Lelapa la ga Jehofa Le na Le Kutlwano e e Tlhokegang
“Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela.”—PESALEMA 133:1.
1. Malapa a le mantsi gompieno a mo boemong bofe?
LELAPA le mo kotsing gompieno. Dikamano tsa lenyalo mo malapeng a le mantsi, di tla tloga di senyega. Tlhalo e oketsega gongwe le gongwe, mme bana ba le bantsi ba banyalani ba ba tlhalaneng ba hutsafetse fela thata. Dimilione tsa malapa ga di a itumela e bile ga di utlwane. Lefa go ntse jalo, go na le lelapa le le lengwe fela le le itumetseng ka boammaaruri e bile le utlwana ka tsela ya mmatota. Ke lelapa la lobopo lotlhe la ga Jehofa Modimo. Mo go lone, dimiriate tsa baengele tse di sa bonaleng di tsweledisa ditiro tsa tsone go dumalana le thato ya Modimo. (Pesalema 103:20, 21) A mme go na le lelapa lengwe mo lefatsheng le le nang le kutlwano e e ntseng jalo?
2, 3. (a) Ke bomang ba gone jaanong ba leng karolo ya lelapa la lobopo lotlhe la Modimo, mme re ka tshwantsha Basupi ba ga Jehofa botlhe le eng gompieno? (b) Ke dipotso dife tse re tla tlotlang ka tsone?
2 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke [khubamela] Rara ka mangole, ene yo ditshika tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng di bidiwang ka ene.” (Baefeso 3:14, 15) Losika longwe le longwe lwa lelapa le le mo lefatsheng lo tshwanetse lwa bidiwa ka Modimo ka gonne ke ene Mmopi. Lefa gone go se na malapa a batho kwa legodimong, fa re bua ka tshwantshetso, Modimo o nyetse mokgatlho wa gagwe wa selegodimo, mme Jesu o tla dira gore monyadiwa wa semoya a kopane le ene kwa magodimong. (Isaia 54:5; Luke 20:34, 35; 1 Bakorinthe 15:50; 2 Bakorinthe 11:2) Batlodiwa ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng jaanong ke karolo ya lelapa la lobopo lotlhe la Modimo, mme “dinku di sele” tsa ga Jesu tse di solofetseng go tla go tshela mo lefatsheng, ke maloko a lone a mo isagweng. (Johane 10:16; Baroma 8:14-17; Tora ya Tebelo, January 15, 1996, tsebe 31) Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa botlhe gompieno ba ka tshwantshiwa le lelapa la lefatshe lotlhe le le utlwanang.
3 A o mongwe wa lelapa la ditšhaba tsotlhe le le molemolemo la batlhanka ba Modimo? Fa e le gore o mongwe wa lone, o na le masego a mantsi thata a motho ope a ka nnang le one. Dimilione tsa batho di tla supela gore lelapa la ga Jehofa le le mo lefatsheng lotlhe—e leng mokgatlho wa gagwe o o bonalang—le na le kagiso le kutlwano e kgolo mo lefatsheng le le padimotsweng ke dintwa e bile le se na kutlwano. Kutlwano ya lelapa la ga Jehofa le le mo lefatsheng lotlhe e ka tlhalosiwa ka tsela e e ntseng jang? Mme ke dilo dife tse di rotloetsang gore go nne le kutlwano e e ntseng jalo?
Go Molemo Jang Ebile go Monate Jang ne!
4. O dirisa mafoko a gago, o ne o tla tlhalosa jang se Pesalema 133 e se bolelang ka kutlwano ya bokaulengwe?
4 Mopesalema Dafite o ne a bontsha gore o anaanela go utlwana ga bakaulengwe thata. O ile a bo a tlhotlhelediwa gore a opele ka gone! Mo akanye a tshotse harepe ya gagwe a ntse a opela jaana: “Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela. Go tshwana jaaka lookwane lo lo tlhokegang lo le mo tlhogong, lwa repelelela le kwa ditedung, e bong ditedu tsa ga Arone; lwa ba lwa fologela le kwa dipeeleding tsa diaparo tsa gagwe; go tshwana jaaka monyo wa Heremone, o o fologelang mo dithabeng tsa Sione; gonne Jehofa o laoletse tshegofatso gone, e bong botshelo ka bosakhutleng.”—Pesalema 133:1-3.
5. Go ya ka Pesalema 133:1, 2, Baiseraele ba ka bapisiwa jang le batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno?
5 Mafoko ao a ne a lebisitse kwa kutlwanong ya bokaulengwe e e neng e itumelelwa ke batho ba bogologolo ba Modimo, e bong Baiseraele. Fa ba ne ba le kwa Jerusalema mo meletlong ya bone e meraro e e neng e ketekwa ngwaga le ngwaga, ba ne ba aga mmogo ka kutlwano. Le mororo ba ne ba tswa mo ditsong tse di farologaneng, e ne e le lelapa le le lengwe fela. Go kopana mmogo ga bone go ne go ba solegela molemo thata, fela jaaka lookwane lo lo tlodiwang le lo lo lapolosang lo lo nkgang monate. Fa lookwane loo lo ne lo tshelwa mo tlhogong ya ga Arone, lo ne lwa elelela mo ditedung tsa gagwe mme lwa tshologela mo kholorong ya seaparo sa gagwe. Go nna mmogo ga Baiseraele go ne go ba kgothatsa mmogo le batho botlhe ba ba neng ba kokoane le bone. Go sa utlwisisane go ne go rarabololwa, mme go ne go rotloediwa gore go nne le kutlwano. Lelapa la ga Jehofa le le mo lefatsheng lotlhe le na le kutlwano e e tshwanang gompieno. Go kopana mmogo ka metlha go thusa maloko a lone ka tsela e e siameng mo semoyeng. Go sa utlwisisane gope fela kana mathata, a tlosiwa ka go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo. (Mathaio 5:23, 24; 18:15-17) Batho ba ga Jehofa ba anaanela thata go kgothatsana mo go bakwang ke gore ba na le kutlwano ya bokaulengwe.
6, 7. Kutlwano ya Baiseraele e ne e tshwana jang le monyo wa Thaba ya Heremone, mme tshegofatso ya Modimo e ka bonwa kae gompieno?
6 Go aga mmogo ga Baiseraele ka kutlwano go ne go tshwana jang gape le monyo wa Thaba ya Heremone? Ebu, e re ka tlhora ya thaba eno e le bogodimo jo bo fetang dimetara di le 2 800 kwa godimo ga selekanyo sa boalo jwa lewatle, e nna e khurumeditswe ke semathane mo e ka nnang mo ngwageng otlhe. Tlhora ya thaba ya Heremone e e khurumeditsweng ke semathane e dira gore mouwane wa bosigo o fetoge metsi mme ka jalo e ntshe monyo o montsi o o sireletsang dimela ka paka e telele e go sa neng pula mo go yone. Moya o o tsiditsana o o tswang kwa leropong la dithaba tsa Heremone o ka kgona go tsaya mouwane oo le go o fitlhisa kwa borwa mo karolong ya Jerusalema, koo o fitlhang o fetoga o nna monyo. Ka jalo go ne go tshwanela go bo mopesalema a ne a bua ka ‘monyo wa Heremone o o fologelang kwa Thabeng ya Sione.’ A bo o re gakolola maatla a a lapolosang jang ne a a rotloetsang gore lelapa la ga Jehofa la baobamedi le nne le kutlwano!
7 Pele phuthego ya Bokeresete e tlhomiwa, Sione, kana Jerusalema, e ne e le lefelo la kobamelo ya boammaaruri. Ka gone, ke koo Modimo a neng a laela gore motse oo o tla segofadiwa. E re ka Motswedi wa ditshegofatso tsotlhe a ne a le mo lefelong le le boitshepo kwa Jerusalema ka tsela ya tshwantshetso, ditshegofatso di ne di tla tswa mo go lone. Lefa go ntse jalo, e re ka kobamelo ya boammaaruri e sa tlhole e le mo lefelong le le rileng fela, tshegofatso, lorato le kutlwano ya batlhanka ba Modimo e ka bonwa mo lefatsheng lotlhe gompieno. (Johane 13:34, 35) Ke mabaka afe a mangwe a a rotloetsang gore go nne le kutlwano eno?
Mabaka a a Rotloetsang Gore go Nne le Kutlwano
8. Ke eng se re se ithutang ka kutlwano mo go Johane 17:20, 21?
8 Kutlwano ya baobamedi ba ga Jehofa e ikaegile ka go utlwa Lefoko la Modimo le le tlhaloganngwang sentle, go akaretsa le dithuto tsa ga Jesu Keresete. Jehofa o ne a bula sebaka sa go tlhoma phuthego ya Bokeresete e e utlwanang ka gore a romele Morwawe mo lefatsheng gore a supe ka ga boammaaruri le go swa loso lwa go intsha setlhabelo. (Johane 3:16; 18:37) Jesu o ne a phepafatsa gore go ne go tshwanetse ga nna le kutlwano ya mmatota mo malokong a yone fa a ne a rapela jaana: “Le gone ga ke rapelele bone bosi, mme ke rapelela le ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna mo go wena, gore le bone ba nne mo go rona, gore lefatshe le dumele fa o nthomile.” (Johane 17:20, 21) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba na le kutlwano e e tshwanang le e Modimo le Morwawe ba nang le yone. Ba ne ba nna le yone ka gonne ba ne ba dumalana le Lefoko la Modimo le dithuto tsa ga Jesu. E re ka lelapa la ga Jehofa le le mo lefatsheng lotlhe le na le boikutlo jo bo tshwanang, ke gone go dirang thata gore le nne le kutlwano gompieno.
9. Moya o o boitshepo o thusa ka eng gore go nne le kutlwano mo bathong ba ga Jehofa?
9 Lebaka le lengwe le le dirang gore batho ba ga Jehofa ba utlwane ke gore re na le moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang. O re thusa gore re tlhaloganye boammaaruri jo bo senotsweng jwa Lefoko la ga Jehofa mme ka gone re bo re mo direla ka kutlwano. (Johane 16:12, 13) Moya ono o re thusa gore re tile ditiro tsa nama tse di kgaoganyang batho tse di jaaka kgotlhang, lefufa, dikgakalo le ditomologano. Go na le moo, moya wa Modimo o re thusa gore re nne le leungo le le dirang gore re lomagane la lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, boingotlo le boikgapo.—Bagalatia 5:19-23.
10. (a) Lorato lo lo leng teng mo lelapeng la batho ba ba utlwanang le ka bapisiwa jang le lorato lo lo bonalang mo bathong ba ba ineetseng mo go Jehofa? (b) Leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang le ne la ntsha maikutlo a lone jang malebana le go kopana le bakaulengwe ba lone ba semoya?
10 Maloko a lelapa le le utlwanang a a ratana e bile a itumelela go nna mmogo. Ka mo go tshwanang, batho ba ba mo lelapeng le le lomaganeng la baobamedi ba ga Jehofa ba a mo rata, ba rata Morwawe le badumedikabone. (Mareko 12:30; Johane 21:15-17; 1 Johane 4:21) Fela jaaka lelapa la tlholego le le nang le lorato le itumelela go ja dijo mmogo, ba ba ineetseng mo Modimong ba itumelela go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le kwa dikopanong tse dikgolo gore ba solegelwe molemo ke botsalano jo bo molemo le dijo tse di monate thata tsa semoya. (Mathaio 24:45-47; Bahebere 10:24, 25) Leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa le kile la bolela jaana: “Nna ke itumela thatathata fa ke kopane le bakaulengwe e bile go a nkgothatsa. Ke rata go nna mongwe wa ba ba fitlhang pele kwa Holong ya Bogosi, mme ke tsamaye le ba bofelo, fa go kgonega. Ke ikutlwa ke itumetse tota fa ke buisana le batho ba Modimo. Fa ke na le bone ke ikutlwa ke le kwa ga mothakga le lelapa la gaetsho.” A ke yone tsela e o ikutlwang ka yone?—Pesalema 27:4.
11. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela tiro efe thatathata, mme go felela ka eng fa re dira tirelo ya Modimo gore e nne yone ya konokono mo matshelong a rona?
11 Lelapa le le utlwanang le itumelela go dira dilo mmogo. Ka mo go tshwanang, batho ba ba mo lelapeng la baobamedi ba ga Jehofa ba itumelela go dira tiro ya bone ya go rera ka Bogosi ka kutlwano le ya go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Fa re nna le seabe ka metlha mo go yone re tla utlwana thata le Basupi ba bangwe ba ga Jehofa. Fa re dira tirelo ya Modimo gore e nne yone ya konokono mo matshelong a rona mme re tshegetsa ditiro tsotlhe tsa batho ba gagwe le gone go rotloetsa moya wa go nna lelapa o o mo go rona.
