A Jesu O Tsetswe ka Nako ya Mariga?
“SEMATHANA Se Se Wang Se le Se Ntsi se Emisa Sengwe le Sengwe kwa Jerusalema” mme “Semathana Se Se Wang Se Sa Kgaotse Se Tshikinya Bokone.” Ditlhogo tse di ntseng jalo tse di neng di le mo go The Jerusalem Post e ne e setse e le dilo tse batho ba kwa Iseraele ba neng ba tlwaetse go bala ka tsone ka 1992, e le nako ya mariga a a tsididi go gaisa otlhe mo lekgolong leno la dingwaga.
Ka January setlhoa sa Thaba ya Heremone se ne se khurumeditswe ke semathana sa dimetara di le 7 go ya go 12, mme mariga a ne a ise a fele. Botshelo jo bo tlwaelegileng jwa letsatsi le letsatsi jwa batho ba kwa Iseraele go tloga fela kwa Golan Heights le kwa Bokone jwa Galilea go ela kwa tlase go feta Jerusalema gaufi le Bethelehema (e ka bonwa mo tsebeng e e kafa ntle), le go ela kwa borwa kwa Negeb bo ne bo kgorelediwa ke moeng yo o neng a tla a iketlile, e bile a kgatlha, mme a le maatla. Setlhogo sengwe mo go Jerusalem Post se ne sa bolela jaana: “Semathana se se neng se wa ka maatla maabane se ne sa kgona go dira se dirokete tsa Katyusha di neng tsa palelwa ke go se dira beke e e fetileng, se ne sa tswala ditsela mme sa dira gore batho ba nne ba itswaletse mo matlong a bone.”
Mariga ano a a tsididi thata ga a ka a senyetsa baagi ba metsemegolo fela. Go ile ga begiwa fa dikgomo le dinamane tse di makgolokgolo, le dikoko di le diketekete di bolailwe ke serame ka go bo dithempereitšhara di ne di wela kwa tlase thata bosigo. Mo godimo ga semathana se se neng se wele go ne ga na dipula tse dikgolo tse di neng di baka serame. Ka letsatsi lengwe, basimane ba babedi ba e neng e le badisa bao go bonalang fa ba ne ba leka ka natla go boloka dingwe tsa dinku tsa bone tse di neng di kganeletswe mo teng ga morwalela o o neng o sa lebelelwa, bone ka bobone ba ne ba tsewa ke morwalela mme ba betwa ke metsi.
Le mororo mariga ano a ne a sa tshwane le a kwa Botlhaba Bogare, makasine wa Eretz wa kwa Iseraele o ne wa bega jaana: “Tshedimosetso ya saense ya maemo a bosa e e bonweng mme e rekotilwe kwa nageng ya Iseraele dingwaga tse 130 tse di fetileng e bontsha gore semathana se wa thata kwa Jerusalema go feta ka mo go lebeletsweng gore se we ka teng . . . Fa gare ga 1949 le 1980, go ile ga nna le mariga a le masome a mabedi le bone a semathana se neng sa wa mo go one kwa motsemogolo wa Jerusalema.” Mme lefa go ntse jalo, a seno se botlhokwa fela mo saenseng ya maemo a bosa le mo bathong, kana a se kaya sengwe mo baithuting ba Bibela?
Se Na le Molemo Ofe mo Baithuting ba Bibela?
Batho ba bantsi fa ba akanya ka botsalo jwa ga Jesu, ba akanya ka bojelo jwa dipitse jo bo amang maikutlo thata jo gantsi bo tshwantshiwang ka nako ya Keresemose. Ngwana Jesu ke yoo o robetse foo, a phuthetswe mme mmaagwe o mo tlhokometse, le semathana se wa ka iketlo ka kwa ntle. A kgopolo eno e e tlwaelegileng e dumelana le se Bibela e se tlhalosang ka tiragalo eno?
