akantshana mme ba bo ba tswa ka mogopolo ono: moletlo wa kapoko wa go dira difikantswe tse dikgolo tsa kapoko.

Ka 1950, baithuti ba dikolo tse dikgolwane ba ne ba thusiwa go aga difikantswe, tsa bogolo jwa go tloga mo dimetareng tse tharo go ya go tse nnè. Batho ba ka tshwara 50 000 ba ne ba tla go bona sefikantswe sa “Venus de Milo” le tse dingwe tse di dirilweng ka kapoko. Yuki Matsuri, kana Moletlo wa Kapoko, o ne wa simologa sentle jalo.

Fa dingwaga di ntse di tsamaya moletlo oo o ne wa gola le go ratwa ke batho thata. Jaanong ngwaga le ngwaga, bajanala ba ka nna dimilione tse pedi, go akareletsa le ba ba tswang kwa dinageng di sele, ba tla go bona ka kgakgamalo makgolo a dilo tseno tse di betlilweng ka aese le kapoko. Tiragalo eno e e seng ya sedumedi ya malatsi a le supa ke yone e kgolo mo go tsa mofuta wa yone kwa Japane.

Go Tsamayatsamaya mo Moletlong

Ōdori Park ke lone lefelo la konokono mo go a mararo a moletlo o tshwarelwang mo go one. Lefelo leno le go kileng ga bo go latlhelwa kapoko e e kgobokanngwang mo toropong mo lone le ralala toropo ya Sapporo ka boleele jwa dikago tse dikgolo di le 11. Mo lefelong leno le kwa Makomanai, e e seng kgakala thata le foo, go ka bonwa dilo tse di betlilweng tse dikgolo. Bana ba gakgamadiwa thata ke ditshwantsho tseno tse di fetang motho tse ba di boneng mo thelebisheneng kana mo dibukeng tsa metlae. Go na le mmamoratwa e bong Ultraman yo basimanyana ba ratang go mo etsa. Mme gautshwane go na le Chibi Maruko-chan le ditsala tsa gagwe, bana ba ba supiwang mo dipopaeng tsa thelebishene tse di ratiwang thata.

Bagolo le bone ba a gakgamala. Batho ba kgatlhiwa thata ke Paris Opera House e e dirilweng ka maatlametlo a magolo, e mabotana a yone a kgabisitsweng sentle e bile e na le difikantswe tsa baopedi mo marulelong a yone. Gape go na le German Diet House e kgologolo, e e leng kago ya kapoko e e kgabisitsweng fela thata. Castle ya Arabea e kgolo e e nang le Aladdin le ‘lebone la gagwe la maselamose’ e motlhofo go lemogwa.

Go na le dilo dingwe tse di betlilweng tse e bileng o ka re di hupediwa ke ditshwantsho tse dikgolo tseno mo Citizens Square, tse bontsi jwa tsone di nang le molaetsa o o kgethegileng. Setshwantsho sa Brandenburg Gate se gakolola ka go kopana ga bosheng ga Jeremane. Ditshwantsho tse dingwe tse di betlilweng di supa kafa batho ba tshwenyegileng ka teng ka lefatshe, tikologo, le diphologolo.

Kwa bofelong jwa Ōdori Park go na le International Square koo ditlhopha tse dintsi tse di tswang kwa dinageng tse di farologaneng di gaisanang teng. Bangwe ba babetli ke ba ba rutetsweng tiro ba ka tlwaelo ba betlang ka mmabole, letlapa, le dilo tse dingwe. Mongwe le mongwe wa bone o ne a neelwa kapoko ya boleele jwa dimetara di le tharo e e neng e thatafaditswe pele mme a bo a fiwa malatsi a le mararo go fetsa setshwantsho sa gagwe.

Mme ditshwantsho tseno tse dikgolo di dirwa jang, le babetli ba kgona jang go dira ka maatlametlo a a kalo?

