Ke Simolotse ke le Molaodi wa Sesole Mme ka Nna ‘Lesole la ga Keresete’
Jaaka go boletse Mark Lewis
“Dumela, Kgosi.” “Dumela, Motlotlegi.” “Dumela Tonakgolo.” Tseno ke dingwe tsa ditumediso tse ke neng ke di dirisa fa ke ne ke le mokgweetsi wa difofane le fa ke ne ke le Mokaedimogolo wa lephata lengwe la Royal Australian Air Force VIP. Ke ne ke tsamaisa boporesidente ba dinaga le baemedi ba puso ka sefofane go ralala Australia le lefatshe ka bophara. Le fa go ntse jalo, go ne jaanong ke dira sengwe se se botoka go feta seo. Mma ke tlhalose.
KE TSHOLETSWE kwa Perth, kwa Bophirima jwa Australia, ka 1951 mme ke goletse mo lelapeng le rre e neng e le lesole mo go lone. Fa ke ne ke na le dingwaga tse 15, ke ne ka tsenela setlhopha sengwe sa motshameko wa go phaphalala mo moweng. Ka jalo ke ne ka simolola botshelo jwa go rata go fofa ka difofane.
Moragonyana ga foo batsadi ba me ba ne ba kgaogana mme lelapa la rona le ne la thubega. Mookamedimogolo wa difofane tsa ntwa wa Sesole sa Difofane le lelapa la gagwe ba ne ba ntsaya ka bopelotshweu gore ke nne le bone morago ga gore ke fetse sekolo se segolwane. Tlhotlheletso ya gagwe e ne ya dira gore ke batle go nna moithuti wa sesole kwa Royal Australian Air Force Academy.
Ke ne Ka Aloga go Nna Mofofisi
Dingwaga di le thataro tse di latelang, ke ne ka aloga ka dikirii ya saense ka nna modiredi wa Sesole sa Difofane. Tiro ya me ya ntlha e ne e akaretsa go tsamaisa ditlamelo tsa sesole ka sefofane go ralala Australia, South Pacific, le Borwabotlhaba jwa Asia. Gantsi re ne re fofa go ralala dithaba tse dikgolo le mekgatšha e e boteng re bo re emisa difofane tsa rona mo tlhageng. E ne e le tiro e e kotsi. Difofane di le mmalwa tsa lephata la rona di ne tsa sugagana mme le batho ba ba nang le bokgoni ba ne ba tlhokafala mo dingwageng tseo. Mme gone letsholo la rona le ne le thusa batho ba ba neng ba nna mo dikgaolong tse di kwa thoko. Re ne re romela dilo tsa go aga marogo, dikhatapilara tse dinnye tse di neng di tla dirisiwa go aga ditsela, dijo tsa namolo, le ditlhopha tsa ba tsa kalafi. Gape re ne re tsamaisa batho ba ba gobetseng thata.
Ka 1978, ke ne ka nna mongwe wa bakaedi ba bafofisi kwa Sekolong sa Bosole Jwa Difofane. Ke gone koo ke neng ka simolola go tsosolosa botsalano jwa me le Diane, motlholagadi yo a sa ntseng a le mosha mme a na le mosetsanyana wa dingwaga tse tharo. Monna wa ga Diane e ne e le moithuti ka nna kwa Sekolong sa Bofofisi mme o ne a tlhokafala moragonyana mo kotsing ya sefofane. Fa ke ne ke mo kopa gore re nyalane o ne a kopa gore ke mo neye nako a akanye ka gone. O ne a sa tlhomamisege gore a o batla monna yo mongwe yo e leng mofofisi.
Fa ke sa ntse ke letile, ke ne ka amogela tiro e e tsayang ngwaga ya go nna mothusi wa Mookamedimogolo wa Australia. Go nna kwa Ntlokgolong ya Mookamedimogolo kwa Canberra go ne ga dira gore ke tlhaloganye dipolotiki mme go ne go akaretsa go nna gaufi thata le baagi ba naga, sesole le baeteledipele ba bodumedi. Fa ngwaga o fela ke ne ka boela kwa tirong ya me ya go nna mokaedi wa bafofisi. Morago fela ga foo ka 1980, nna le Diane re ne ra nyalana.
Ka 1982, ke ne ka dumela go refosana le mongwe go ya go direla kwa Sesoleng sa Difofane sa United States ka dingwaga di le pedi jaaka mookamedi wa pabalesego ya difofane le motlhotlhomisi wa dikotsi tsa difofane. Tiro eno e ne e akaretsa go tsamaya go ralala United States le go fitlha kwa Bokone jwa Ireland. Gape e ne e akaretsa le go tlhatlhoba dikotsi tsa difofane le go sekaseka tsela e difofane di dirilweng ka yone le go fofisiwa ga tsone ka maikaelelo a go tokafatsa pabalesego.
Go Boela Gape Kwa Australia
Fa ke sena go boela kwa Australia, lelapa la rona le ne la gola go nna la maloko a manè, fa morwadiarona Kerry a ne a tsholwa. Ka ntlha ya tiro e ntsi e ke neng ke na le yone, Diane o ne a tshwanelwa ke go nna mmè le rre go barwadiarona, mme lelapa la rona le ne la sotlega. Dingwaga di le tharo moragonyana, ke ne ka newa taolo ya ntlha ya go nna molaodi wa lephata la Sesole sa Difofane le le tsamaisang batho ba maemo a kwa godimo le go boletsweng ka lone pelenyana. Fa Ntwa ya kwa Kgogometsong ya Persia e ne e simologa ka 1991, lephata la rona le ne la thusa matsholo a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le a mangwe a a kwa Pakistan, Afghanistan, Afrika, le Iseraele.
Ka 1992, ke ne ka nna Modiredi wa masole yo o thusang Molaodimogolo wa Sesole sa Tshireletso. Go direla jaaka mothusi wa molaodi yo mogolo thata wa sesole kwa Australia, go dirile gore ke kgone go bona sentle ditirisano tse di leng teng fa gare ga sesole, dipolotiki le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Ke ne ka swetsa ka gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le molato ka ditsela tse dintsi. Mme le fa go ntse jalo, go ne go bonala e le lone fela tsholofelo ya go tokafatsa lefatshe. Ka nako eo dilo tse di neng di direga mo lelapeng la me di ne tsa dira gore ke sekaseke kafa ke lebang dilo ka gone.
Dipotso Tsa ga Diane di a Arabiwa
Morago ga gore monna wa gagwe wa ntlha a tlhokafale, Diane yo e neng e le Mokatoliki, o ne a batla dikarabo tsa dipotso tse a neng a di ipotsa, mme ga a ka a bona dikarabo. Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa nna maswe le go feta, fa morwadiarona Renee a ne a simolola go kgatlhegela go dirisana le meya. Fa Diane a le kwa tsaleng nngwe ya gagwe, o ne a bona kgatiso ya Tsogang! e e neng e itsise ka setlhogo se se neng se tla latela se se neng se tla bua ka Kobamelo ya ga Satane.a E ne e le la ntlha a bona Tsogang! Fa a le mo tseleng ya go boela gae, o ne a ntse a akanya gore ‘Nka bona jang kgatiso eno?’
Malatsi a le mararo morago ga foo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota fa kgorong ya rona mme ba ne ba naya Diane makasine wa gagwe. Moragonyana o ne a amogela go ithuta Baebele mme o ne a simolola go ya dipokanong tsa Bokeresete. Ke ne ke itumeletse gore o ithuta Baebele e bile ke ne ke a tle ke tsamaye le ene kwa dipokano dingwe, mme gone ke ne ke sa batle go nna le seabe. Ke ne ke sa itseye gore ke modumedi. Ke ne ke dumela mo Modimong, mme ka ntlha ya gore ke ne ke bone boitimokanyo jo bontsi ke ne ke sa tseye bodumedi masisi. Ka sekai, ke ne ke sa tlhaloganye gore go tla jang gore baruti ba sesole ba rere ka lorato le kagiso mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba tshegetsa dintwa.
Diane o ne a baya dikhopi tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka botlhale mo nka di bonang gore ke di bale. Ke ne ka bala tse dingwe tsa tsone ke bo ke di busetsa ka kelotlhoko fa di neng di le gone. Ke ne ke sa batle gore a akanye gore gongwe ke na le kgatlhego. Fa kitso ya me ka Baebele e ntse e gola, dikwalo tse pedi tsa Baebele di ne tsa ntshwenya. Le lengwe e ne e le la Tshenolo 19:17, 18, le le neng le bua ka dinonyane tse di jang dikarolo tsa nama tsa “balaodi ba sesole.” Le lengwe e ne e le la Tshenolo 17:3, le le bontshang ka ‘sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo.’ Basupi ba ne ba tsaya gore sebatana se tshwantshetsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, mme pono eo e ne e ganetsana le se ke neng ke se akanya ka lekgotla leo.b Mme ke ne ka leka go itlhokomolosa dipotso dipe fela tse di neng tsa tlhaga mo mogopolong wa me.