Thulaganyo ya Puso ya Modimo e Botlhokwa
12. Ke dilo dife tse di bonalang mo lelapeng le le itumetseng le le le nang le kutlwano, mme ke thulaganyo efe e e neng e dira gore go nne le kutlwano mo diphuthegong tsa Bokeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga?
12 Lelapa le le nang le boeteledipele jo bo nonofileng le jo bo lorato e bile le na le thulaganyo le ka nna le kutlwano le boitumelo. (Baefeso 5:22, 33; 6:1) Jehofa ke Modimo yo o nang le thulaganyo e e nang le kagiso, mme botlhe ba ba mo lelapeng la gagwe ba mo tsaya e le “Mogodimodimo.” (Daniele 7:18, 22, 25, 27; 1 Bakorinthe 14:33) Gape ba lemoga gore o tlhomile Morwawe, Jesu Keresete, go nna mojaboswa wa dilo tsotlhe mme o mo neetse taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng. (Mathaio 28:18; Bahebere 1:1, 2) Phuthego ya Bokeresete ke mokgatlho o o nang le thulaganyo le o o utlwanang, ka Keresete e le Tlhogo ya yone. (Baefeso 5:23) Go ne go na le setlhopha se se laolang se se neng se bopilwe ka baaposetoloi le “bagolwane” ba bangwe ba ba godileng mo semoyeng, gore se okamele ditiro tsa diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga. Phuthego nngwe le nngwe e ne e na le balebedi kana bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tlhomilweng. (Ditiro 15:6; Bafilipi 1:1) Go utlwa ba ba eteletseng pele go ne go dira gore go nne le kutlwano.—Bahebere 13:17.
13. Jehofa o atametsa batho jang, mme seno se felele ka eng?
13 A mme seno se raya gore thulaganyo eno yotlhe ya go utlwana ga baobamedi ba ga Jehofa e ka tswa e dirwa ke go bo go na le boeteledipele jo bo gagamaditseng molao le jo bo se nang lorato? Tota nnyaa! Ga go na gope mo Modimo kana mokgatlho wa gagwe o sa bontsheng lorato gone. Jehofa o atametsa batho ka go ba bontsha lorato, mme ngwaga le ngwaga makgolo a dikete a batho ba nna karolo ya mokgatlho wa ga Jehofa ka go rata ga bone le ka boitumelo ka gore ba kolobediwe e le go tshwantshetsa gore ba ineetse mo Modimong ka pelo yotlhe. Ba ikutlwa fela jaaka Joshua, yo o neng a rotloetsa Baiseraelekaene jaana: “Itshenkeleng gompieno yo lo tlaa mo direlang . . . Mme ka ga me, le ba ntlo ya me, rona re tlaa direla Jehofa fela.”—Jošua 24:15.
14. Ke ka ntlha yang fa re ka re mokgatlho wa ga Jehofa o tshegetsa puso ya Modimo?
14 Jaaka re le bangwe ba lelapa la ga Jehofa, re itumetse mme gape re babalesegile. Go ntse jalo ka gonne mokgatlho wa gagwe o tshegetsa puso ya Modimo. Bogosi jwa Modimo ke puso ya Modimo (go tswa mo lefokong la Segerika the·osʹ, modimo, le kraʹtos, puso). Ke puso ka Modimo, e e laolwang ke ene le e e tlhomilweng ke ene. “Morafe o o boitshepo” o o tloditsweng wa ga Jehofa o ikobela puso ya gagwe mme ka gone le one o tshegetsa puso ya Modimo. (1 Petere 2:9) Re tshwanetse go ikutlwa re babalesegile e re ka Jehofa, Motshegetsi yo Mogolo wa Puso ya Modimo, e le Moatlhodi, Motlhomamolao le Kgosi ya rona. (Isaia 33:22) Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore go ka tsoga kgotlhang mme ya dira gore re se ka ra itumela, ra babalesega le go utlwana?
Setlhopha se se Laolang se Tsaya Kgato
15, 16. Ke kgotlhang efe e e neng ya tsoga mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ka ntlha yang?