Kafa Ditshwantsho tsa Kapoko di Betliwang ka Teng

Go aga selo se setona jalo ga se kgetsi e potlana. Mo kagong e le nngwe fela, fa gongwe go aga go tsaya nako e e kana ka kgwedi, e tsaya nako e e kana ka malatsi a le 1 500 a monna a theogetse. Nngwe ya dilo tse di neng di agiwa e ne e le setshwantsho sa Flinders Street Station, Melbourne, kwa Australia. Se ne se le boleele jwa dimetara di le 35, bophara jwa dimetara di le 35 le bogodimo jwa dimetara di le 15. Koloi e e rwalang ditone di le tlhano e ne ya rora ga 1 400 gore e kgone go lere kapoko ya ditone di le 7 000 e e neng e dirisiwa. Ga go gakgamatse go bo fa e sale go simologa ka 1955 tiro e kgolo ya go betla ditshwantsho tseno tse dikgolo e ile ya dirwa ke masole, mme kwa morago ba bo ba thusiwa ke baithuti ba lephata la molelo. A re boneng kafa ba dirang ka teng ditiro tseno tsa botshwantshi tse dikgolo.

Go tshwanetse ga simololwa pele ka go tlhopha se se yang go dirwa. Tshedimosetso le ditshwantsho di a phuthiwa. Go tsweng foo go dirisiwa tshedimosetso eno go dira ditshwantsho tse dipotlana ka mmopa, papier-mâché, le dilo tse dingwe. Mme go tsweng foo, kapoko e e phepa e kgobokanngwa le go isiwa kwa lefelong la kago, nako e e ka tshwarang kgwedi pele ga moletlo o simologa. Koo e a olololwa, e bo e tsenngwa mo bokoseng e tona ya logong e bo e thatafadiwa ka metsi. Go tsweng foo go ntshiwa lebokose leo, dilere di bo di tlhomaganngwa, mme babetli ba bo ba simolola ka tlhoafalo.

Fa gongwe babetli ba ba berekang le bosigo fa dithemperetšhara di le kwa tlase ga boswakgapetla, ba dirisa dilepe le digarawe fa ba simolola, go tswa foo ba bo ba dirisa dipetlwana go e bopa.

Batho motho ka bongwe kana ka ditlhopha tse dipotlana ba ka nna le seabe mo monateng oo. Go tlhophiwa mo e ka nnang nngwetharong ya dikopo tse di makgolokgolo tse di tswang mo nageng eo yotlhe ka khupelekhupele mme ba bo ba newa ditaelo ke ditlhopha tsa ba ba nang le kitso. Moikopedi mongwe le mongwe o neelwa pilara ya kapoko e e thatafaditsweng ya boleele jwa dimetara tse pedi mme a bo a fiwa malatsi a le matlhano go wetsa tiro ya gagwe.

Dilo tse di Kgatlhang Thata

Dilo tse di betlilweng ka aese le tsone di oketsa bontle jwa moletlo. Bontsi jwa tsone di dirwa ke maloko a Lekgotla la Babetli ba Aese. Bontsi jwa bone ke baapei ba ba tswang kwa dioteleng tse di itsegeng ba gantsi ba supang bothakga jwa bone mo diholong tsa meletlo. Ba rata go tla kwa Sapporo, mme maungo a seo a a itumedisa.

Mmino le ditshupo di natifisa moletlo. Go na le dikgaisano, dibente tse di gwantang di ntse di letsa, go bina, le go tlola ka disekii, le tse dingwe gape. Bana gape ba itumedisiwa ke boreledi jwa aese jo ba bo diretsweng gore ba je monate mo go jone, jo bo agilweng mo ditshwantshong tseo.

Go siame thata go lebelela moletlo oo bosigo. Dipone tse ditshweu tse di bofeletsweng mo ditlhareng mo phakeng, tsone le masedi a a phatsimang mo difikantsweng tse di tsabakelang, di dira lesedi le mebala e e kgatlhang thata mo bontleng jono jwa mariga. Morago ga go bona moletlo, o tla kgatlhiwa thata ke go lemoga se boboko jwa motho jo a bo neilweng ke Modimo jo bo akanyang le go tlhama dilo bo ka se kgonang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ditshwantsho tse di betlilweng ka aese tse dikgolo tse di tshwanang le se se fa tlase seno di ka nna tsa nna bophara jwa dimetara tse 35 le bogodimo jwa dimetara tse 15, di agiwa ka ditone tsa kapoko di ka nna 7 000

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela