Lo Nne Lo na Le Kutlwano mo Metlheng Eno ya Bofelo
“A mokgwa wa lona wa botshelo e nne o o tshwanetseng Mafoko a a Molemo . . . , lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo ntse lo ganelela tumelo ya Mafoko a a Molemo ka mowa o le mongwe fela.”—BAFILIPI 1:27.
1. Basupi ba ga Jehofa ba farologana jang le lefatshe?
ENO ke ‘metlha ya bofelo.’ Ga go belaetse gore “dipaka tse di tlhokofatsang” di setse di fitlhile. (2 Timotheo 3:1-5) Mo “motlheng [ono] wa bokhutlo,” o batho ba one ba ratang dikhuduego, Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologile ka tsela e e farologaneng tota ka gonne ba na le kagiso le kutlwano. (Daniele 12:4) Mme mongwe le mongwe yo o leng karolo ya lelapa la baobamedi ba ga Jehofa o tlhoka go dira ka natla gore kutlwano eno e nne e ntse e le teng.
2. Ke eng se Paulo a neng a se bolela malebana le go nna re na le kutlwano, mme ke potso efe e re tla e sekasekang?
2 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresetekaene gore ba nne ba na le kutlwano. O ne a kwala jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo e nne o o tshwanetseng Mafoko a a Molemo a ga Keresete, gore, e tle e re le fa ke ka tla go lo bona, kgotsa ke se yo, ke be ke utlwele go tshela ga lona, fa lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo ntse lo ganelela tumelo ya Mafoko a a Molemo ka mowa o le mongwe fela; lo sa boifisiwe mo go sepe ke baganetsi; mo e leng sesupo se se bonalang sa tatlhego mo go bone, mme mo go lona sa poloko, e e bileng e le e e tswang mo Modimong.” (Bafilipi 1:27, 28) Mafoko a ga Paulo a bontsha sentle gore re tshwanetse go dira mmogo re le Bakeresete. Ka gone he, ke eng se se ka re thusang gore re nne le kutlwano ya Bokeresete mo metlheng eno e e thata?
Ineele go Dira Thato ya Modimo
3. Baditšhaba ba ntlha ba ba sa rupang ba ne ba simolola go nna balatedi ba ga Keresete leng le gone jang?
3 Tsela nngwe ya go nna le kutlwano ke go ineela go dira thato ya Modimo ka metlha yotlhe. Seno se ka nna sa tlhoka gore re fetole tsela e re akanyang ka yone. Akanya ka barutwa ba bogologolo ba Bajuta ba ga Jesu Keresete. Fa moaposetoloi Petere a ne a rerela Baditšhaba ba ba sa rupang la ntlha ka 36 C.E., Modimo o ne a ba tshololela moya o o boitshepo, mme ba kolobediwa. (Ditiro, kgaolo 10) E ne e le Bajuta, Basokologelasejuteng le Basamaria fela ba ba neng ba le balatedi ba ga Jesu Keresete go fitlha ka nako eo.—Ditiro 8:4-8, 26-38.
4. Fa Petere a se na go tlhalosa se se neng sa diragalela Korenelio, ke eng se a neng a se bolela, mme seno se ne sa leka barutwa ba ga Jesu ba Bajuta ka tsela efe?
4 Fa baaposetoloi le bakaulengwe ba bangwe kwa Jerusalema ba ne ba utlwa gore Korenelio le Baditšhaba ba bangwe ba sokologile, ba ne ba kgatlhegela go utlwa pego ya ga Petere. Fa moaposetoloi a se na go tlhalosa ka se se neng sa diragalela Korenelio le Baditšhaba ba bangwe ba ba neng ba dumela, o ne a wetsa ka mafoko ano: “Ke gone e re fa Modimo o ba neile [Baditšhaba bao ba ba dumelang] neo [ya moya o o boitshepo] e e etsang e o e re neileng le rona [Bajuta], jale ka re dumela mo go Morena Jesu Keresete, ka bo ke le mang, fa nka ganela le Modimo?” (Ditiro 11:1-17) Seno se ne sa leka balatedi ba Bajuta ba ga Jesu Keresete. A ba ne ba tla ineela go dira thato ya Modimo mme ba amogela Baditšhaba ba ba neng ba dumela e le baobamedikabone? Kana a kutlwano ya batlhanka ba ba mo lefatsheng ba ga Jehofa e ne e tla koafala?