15 Gangwe le gape go ka tshwanelwa gore kgotlhang e rarabololwe gore go nne le kutlwano mo lelapeng. A re re gongwe he, bothata bongwe jwa semoya bo ne bo tlhoka gore bo rarabololwe gore go nne le kutlwano ya lelapa la baobamedi ba Modimo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Ke eng se se neng sa tshwanelwa go dirwa? Setlhopha se se laolang se ne se tsaya kgato, se dira ditshwetso malebana le dikgang tsa semoya. Kgato e e ntseng jalo e teng mo Dikwalong.
16 Mo e ka nnang ka 49 C.E., setlhopha se se laolang se ne sa kopana mmogo kwa Jerusalema gore se rarabolole bothata bongwe jo bo masisi mme ka go dira jalo se ne sa dira gore go nne le kutlwano ya “ba ntlo ya Modimo.” (Baefeso 2:19) Mo e ka nnang dingwaga di le 13 pele ga moo, moaposetoloi Petere o ne a reretse Korenelio, mme Baditšhaba ba ntlha, ba ne ba nna badumedi ba ba kolobeditsweng. (Ditiro, kgaolo 10) Ka loeto lwa ntlha lwa ga Paulo lwa borongwa, Baditšhaba ba le bantsi ba ne ba amogela Bokeresete. (Ditiro 13:1–14:28) Tota e bile, phuthego nngwe ya Bakeresete ba Baditšhaba e ne e setse e tlhomilwe kwa Antioke, Siria. Bajuta ba bangwe ba Bakeresete ba ne ba dumela gore basokologi ba Baditšhaba ba ne ba tshwanetse go rupisiwa mme ba dirise Molao wa ga Moshe, mme ba bangwe ba ne ba sa dumalane le seo. (Ditiro 15:1-5) Kgotlhang eno e ka bo e ile ya dira gore go se nne le kutlwano gotlhelele, tota le gone go dira gore diphuthego tsa Bajuta le tsa Baditšhaba di kgaogane. Ka gone setlhopha se se laolang se ne sa tsaya kgato ka bonako go dira gore go nne le kutlwano ya Bokeresete.
17. Ke thulaganyo efe ya puso ya Modimo e e lomaganyang batho e e tlhalositsweng mo go Ditiro kgaolo 15?
17 Ditiro 15:6-22 e bolela gore, “baaposetole le bagolwane ba phuthegela kgang e go e bua.” Gape go ne go na le ba bangwe, go akaretsa le baemedi ba ba neng ba tswa kwa Antioke. Sa ntlha Petere o ne a tlhalosa gore ‘Baditšhaba ba ne ba utlwa lefoko la Mafoko a a Molemo ka molomo wa gagwe, mme ba dumela.’ Morago ga moo “batho ba bantsi botlhe” ba ne ba reetsa fa Barenabase le Paulo ba ntse ba bolela “ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng mo go Baditšhaba ka bone.” Go tswa foo Jakobe o ne a akantsha ka fa kgang eno e neng e ka rarabololwa ka teng. Fa setlhopha se se laolang se se na go dira tshwetso, re bolelelwa jaana: “Baaposetole le bagolwane, ba na le phuthego yotlhe, ba fitlhela go ka nna molemo go itshenkela banna bangwe ba lesomo la bone, le go ba roma kwa Antioke, ba ya le Paulo le Barenabase.” ‘Banna ba ba itshenketsweng’ bao—Jutase le Silase—ba ne ba isa lekwalo le le neng le kgothatsa kwa badumedingkabone.
18. Setlhopha se se laolang se ne sa dira tshwetso efe malebana le Molao wa ga Moshe, mme seno se ne sa ama Bakeresete ba Bajuta le ba Baditšhaba jang?