Mokwadi wa Bibela Luke o anela pego e e tlhalosang botsalo jwa ga Jesu sentle jaana: “Me yana, ga bo go le badisa mo nageñ, mo lehatshiñ yeuō, ba disitse lecomane ya bōnè bosigo. Me moengele oa Morèna a èma ha go bōnè, le kgalalèlō ea Morèna ea phatsima ntlheñ cotlhe tsa bōnè; me ba boiha ka poihō e kgolo. Me moengele a ba raea, a re, Se boiheñ; gonne, bōnañ, ke lo lereditse mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe. Gonne, gompiyeno, mo motsiñ oa ga Dafide [Bethelehema], lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna. Me se, e tla nna seshupō mo go lona; lo tla hitlhèla ñwanyana a phuthecwe ka matsela, a letse mo boyeloñ yoa dipitse. Me ba chogana ka moengele a bile a na le bontsintsi ya leshomōshomō ya legodimo, ba baka Modimo, ba re, Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathoñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”—Luke 2:8-14.
Fa o ne o ka balela Moiseraele yo o tlwaelegileng pego eno mme wa mmotsa gore tiragalo eno e ne ya diragala ka nako efe ya ngwaga, kwantle ga pelaelo o tla araba ka gore, “Fa gare ga April le October.” Ka ntlha yang? Karabo e bonolo. Go tloga ka November go fitlha ka March ke nako ya setlha se se tsididi se go nang dipula kwa Iseraele, mme ka December 25 ke mariga. Badisa ba ka se ka ba bo ba le kwa ntle, ba ntse ba disitse matsomane a bone kwa nageng bosigo. Fa o akanya ka dipego tse di umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ka kgona go tlhaloganya sentle gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo. Bethelehema, kwa Jesu a tsholetsweng teng, e kwa godingwana mme e bokgakala jwa dikilometara di sekae fela go tswa kwa Jerusalema. Le e leng mo dingwageng tseo maemo a bosa a seng maswe mo go kalo, go tsididi thata bosigo fa go le mariga.—Mika 5:2; Luke 2:15.
Fa o tlhatlhoba hisitori ya nako e Jesu a tshotsweng ka yone o tla kgona go bona gore ga a tsholwa ka December ka nako ya fa go ne go wa semathana. Le mororo Maria mmaagwe Jesu a ne a le mo malatsing a gagwe a bofelo a boimana, o ne a tshwanela gore a tseye loeto go tswa kwa legaeng la gagwe kwa Nasaretha go ya kwa Bethelehema. Ene le Josefa ba ne ba dira seno ka go bo ba ne ba ikobela taolo ya mmusi wa Roma Kaesare Aguseto, ya gore go balwe batho. (Luke 2:1-7) Bajuda ba ba neng ba sa batle puso ya Roma le makgetho a yone a a kwa godimo, ba ne ba setse ba le gaufi le go tsuologela puso. A ruri Baroma ba ne ba ka batla go ba galefisa go sa tlhokege ka go batla gore bontsi jwa bone ba tseye maeto a go ya go ikwadisa ka nako e e maswe thata le e e kotsi tota ya mariga? A ga go utlwale he gore ba ne ba tla laelwa gore ba dire seno ka setlha se motho a ka kgonang go eta ka sone jaaka sa letlhabula kana sa dikgakologo?
Go Balwa ga Dinako go go Theilweng mo Bibeleng
Bosupi jwa hisitori le dilo tse motho a ka di iponelang ka matlho di supa gore dilo tse di diragetseng fa Jesu a tsalwa ga di a direga ka December, kana mo kgweding epe fela ya mariga. Mo godimo ga moo, Bibela e na le boperofeti jo bo senolang nako ya ngwaga oo Jesu a tsetsweng ka one. E senola seno kae?