5. Baaposetoloi le bakaulengwe ba bangwe ba ne ba itshwara jang fa Modimo o ne o letlelela Baditšhaba gore ba sokologe, mme ke eng se re ka se ithutang malebana le boikutlo jono?
5 Polelo eno e re: “Ya re [baaposetoloi le bakaulengwe ba bangwe] ba utlwa dilo tse, ba didimala fela, mme ba baka Modimo, ba re: ‘Jalo Baditšhaba le bone Modimo o ba neile boikwatlhao jwa go bona botshelo.’” (Ditiro 11:18) Boikutlo joo bo ne jwa dira gore balatedi ba ga Jesu ba nne ba na le kutlwano e bile bo e rotloetsa. Go ise go ye kae fela, tiro ya go rera e ne ya tswelela pele mo Baditšhabeng, mme Jehofa o ne a segofatsa ditiro tse di ntseng jalo. Rona ka borona re tshwanetse go dumela fa re kopiwa gore re dirisane mmogo malebana le go tlhomiwa ga phuthego e ntšha kana fa e le gore go na le phetogo nngwe e e dirilweng e e tshegetsang puso ya Modimo e e kaelwang ka moya o o boitshepo wa Modimo. Fa re dirisana mmogo ka pelo yotlhe re tla itumedisa Jehofa mme seo se tla re thusa gore re nne re na le kutlwano mo metlheng eno ya bofelo.
Ngaparelang Boammaaruri
6. Boammaaruri bo ama kutlwano ya baobamedi ba ga Jehofa jang?
6 Jaaka re le karolo ya lelapa la baobamedi ba ga Jehofa, re nna re na le kutlwano ka gonne rotlhe re “rutwa ke Modimo” mme re dirisa boammaaruri jwa gagwe jo a bo senotseng ka tlhomamo. (Johane 6:45; Pesalema 43:3) E re ka dithuto tsa rona di ikaegile ka Lefoko la Modimo, rotlhe re bua puo e le nngwe fela. Re amogela dijo tsa semoya ka boitumelo tse di tswang kwa go Jehofa ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Thuto e e ntseng jalo e e tshwanang e re thusa gore re nne le kutlwano mo lefatsheng lotlhe.
7. Fa e le gore motho ka bongwe re palelwa ke go tlhaloganya thuto nngwe, ke eng se re tshwanetseng go se dira, mme ke eng se re sa tshwanelang go se dira?
7 Go tweng fa e le gore rona motho ka bongwe ga re tlhaloganye kana ga re amogele thuto nngwe e e rileng? Re tshwanetse ra kopa botlhale ka thapelo le go batlisisa mo Dikwalong le mo dikgatisong tsa Bokeresete. (Diane 2:4, 5; Jakobe 1:5-8) Go buisana le mogolwane go ka nna ga thusa. Fa e le gore thuto eo e santse e sa tlhaloganngwe, go ka nna molemo gore re se ka ra tshwenyega thata ka kgang eo. Gongwe tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kgang eo e tla gatisiwa, mme e bo e le gone re ka oketsang tsela e re tlhaloganyang ka yone. Lefa go ntse jalo, go tla bo go le phoso go leka go tlhotlheletsa ba bangwe mo phuthegong gore ba tseye mogopolo wa rona o o farologaneng. Seno e tla bo e le go tsala kgotlhang, e seng go gagamalela gore go nne le kutlwano. A bo go le molemo jang ne go “tsamaya mo boammaaruring” le go kgothatsa ba bangwe go dira jalo!—3 Johane 4.
8. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe jo bo tshwanetseng ka boammaaruri?
8 Paulo o ne a bolela jaana mo lekgolong la ntlha la dingwaga: “Gonne gompieno re bona mo seiponeng go le lefitshwana, mme e tlaa re mo lobakeng loo re tlaa bona go lebanye difatlhogo; gompieno ke itse ka bontlhanngwe; mme e tlaa re mo lobakeng loo, ke tlaa itse fela jaaka le nna ke itsilwe.” (1 Bakorinthe 13:12) Le mororo Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa tlhaloganye dintlha tsotlhe, ba ne ba ntse ba lomagane. Rona jaanong re tlhaloganya boikaelelo jwa ga Jehofa le Lefoko la gagwe la boammaaruri botoka thata. Ka gone a re itumeleleng boammaaruri jo re nang le jone jo bo tlang ka “motlhanka yo o boikanngo.” Gape a re lebogeleng gore Jehofa o ntse a re goga ka mokgatlho wa gagwe. Lefa gone re ne re se na kitso e e lekanang ka metlha, ga re ise re tshwarwe ke tlala ya semoya kana go nyorwa mo semoyeng. Go na le moo, Modisa wa rona, Jehofa, o re thusa gore re nne re lomagane e bile o ntse a re tlhokometse sentle.—Pesalema 23:1-3.
Go Dirisa Loleme ka Tshiamo!
9. Loleme lo ka dirisiwa jang go dira gore go nne le kutlwano?
9 Go dirisa loleme gore o kgothatse ba bangwe ke tsela e e botlhokwa ya go rotloetsa gore go nne le kutlwano le moya wa bokaulengwe. Lekwalo le le neng la araba kgang ya go rupa, jaaka le ne la romelwa ke setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga, le ne le kgothatsa tota. Fa barutwa ba Baditšhaba kwa Antioke ba se na go le bala, ba ne “ba itumelela kgomotso.” Jutase le Silase, ba ba neng ba rongwa kwa Jerusalema ka lekwalo, ba ne “ba laya bakaulengwe ka mafoko a le mantsi, ba ba nitamisa.” Ga go belaetse gore go bo Paulo le Barenabase ba ne ba le teng le gone go ne go kgothatsa le go nonotsha badumedikabone kwa Antioke. (Ditiro 15:1-3, 23-32) Re ka dira se se tshwanang fa re kopane kwa dipokanong tsa Bokeresete mme ra ‘laelana’ ka go nna gone ga rona le ka dikakgelo tse di agang.—Bahebere 10:24, 25.
10. Gore re dire gore go nne go na le kutlwano, ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re kgalwa?
10 Lefa go ntse jalo, fa re sa dirise loleme lwa rona sentle re ka koafatsa kutlwano ya rona. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Loleme . . . ke tokololo e potlana, lo bolela dilo tse dikgolo ka go ipelafatsa. Bonang, sekgwa se segolo jang se se tshujwang ka molelo o le monnyennye!” (Jakobe 3:5) Jehofa o ila batho ba ba bakang dikgotlhang. (Diane 6:16-19) Puo e e ntseng jalo e ka baka go tlhoka kutlwano. Ka jalo he, go tweng fa go na le dikgalo, ke gore, go sotla motho yo mongwe thata kana go mo tlhapatsa? Bagolwane ba tla leka go thusa motho yo o phoso. Lefa go ntse jalo, mokgadi yo o sa sokologeng o tshwanetse a kgaolwa e le gore go nne le kagiso mo phuthegong, thulaganyo le kutlwano. Legale, Paulo o ne a kwala jaana: “Fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le . . . mokgadi . . . , lo se ka lwa tlwaelana nae, le fa e le go ja nae.”—1 Bakorinthe 5:11.
11. Ke ka ntlha yang fa boikokobetso bo le botlhokwa fa e le gore re buile sengwe se se dirileng gore go nne le bothata fa gare ga rona le modumedikarona?
11 Go laola loleme go re thusa gore re nne re na le kutlwano. (Jakobe 3:10-18) Mme a re re gongwe sengwe se re se buileng se dirile gore go nne le bothata fa gare ga rona le Mokeresetekarona. A go ne go tla bo go sa tshwanela gore e nne rona ba ntlha go agisana le mokaulengwe wa rona, re kopa maitshwarelo fa go tlhokega? (Mathaio 5:23, 24) Ke boammaaruri gore seno se tlhoka boikokobetso, kana mogopolo o o ritibetseng, mme Petere o ne a kwala jaana: “Lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.” (1 Petere 5:5) Go nna boikokobetso go tla re tlhotlheletsa gore re ‘latelele kagiso’ le bakaulengwe ba rona, re dumela gore re dirile phoso le go kopa maitshwarelo ka tsela e e tshwanetseng. Seno se thusa gore go nne go na le kutlwano mo lelapeng la ga Jehofa.—1 Petere 3:10, 11.
