“Seaparo se se Boitshepo sa Kwa Trier”
TRIER, motse o o nang le hisitori e e simolotseng dingwaga di le 2000 tse di fetileng, ke wa bogologolo thata go di feta tsotlhe kwa Jeremane.a Trier e nnile le dikamano le Kereke ya Katoliki ka makgolo a mantsi a dingwaga. Ka 1996 kereke e kgolo kwa Trier e ne ya ntsha segopodiso sa bogologolo gore se bonwe ke mongwe le mongwe mme nako e se nnileng teng ka yone e batla e lekana le dingwaga tsa motse ka boone. Se bidiwa Seaparo se se Boitshepo sa Trier.
Seaparo seno se boleele jwa dimetara di le 1,57 le bophara jwa dimetara di le 1,09 mme se na le matsogo a makhutshwane. Se dirilwe ka letsela mme, go ya ka Hans-Joachim Kann mo bukeng ya gagwe ya Wallfahrtsführer Trier und Umgebung (Kaelo ya Loeto Lwa Sedumedi go ya Kwa Trier le Ditikologo Tsa Yone), gongwe se ne se aparwa jaaka seaparo sa kafa ntle. Diphopholetso dingwe di neela letlha la seaparo sa ntlhantlha—se bogolo jwa sone bo ileng jwa baakanngwa le go thatafadiwa ka matsela a mangwe go ralala makgolo a dingwaga—bogologolo kwa lekgolong la bobedi kana tota la ntlha la dingwaga C.E. Fa e le gore go ntse jalo, seo se tla dira gore e nne seaparo se se sa tlwaelegang, selo se se kgatlhang se se ka bewang kwa musiamong.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba bolela gore ga se gore seaparo seo ga se a tlwaelega fela mme gape se boitshepo—ke gone ka moo se bidiwang Seaparo se se Boitshepo. Ke ka gonne ga se na meroko, fela jaaka seaparo se se kafa teng se Jesu Keresete a neng a se apara. (Johane 19:23, 24) Bangwe ba bolela gore totatota “Seaparo se se Boitshepo” e ne e le sa ga Mesia.
Ga go tlhomamisege gore seaparo seno se tlile jang kwa Trier. Buka nngwe ya ditshupiso e bolela gore se ne se “tlisitswe mo motseng oo ke mohumagadi Helena, mmaagwe Constantine yo Mogolo.” Kann o tlhalosa gore pego ya ntlha e e ikanyegang ya go nna gone ga seaparo seno kwa Trier ke go tloga ka 1196.
Seaparo seno, se se beilweng kwa kerekeng e kgolo, se ile sa bewa nako ya ditiragalo tse di farologaneng fa e sale ka lekgolo la bo16 la dingwaga. Ka sekai, seno se ne sa dirwa ka 1655, ka bonako morago ga Ntwa ya Dingwaga Tse di Masomemararo, tse di lolweng thata kwa Trier. Kgwebo ya loeto lwa sedumedi lwa dilo tsa bogologolo e ne e le nako e go neng go dirwa madi a mantsi ka yone.
Go nnile le maeto a mararo a sedumedi a “Seaparo se se Boitshepo” mo lekgolong leno la dingwaga—ka 1933, 1959 le 1996. Ka 1933 loeto lwa sedumedi lo ne lwa itsesiwe ka letsatsi le le lengwe le le Hitler a neng a tlhomiwa go nna mokanseleri wa Puso ya Jeremane. Kann o tlhalosa gore go direga ka nako e le nngwe ga ditiragalo tse pedi tseno ka letlha le le tshwanang go tlhalosa maemo a a neng a le teng ka nako ya loeto lono lwa sedumedi. Masole a a apereng diaparo tsa sesole a Banasi a ne a direla baeti ba sedumedi sesupo sa tlotlo ka kwa ntle ga kereke e kgolo. Go ne go na le batho ba le dimilione di le pedi le sephatlo ba ba neng ba leba seaparo ka ngwaga oo.
Herbert, moagi mongwe yo o neng a nna kwa Trier ka dingwaga di le dintsi, o ne a bapisa maeto a sedumedi a 1959 le a 1996. “Ka 1959 mebila e ne e tletse batho, go na le mafelo a go rekisa a a neng a rekisa dilo tsa go ikgopotsa loeto mo e ka nnang gongwe le gongwe mo mmileng. Monongwaga tiragalo eno e didimetse thata.” Totatota, ke ba le 700 000 fela ba ba ileng ba ya go bona seaparo ka 1996, go tlhaela milione mo palong ya 1959.
Ke ka Ntlha Yang Fa ba Ya go Bona Seaparo?
Kereke e gatelela gore seaparo seo ga se a tshwanela go tsewa e le selo se se tshwanetseng go sisimogiwa. Seaparo se se se nang moroko se tshwanetse go tsewa e le se se tshwantshetsang kutlwano ya kereke. Frankfurter Allgemeine Zeitung e bega gore fa go ne go itsisiwe loeto lwa sedumedi, Mobishopo Spital o ne a bolela jaana: “Boemo jo bo sa tlwaelegang mo lefatsheng la rona bo tlhotlheletsa rona jaaka Bakeresete go nna le dikarabo tse di sa tlwaelegang. Re tshwanetse gore re emelane le go oketsega ga letlhoo, bosetlhogo le thubakanyo.” Mobishopo yono o ne a tlhalosa gore go bona seaparo go tla gakolola motho ka kutlwano.
Mme ke ka ntlha yang fa motho a ka tlhoka “Seaparo se se Boitshepo” gore a gakololwe ka kutlwano ya kereke? Go tweng fa e le gore seaparo seo se a senyega kana se a bola kana go twe ga se sa mmatota? A kutlwano ya kereke e tla bo e le mo kotsing? Go tweng ka batho ba ba sa kgoneng go tsaya loeto lwa sedumedi go ya kwa Trier? A bone ga ba amiwe ke kutlwano e e mo kerekeng?
Dikwalo tse di Boitshepo ga di umake gope gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tlhoka sengwe go ba gakolola ka botlhokwa jwa kutlwano ya Bokeresete. Eleruri, moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ka mafoko ano: “Re sepela ka tumelo, e seng ka pono.” (2 Bakorinthe 5:7) Ka jalo, kutlwano e Bakeresete ba nang le yone e tlhalosiwa e le ‘bongwefela jwa tumelo.’—Baefeso 4:11-13.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Tsogang! ya April 22, 1980, ditsebe 21-3, (ka Seesemane).