Buka ya Daniele, kgaolo 9, e na le boperofeti jo bontsi jo bo kgatlhang thata jo bo buang kaga Mesia. Bo tlhalosa go tla ga gagwe le go swa ga gagwe loso lo lo neng lwa nna setlhabelo sa thekololo se se letlanyang dibe e bile se thaya motheo wa gore batho ba ba kutlo ba ka kgona go nna ‘ba ba siameng ka bosakhutleng.’ (Daniele 9:24-27; bapisa Mathaio 20:28.) Go ya ka boperofeti jono, dilo tseno tsotlhe di ne di tla direga mo nakong ya dibeke tse 70 tsa dingwaga, go simologa ka ngwaga wa 455 B.C.E., fa go tswa taelo ya gore Jerusalema e tsosolosiwe.a (Nehemia 2:1-11) Tsela e dinako di kgaogantsweng ka yone mo boperofeting jono, e re thusa go tlhaloganya gore Mesia o ne a tla tla mo tshimologong ya beke ya bo 70 ya dingwaga. Seno se ne sa diragala ka nako ya fa Jesu a ne a itlhagisa gore a kolobediwe ka 29 C.E., fa a ne a simolola tiro ya gagwe ya Bomesia semolao. “Ka bontlha ñwe yoa weke,” kana morago ga dingwaga tse tharo le sephatlo, Mesia o ne a tla bolawa, mme loso lwa gagwe lo ne lo tla fedisa ditlhabelo tsotlhe tse di neng di ntshiwa mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe.—Bahebera 9:11-15; 10:1-10.
Boperofeti jono bo bontsha gore nako ya bodihedi jwa ga Jesu e ne e le dingwaga tse tharo le sephatlho. Jesu o ne a swa ka letsatsi la Tlolaganyo, ka Nisane 14 (go ya ka khalendara ya Sejuda), ka letlhabula la 33 C.E. Letlha le le tla lebaganang le ngwaga oo e tla nna April 1. (Mathaio 26:2) Fa re balela dingwaga tse tharo le sephatlho kwa morago re fitlhela gore o kolobeditswe ka 29 C.E. fa October e simologa. Luke o re bolelela gore Jesu o ne a na le dingwaga tse 30 fa a ne a kolobediwa. (Luke 3:21-23) Seno se tla raya gape gore Jesu o tshotswe mo e ka nnang mo tshimologong ya October. Tumalanong le pego ya ga Luke, go a tshwanela gore badisa ba bo ba ne ba le kwa “nageñ, . . . , ba disitse lecomane ya bōnè bosigo,” ka nako eo ya ngwaga.—Luke 2:8.
E Simologile Kae?
E re ka bosupi bo bontsha gore Jesu o tshotswe fa October e simologa, ke eng fa e ketekwa ka December 25? The New Encyclopædia Britannica e bontsha gore moletlo ono o ne wa amogelwa makgolo a dingwaga morago ga botsalo jwa ga Jesu: “Mo lekgolong la bone la dingwaga go ketekiwa ga botsalo jwa ga Keresete ka December 25 go ne ga amogelwa ka iketlo ke dikereke tse dintsi tsa kwa Botlhaba. Keresemose e ne ya ganediwa ka lobakanyana lo loleele kwa Jerusalema, mme kgabagare e ne ya amogelwa.”
Ke eng fa batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba amogela tlwaelo eno motlhofo fela jaana makgolokgolo a dingwaga Keresete a setse a ile? The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa kgang eno ka mo go oketsegileng jaana: “Dingwao tse di amanang le Keresemose di tswa metsweding e e farologaneng gonne botsalo jwa ga Keresete bo ne bo ketekiwa ka nako e le nngwe fela le meletlo ya boheitane ya temothuo le ya go obamela letsatsi fa gare ga mariga. Kwa Roma, Saturnalia (December 17) e ne e le nako ya go itumela le ya go abelana dimpho. December 25 gape e ne e lebiwa jaaka letsatsi la matsalo a modimo wa masaitseweng wa Iran ebong Mithra, Letsatsi la Tshiamo.”