12. Re ka dirisa loleme jang gore batho ba ga Jehofa ba nne ba na le kutlwano?
12 Re ka oketsa moya wa go nna lelapa mo bathong ba ba mo mokgatlhong wa ga Jehofa fa re dirisa loleme lwa rona ka tshiamo. E re ka e le seo Paulo a neng a se dira, o ne a ka gakolola Bathesalonika jaana: “Lo itse ka fa re diretseng mongwe le mongwe wa lona ka teng, jaaka rrabana a tle a direle bana ba gagwe, ra lo laya, ra lo nametsa, ra supa, gore lo tsamaye mo go tshwanetseng Modimo.” (1 Bathesalonika 2:11, 12) Fa Paulo a se na go tlhoma sekao mo ntlheng eno, o ne a ka rotloetsa Bakeresetekaene gore “nametsang ba ba lapang pelo.” (1 Bathesalonika 5:14) Akanya fela ka melemo e re ka e dirang fa re dirisa loleme lwa rona go nametsa, go kgothatsa le go aga ba bangwe. Ee, “lefoko, fa le buiwa mo lobakeng lo e leng lone, le molemo jang!” (Diane 15:23) Gape, puo e e ntseng jalo e thusa go rotloetsa le go dira gore go nne go na le kutlwano mo bathong ba ga Jehofa.
Nna yo o Itshwarelang!
13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwarela ba bangwe?
13 Go itshwarela motho yo o go diretseng phoso yo o kopileng maitshwarelo go botlhokwa fa re batla gore go nne le kutlwano ya Bokeresete. Mme re tshwanetse go itshwarela motho ga kae? Jesu o ne a bolelela Petere jaana: “Ga ke . . . re e nne gasupa; ka re, e nne ga 70 gasupa.” (Mathaio 18:22) Fa e le gore re batho ba ba sa itshwareleng ba bangwe, re ka se solegelwe molemo ke sepe. Jang? Ebu, kilo le go tshwara motho ka pelo go tla dira gore re se ka ra ritibala mo mogopolong. Mme fa re itsiwe ka bosetlhogo le go sa itshwarele ba bangwe, re ka se amogelwe ke ba bangwe. (Diane 11:17) Go tshwara motho yo mongwe ka pelo ga go itumedise Modimo e bile go ka baka boleo jo bo masisi. (Lefitiko 19:18) Gakologelwa gore Johane Mokolobetsi o ne a kgaolwa tlhogo fa a se na go rerwa ke Herotiase yo o neng a le bosula, yo o neng a mo “tshwere ka pelo.”—Mareko 6:19-28, bapisa NW.
14. (a) Mathaio 6:14, 15 e re ruta eng malebana le go itshwarela ba bangwe? (b) A ka metlha re tshwanetse go emela gore motho yo mongwe a kope maitshwarelo pele re ka mo itshwarela?
14 Thapelo ya ga Jesu ya sekao e na le mafoko ano: “O re itshwarele dibe tsa rona; gonne le rona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona.” (Luke 11:4) Fa re sa itshwarele ba bangwe, go ka nna le kotsi ya gore ka letsatsi lengwe Jehofa Modimo a se tlhole a itshwarela dibe tsa rona, ka gonne Jesu o ne a re: “Fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona. Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.” (Mathaio 6:14, 15) Ka jalo fa e le gore tota re batla go dira bojotlhe jwa rona gore go nne go na le kutlwano mo lelapeng la baobamedi ba ga Jehofa, re tla itshwarela ba bangwe, gongwe ka go lebala fela molato o ba ka tswang ba o dirile ka phoso mme e se ka boikaelelo bope jo bo bosula. Paulo o ne a bolela jaana: “Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo.” (Bakolosa 3:13) Fa re itshwarela ba bangwe, re a bo re thusa gore go nne go na le kutlwano e e tlhokegang ya mokgatlho wa ga Jehofa.