18 Lekwalo leno le le neng le itsise tshwetso ya setlhopha se se laolang le ne le simolola ka mafoko ano: “Baaposetole le bakaulengwe ba bagolwane ba dumedisa bakaulengwe ba bone ba Baditšhaba, ba ba kwa Antioke le kwa Siria, le kwa Kilikia.” Ba bangwe ba ne ba le teng mo pokanong eno e e neng e le botlhokwa thata, mme go lebega setlhopha se se laolang se ne se bopilwe ka “baaposetole le bakaulengwe ba bagolwane.” Moya wa Modimo o ne o ba kaela, ka gonne lekwalo leno le bolela jaana: “Go le Mowa o o Boitshepo, go le rona, re fitlhetse go le molemo gore re se ka ra lo baya morwalo ope go fetisa dilo tse di tshwanetseng tse; e bong gore lo ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng, le mo boakeng.” (Ditiro 15:23-29, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Bakeresete ba ne ba sa tlhoke gore ba rupe le go dirisa Molao wa ga Moshe. Tshwetso eno e ne ya thusa Bakeresete ba Bajuta le Baditšhaba gore ba dire dilo le go bua ka kutlwano. Diphuthego di ne tsa itumela, mme kutlwano e e tlhokegang e ne ya tswelela pele, fela jaaka e tsweletse pele mo lelapeng la lefatshe lotlhe la Modimo gompieno kafa tlase ga kaelo ya semoya ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.—Ditiro 15:30-35.
Direla mo Kutlwanong ya Puso ya Modimo
19. Ke ka ntlha yang fa kutlwano e ile ya nna kgolo mo lelapeng la baobamedi ba ga Jehofa?
19 Kutlwano e nna kgolo fa ba lelapa ba dirisana mmogo. Go ntse fela jalo ka lelapa la baobamedi ba ga Jehofa. E re ka bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshegetsa puso ya Modimo, ba ne ba direla Modimo ba ntse ba tsamaisana mmogo le setlhopha se se laolang e bile ba amogela ditshwetso tsa sone. Ka gore bagolwane ba thusiwe ke setlhopha seno se se laolang, ba ‘ne ba rera lefoko’ mme maloko a diphuthego tsotlhe a ne ‘a le puo nngwe fela.’ (2 Timotheo 4:1, 2; 1 Bakorinthe 1:10) Ka jalo go ne go buiwa boammaaruri jwa Dikwalo jo bo tshwanang mo bodireding le kwa dipokanong tsa Bokeresete, e ka tswa e ne e le kwa Jerusalema, Antioke, Roma, Korintha, kana gope fela. Kutlwano e e ntseng jalo ya puso ya Modimo e teng gompieno.
20. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le kutlwano ya Bokeresete?
20 Gore re nne re na le kutlwano, rotlhe ba re leng karolo ya lelapa la lefatshe lotlhe la ga Jehofa re tshwanetse go gagamalela go bontsha lorato lwa puso ya Modimo (1 Johane 4:16) Re tlhoka gore re ineele go dira thato ya Modimo mme re tlotle “motlhanka yo o boikanngo” thata le Setlhopha se se Laolang. Ke boammaaruri gore fela jaaka re ineetse mo Modimong, re bontsha kutlo ka go rata le ka boitumelo. (1 Johane 5:3) A bo go tshwanela jang ne gore mopesalema a amanye boitumelo le kutlo! O ne a opela jaana: “Bakang Jehofa. Go [itumela, NW] monna yo o boifang Jehofa, yo o kgatlhegang thata mo ditaolong tsa gagwe.”—Pesalema 112:1.
21. Re ka itshupa jang gore re tshegetsa puso ya Modimo?
21 Jesu yo e leng Tlhogo ya phuthego, o tshegetsa puso ya Modimo ka botlalo e bile ka metlha o dira thato ya ga Rraagwe. (Johane 5:30) Ka gone, a re lateleng Motlhomasekao wa rona ka gore re tshegetse puso ya Modimo re bo re dira thato ya ga Jehofa ka kutlwano re dirisana mmogo le mokgatlho wa Gagwe. Re ka boeletsa pina eno ya ga mopesalema ka boitumelo jo bogolo le ka go bontsha malebogo jaana: “Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela.”
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Kutlwano ya rona ya Bokeresete e ka dumalana jang le Pesalema 133?
◻ Ke mabaka afe a mangwe a a rotloetsang gore go nne le kutlwano?
◻ Ke ka ntlha yang fa thulaganyo ya puso ya Modimo e le botlhokwa gore go nne le kutlwano mo bathong ba Modimo?
◻ Setlhopha se se laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga se ne sa tsaya kgato efe gore go nne go na le kutlwano?
◻ Go direla mo kutlwanong ya puso ya Modimo go kaya eng mo go wena?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Setlhopha se se laolang se ne sa tsaya kgato go dira gore go nne go na le kutlwano