A seno sotlhe se diragetse “fela ka phoso”? Tota le e seng! Ke selo se se itsegeng gore mo lekgolong la bone la dingwaga C.E., mo pusong ya Mmusimogolo Constantine, Mmusomogolo wa Roma o ne wa fetoga wa se ka wa tlhola o bogisa Bakeresete mme wa ema “Bokeresete” nokeng mme ya nna bodumedi jo bo amogelwang. E re ka baagi ba le bantsi ba ba neng ba sa tlhaloganye gore Bokeresete ke eng ba ne ba simolola go amogela tumelo e ntšha eno, ba ne ba simolola go keteka meletlo ya bone e ba e tlwaetseng ya seheitane ka maina a masha a “Sekeresete.” Ke letlha lefe le le neng le ka tshwanela thata letsatsi la botsalo jwa ga Keresete go na le December 25, e e neng e setse e tlhophilwe jaaka letsatsi la botsalo la “Letsatsi la Tshiamo”?
A le Botlhokwa?
Ga go na pelaelo epe ya gore balatedi ba ga Jesu ba ba neng ba godisitswe ka tsela ya Sejuda, ba ne ba sa keteke letsatsi la botsalo jwa gagwe. Go ya ka Encyclopaedia Judaica, “go ketekiwa ga matsalo ke moletlo o o seyong mo meletlong ya dingwao tsa Sejuda.” Go phepafetse gore Bakeresete ba pele ba ne ba se kitla ba keteka meletlo e e ntseng jalo. Go na le gore ba keteke matsalo a gagwe, ba ne ba tla utlwa taolo ya ga Jesu ya gore ba gopole loso lwa gagwe, lo ba neng ba na le letlha le go neng go sena ope yo o neng a ka re le phoso, le e leng la Nisane 14.—Luke 22:7, 15, 19, 20; 1 Bakorintha 11:23-26.
Bajuda bao ka nako eo e neng e le morafe o o itlhophetsweng ke Modimo ba ne ba tlhagisiwa jaana ka boperofeti ka go boa ga bone kwa botshwarong kwa Babelona makgolokgolo a dingwaga pele Keresete a tla: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.” (Isaia 52:11) Ba ne ba tshwanetse go boela kwa nageng ya bone go ya go tsosolosa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. Ba ne ba sa tshwanela go inaakanya le dingwao tsa boheitane tse di itshekologileng le mefuta ya kobamelo e ba neng ba e bone kwa Babelona.
Ga go gakgamatse go bo yone taolo e e tshwanang e ne ya bolelelwa le Bakeresete mo go 2 Bakorintha 6:14-18. Mo boemong jwa morafe wa Bajuda o o neng wa gana Keresete, balatedi ba gagwe ba ne ba nna baemedi ba kobamelo e e itshekileng. Ba ne ba na le boikarabelo jwa gore ba thuse batho ba bangwe gore ba tswe mo lefifing la semoya mme ba tsene mo leseding la boammaaruri. (1 Petere 2:9, 10) Ba ne ba tla kgona go dira seno jang fa e le gore ba ne ba tlhakanya dithuto tsa ga Keresete le dingwao le malatsi a boikhutso a a tswang mo boheitaneng?
Le mororo go keteka “Keresemose ya Semathana” go kgatlha batho ba bantsi, ke selo se se tshwanang fela le go ‘ama se se itshekologileng.’ (2 Bakorintha 6:17) Mongwe le mongwe yo ka boammaaruri a ratang Modimo le Keresete o tshwanetse go se tila.
Mo godimo ga lebaka la gore Keresemose e tswa mo meletlong ya seheitane, re bone gape gore ga e boammaaruri ka gore Jesu o tshotswe ka October. Ee, lefa motho a ka akanya eng, tota Jesu ga a tsholwa ka nako ya mariga.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gore o tle o utlwe go go oketsegileng ka boperofeti jono, bona boroutšhara ya Will There Ever Be a World Without War? mo go tsebe 26, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Jerusalema e e apesitsweng ke semathana, jaaka fa go ka bonwa go tswa kwa botlhaba
[Motswedi wa Setshwantsho]
Garo Nalbandian
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Semathana go dikologa lorako lwa Jerusalema
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Badisa ba kgona go nna le matsomane a bone bosigo mo mefapheng e e maje ya dithaba fela ka nako ya setlha se se mogote, jaaka go bonwa fa tlase
[Motswedi wa Setshwantsho]
Garo Nalbandian