Kutlwano le Ditshwetso Tsa Motho ka Namana
15. Ke eng se se thusang batho ba ga Jehofa gore ba nne ba na le kutlwano fa ba dira ditshwetso tsa bone ka namana?
15 Modimo o re dirile re na le tshiamelo ya go kgona go itlhophela tsela e re batlang go e tsaya le boikarabelo jwa go itirela ditshwetso tsa rona ka namana. (Duteronome 30:19, 20; Bagalatia 6:5) Lefa go ntse jalo, re kgona go nna le kutlwano ka gonne re dira go dumalana le melao le melaometheo ya Baebele. Re a e akanyetsa fa re dira ditshwetso tsa rona. (Ditiro 5:29; 1 Johane 5:3) A re re gongwe go tsoga kgang nngwe e e malebana le boitlhaodi. Re ka dira tshwetso e e botlhale ka go gakologelwa gore ga re “ba lefatshe” le gore re ‘thudile ditšhaka tsa rona magale a megoma.’ (Johane 17:16; Isaia 2:2-4) Ka mo go tshwanang, fa re tshwanetse go dira tshwetso e e malebana le tsela e re ka dirisanang ka yone le Naga, re sekaseka se Baebele e se bolelang ka go ntshetsa “Modimo dilo tse e leng tsa Modimo,” re ntse re ikobela “babusi ba bagolo” mo dikgannyeng tsa lefatshe. (Luke 20:25; Baroma 13:1-7; Tito 3:1, 2) Ee, go dirisa melao le melaometheo ya Baebele fa re dira ditshwetso tsa rona ka namana go tla re thusa gore re nne re na le kutlwano ya Bokeresete.
16. Re ka thusa jang gore go nne go na le kutlwano fa re dira ditshwetso tsa rona ka namana tse di ka tswang di siame kana di le phoso go ya ka Dikwalo? Tshwantsha.
16 Re ka thusa gore go nne go na le kutlwano ya Bokeresete tota lefa re itirela tshwetso ya rona ka namana e bile go sa kgathalesege gore a e siame kana e phoso go ya ka Dikwalo. Jang? Ka go bontsha gore re amega ka tsela e e lorato ka ba bangwe ba ba ka tswang ba amiwa ke tshwetso e re e dirileng. Fa re tshwantsha: Mo phuthegong ya kwa Korintha wa bogologolo, go ne ga tsoga kgang nngwe malebana le nama e e neng e ntshediwa medimo e e itiretsweng ditlhabelo. Ke boammaaruri gore Mokeresete o ne a ka se ka a keteka moletlo wa medimo e e itiretsweng. Lefa go ntse jalo, go ne go se phoso go ja nama ya mofuta ono e e neng e setse mme e ntshitswe madi ka tshwanelo e e neng e rekisiwa kwa mmarakeng wa batho botlhe. (Ditiro 15:28, 29; 1 Bakorinthe 10:25) Lefa go ntse jalo, digakolodi tsa Bakeresete ba bangwe di ne di tshwenngwa ke go jewa ga nama e e ntseng jalo. Ka gone Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba bangwe gore ba tile go ba kgopisa. Tota, o ne a kwala jaana: “Fa dijo di kgopisa wa gaetsho, ga nketla ke tlhola ke ja nama gope, gore ke se ka ka kgopisa wa gaetsho.” (1 Bakorinthe 8:13) Lefa gone go se na molao kana molaomotheo ope wa Baebele o o dirisiwang foo, a bo e le go bontsha lorato jang ne go akanyetsa ba bangwe fa o dira ditshwetso tsa gago ka namana tse di ka amang kutlwano ya lelapa la Modimo!
17. Ke eng se re ka kgothalediwang go se dira fa re tshwanetse go dira ditshwetso tsa rona ka namana?
17 Fa re sa tlhomamise ka tsela e re ka e tsayang, go ka tshwanela gore re dire tshwetso ka tsela e e tla re tlogelang re ntse re na le segakolodi se se phepa, mme batho ba bangwe ba tshwanetse ba tlotla tshwetso ya rona. (Baroma 14:10-12) Ke boammaaruri gore fa re tshwanetse go itirela ditshwetso, re tshwanelwa ke go batla kaelo ya ga Jehofa ka thapelo. Fela jaaka mopesalema, re ka rapela jaana re gololesegile: “Ntlhwaela tsebe. . . . Gonne wena o lefika la me, le kago ya me ya phemelo; ke gone ka ntlha ya leina la gago, o nkgoge, o bo o ntsamaise.”—Pesalema 31:2, 3.