Ka 1993, Diane o ne a ntaletsa gore ke tle go bona fa a kolobediwa. Kopo eo e ne ya tla ke sa e solofela. Ke ne ka mmotsa jaana: “Fa e le gore o tshwanelwa ke go tlhopha, a o ne o tla tlhopha Jehofa kgotsa nna?” O ne a araba jaana: “Jehofa. Mme gone ke solofela gore ga ke ne ke tshwanelwa ke go tlhopha. Ke lo batla ka bobedi mo botshelong jwa me.” Ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go ithuta go le gontsi ka motho yono yo Diane a neng a mo rata. Mogolwane mongwe wa lefelo la rona o ne a ithaopela go ithuta le nna Baebele mme ke ne ka dumela.
Ke ne ka simolola go kgatlhegela thata boporofeti jwa Baebele, bogolo jang fa bo bua ka sesole le hisitori ya dipolotiki. Ka sekai, ka nako ya fa ke ne ke ithutela Bosole jwa Difofane, ke ne ka ithuta ka matlhale a sesole sa Gerika wa bogologolo. Jaanong ke ithutile gore bogolo jwa hisitori eo e ne e kwadilwe makgolokgolo a dingwaga mo bukeng ya Daniele kgaolo 8 pele e diragala. Boporofeti jono, le jo bongwe, bo ne ka iketlo jwa dira gore ke dumele gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo.
Ke ne ka simolola go leba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka tsela e e farologaneng. Ke ne ke itse gore sesole ga se ka ke sa rarabolola mathata a batho, gore kagiso ya mmatota ga e tlisiwe ke go tshosa ba bangwe ka ntwa, le gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le ka ke la rarabolola mathata a dipolotiki, a bodumedi, le go tlhaolana ka lotso e leng selo se se bakang dintwa. Ke ne ka simolola go bona gore ke Modimo fela yo o ka rarabololang mathata a batho. Tota e bile, fa ke leba bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Basupi ba ga Jehofa go ne go bonala a setse a simolotse go a rarabolola. (Pesalema 133:1; Isaia 2:2-4) Ke ne ka ipotsa gore ‘A mme gone, nka tlogela tiro ya me ya bosole gore ke direle Modimo?’
Go Tsaya Letlhakore la Boammaaruri Jwa Baebele
Go ne ga tla nako ya gore ke dire tshwetso ka 1994, fa ke ne ke le kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Sydney. Lenaneo la kopano le ne le akaretsa terama ya Baebele e e neng e bontsha ka tlhopho e setšhaba sa bogologolo sa Baiseraele se neng se tshwanetse go e dira magareng a go direla Jehofa kgotsa Bale, e leng modimo wa Bakanana. Moporofeti wa Modimo Elija o ne a raya Baiseraele a re: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae? Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale e le ene, mo saleng morago.” (1 Dikgosi 18:21) Mafoko ao a ne a nkama thata mo pelong. Fela jaaka Baiseraele, le nna ke ne ke le fa gare ga legora. Ke ne ke tshwanetse go dira tshwetso: A ke ne ke tla direla Jehofa kgotsa ke ne ke tla tswelela ka bosole?
Fa re le mo koloing re ya gae bosigo joo, ke ne ka bolelela Diane gore ke tlile go tlogela Bosole Jwa Difofane gore ke nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a gakgamaditswe ke ka moo ke tsereng tshwetso ka bonako ka teng, mme gone o ne a nkema nokeng. Malatsi a le mmalwa moragonyana ke ne ke ise ke fetole tshwetso ya me, ka jalo ke ne ka isa lekwalo la go rola tiro.
Ka nako eo, ke ne ke le Modiredimogolo wa Lephata la Baithuti ba Sesole kwa Sekolong sa Sesole sa Australia kwa Canberra, e leng motsemoshate. Ke ne ke okametse ikatiso ya masole a le 1 300 a a lwang mo Lefatsheng, a a lwang mo Lewatleng, baithuti ba Sesole sa Difofane le badirimmogo ba bangwe. Mo letsatsing la bofelo la ngwaga wa ikatiso, ke ne ka bolelela baithuti ba bagolo ba sesole le badirimmogo ba ba 400 ba ba neng ba kokoane gore ke rola tiro, gore ke tle ke rute batho Baebele ka ntlo le ntlo ke le modiredi yo o ithaopileng wa Mokeresete. Kitsiso eo e ne ya tsosa dipuisano tse di itumedisang.
Go Nna Modiredi wa Nako e e Tletseng
Ke ne ka simolola ka tiro ya go rera letsatsi morago ga gore kopo ya me ya go rola tiro e amogelwe. Dikgwedi tse tharo morago ga foo, ka April 1995 ke ne ka kolobediwa. E ne ya re ka bonako fela, ka ikwadisetsa go nna mmulatsela wa nako e e tletseng, seno se ne se kaya gore ke tla dirisa nako ya me yotlhe ke le mo bodireding jwa phatlalatsa.