Lo Ne lo Na le Kutlwano ya Bokeresete ka Metlha
18. Paulo o ne a tlhalosa jang kutlwano e e neng e le mo phuthegong ya Bokeresete?
18 Mo go 1 Bakorinthe kgaolo 12, Paulo o ne a dirisa mmele wa motho go tshwantshetsa kutlwano e e mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a gatelela tsela e tokololo nngwe le nngwe e ikaegileng ka e nngwe ka yone le kafa e leng botlhokwa ka gone. “Fa tsotlhe e ka bo e le tokololo e le nngwe fela, mmele one o ka bo o le kae?” Paulo o botsa jalo. “Jaana ditokololo di dintsi, mme mmele o mongwe fela. Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: ‘Ga ke go dire sepe,’ le tlhogo gape, ga e ka ke ya raya dinao ya re: ‘Ga ke lo dire sepe.’” (1 Bakorinthe 12:19-21) Ka tsela e e tshwanang, ga se rotlhe ba re leng mo lelapeng la baobamedi ba ga Jehofa ba re dirang tiro e e tshwanang. Lefa go ntse jalo, re a utlwana, mme re tlhoka go thusana.
19. Re ka solegelwa molemo jang ke dilo tsa semoya tse Modimo a re neileng tsone, mme ke eng se mokaulengwe mongwe yo o godileng a neng a se bua malebana le kgang eno?
19 Fela jaaka mmele o tlhoka dijo, go tlhokomelwa le go kaelwa, rona re tlhoka dilo tsa semoya tse Modimo a re di nayang ka Lefoko la gagwe, moya wa gagwe, le ka mokgatlho wa gagwe. Re tshwanetse gore re nne karolo ya lelapa leno la ga Jehofa le le mo lefatsheng gore re tle re solegelwe molemo ke dilo tseno tse re di neilweng. Mokaulengwe mongwe o ne a kwala jaana morago ga dingwaga di le dintsi a le mo tirelong ya Modimo: “Ke leboga thata go bo ke ne ke tshela go dumalana le kitso ya maikaelelo a ga Jehofa go tloga fela kwa dingwageng tsele tsa bogologolo tsa pele fela ga 1914 fa boammaaruri bo ne bo se phepa thata . . . go fitlha mo motlheng ono fa boammaaruri bo phatsima jaaka letsatsi la motshegare wa sethoboloko. Selo se le sengwe fela se ke neng ke se tsaya se le botlhokwa thata, e ne e le kgang ya go nna gaufi le mokgatlho o o bonalang wa ga Jehofa. Dilo tse di ntiragaletseng bogologolo di nthutile gore ga go botlhale go ikaega ka kakanyo ya motho. Fa mogopolo wa me o se na go tlhamalala mo ntlheng eo, ke ne ka ititaya sehuba gore ke nne gaufi le mokgatlho o o ka ikanngwang. Ke jang gape motho a ka dirang gore a ratiwe ke Jehofa le gore a mo segofatse?”
20. Ke eng se re tshwanetseng go ititaya sehuba gore re se dire malebana le kutlwano ya rona re le batho ba ga Jehofa?
20 Jehofa o biditse batho ba gagwe gore ba tswe mo lefifing la lefatshe leno le le se nang kutlwano. (1 Petere 2:9) O ne a re tlisa mo kutlwanong e e segofaditsweng le ene mmogo le badumedikarona. Kutlwano eno e tla nna teng mo tsamaisong e ntšha ya dilo e e setseng e le gaufi thata jaanong. Ka gone, mo metlheng eno ya bofelo, a re tsweleleng pele re ‘apara lorato’ le go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne re na le kutlwano e e tlhokegang.—Bakolosa 3:14.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go dira thato ya Modimo le go ngaparela boammaaruri go ka re thusa go nna re na le kutlwano?
◻ Kutlwano e tsamaelana jang le go dirisa loleme ka tshwanelo?
◻ Ke eng se se akarediwang ke go itshwarela ba bangwe?
◻ Re ka nna re na le kutlwano jang fa re dira ditshwetso tsa rona ka namana?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re na le kutlwano ya Bokeresete?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Fela jaaka modisa yono a dira gore letsomane le kgobokane mmogo, fela jalo Jehofa o dira gore batho ba gagwe ba utlwane
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Fa re kopa maitshwarelo ka boikokobetso fa re diretse ba bangwe phoso, re a bo re thusa gore go nne go na le kutlwano