Go fetoga ga me go tswa mo go nneng molaodi wa sesole go ya mo go nneng “lesole la ga Keresete” go ne go raya gore ke tshwanetse go dira diphetogo tse dintsi. (2 Timotheo 2:3) Kabelo ya me ya ntlha e ne e le go neela bakaulengwe dimaekerofounu mo dipokanong tsa Bokeresete. Ke ne ka ithuta gore mo boemong jwa go naya ditaelo ke tshwanetse go kopa gore dilo di dirwe. Go akanyetsa ba bangwe le lorato e ne ya nna dilo tsa botlhokwa thata go feta go batla gore dilo di dirwe ka bonako, le fa gone ke sa ntse ke kgaratlhela go nna tekatekano mo dinonofong tseno. Ka ntlha ya gore ke ne ke sa tlhole ke na le lotseno le le kwa godimo, re ne ra tshwanelwa ke go tlhofofatsa mokgwa wa rona wa botshelo mo lelapeng.
Ruri ke ne ke itumelela tiro ya go rera mme le jaanong ke sa ntse ke e itumelela. Nako nngwe fa re ntse re rera le morwadiarona yo a neng a na le dingwaga tse robongwe e bong Kerry, ke ne ka mo kopa gore a ele tlhoko tsela e beng ba matlo ba tsibogang ka yone. Re ne ra lemoga ka bonako gore bontsi jwa batho ba ne ba sa kgatlhege mme ba bangwe ba ne ba siame e bile ba kgatlhega. Ka bobedi jwa rona re ne ra kgothatsega. Morwadiarona yo mongwe le ene o ne a ithuta Baebele ka nakwana mme ga a ise a tlhophe go direla Jehofa.
Nna le Diane re ne ra kgothaletsa Kerry gore a ipeele mokgele wa go direla ka nako e e tletseng. Bosheng jaana ke ne ka nna le tshiamelo ya go ya Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela le ene. E ne e le lekgetlho la gagwe la ntlha, mme mo go nna e ne lekgetlho la bobedi. A bo e ne e le boitumelo jang ne go bona ene le basha ba bangwe ba tsweletse pele semoyeng le go latela bodiredi jwa Bokeresete!—Pesalema 110:3.
Ditshegofatso Tse Dintsi
Fa ke leba kwa morago ke kgona go bona dilo tse di tshwanang le dilo tse di sa tshwaneng fa gare ga go direla kwa sesoleng le go nna lesole la ga Keresete. Ditiro ka bobedi di tlhoka boikanyegi, boikobo, bothokgami, boikgapo, le go intsha setlhabelo. Mme, le fa bontsi mo bosoleng bo ikemiseditse go swela naga ya bone le ditsala, Bakeresete ba boammaaruri bone ba bolelelwa gore ba rate tota le baba ba bone. (Mathaio 5:43-48) Mme gone, le fa bagaka ba masole ba ka tlotliwa ka tiro e le nngwe ya bogaka, Bakeresete ba boammaaruri bone ba amogelwa ke Modimo ka ntlha ya go itshoka mo tirelong—se se ka kayang go bontsha boitshoko fa o lebane le dikganetso, go sotliwa, le diteko dingwe ngwaga le ngwaga. (Bahebera 10:36-39) Bakeresetemmogo le nna ke batho ba ba molemo thata ba ke ba itseng.
Go farologana le ditumediso tse di tlhalositsweng kwa tshimologong ya kgang eno, gone jaanong ditumediso tsa me ke “Dumela Kgaitsadi,” kgotsa “Dumela Mokaulengwe.” A bo go itumedisa jang ne, go direla mo bodireding jwa Bokeresete le batho ba ba ratang Modimo tota! Le fa go ntse jalo, tlotla e kgolo go di feta tsotlhe ke go direla Mogodimodimo, Jehofa ka boene! Ga ke kgone go akanya ka tsela nngwe e e kgotsofatsang ya go tshela botshelo jwa me go feta eno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Se gatisitswe mo kgatisong ya October 22, 1989, ditsebe 2-10 ka Seesemane.
b Bona ditsebe 240-3 tsa buka ya Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 14]
Le fa bontsi mo bosoleng bo ikemiseditse go swela naga ya bone le ditsala tsa bone, Bakeresete ba boammaaruri bone ba bolelelwa gore ba rate tota le baba ba bone
[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Ke fofisa Sefofane sa Sesole sa batho ba maemo a a kwa godimo, mo godimo ga Ntlo ya Palamente, kwa Canberra
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Terama ya Baebele, kwa kopanong ya kgaolo kwa Sydney, Australia ka 1994
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ke na le Kerry kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ke na le Diane le Kerry gompieno