LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 5 ts. 3-7
  • Fa go Nna le Masetlapelo—Se se Ka Dirwang go Boloka Matshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa go Nna le Masetlapelo—Se se Ka Dirwang go Boloka Matshelo
  • Tsogang!—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • PELE GA MASETLAPELO—IPAAKANYE!
  • KA NAKO YA MASETLAPELO—TSAYA KGATO KA BONAKO
  • MORAGO GA MASETLAPELO—NNA O ITSHERELEDITSE!
  • A ke Modimo a go Bakang?
    Tsogang!—2007
  • A o Ipaakanyeditse Masetlapelo a Tlholego?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Go Lwa ga Motho le Dikotsi Tsa Masetlapelo
    Tsogang!—1995
  • Nna o le Malala a Laotswe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2017
g17 no. 5 ts. 3-7
Banna ba tima molelo

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Fa go Nna le Masetlapelo—Se se Ka Dirwang go Boloka Matshelo

“Modumo o mogolo wa go thunya o o kabang ditsebe, o batlile o ntigela fa fatshe. Go ne ga tlala mosi mme diofisi tsa rona tse di tlhatlaganeng di ne tsa simolola go tuka.”—Joshua.

Thoromo ya lefatshe . . . setsuatsue . . . borukhutlhi . . . go thuntshiwa ga bana kwa dikolong. Re nna re utlwa dipego tseo mo dikgannyeng. Boammaaruri ke gore, go bala ka masetlapelo ga go tshwane le fa a go diragalela. Ke eng se o ka se dirang pele ga masetlapelo, ka nako ya fa a direga le morago ga one gore o itshireletse?

PELE GA MASETLAPELO—IPAAKANYE!

ROTLHE re welwa ke masetlapelo. Go ipaakanya ke selo se se botlhokwa thata se se ka bolokang botshelo jwa gago. Go ipaakanya go akaretsa eng?

  • Baakanya mogopolo. Amogela gore masetlapelo a direga e bile a ka diragalela wena le batho ba o ba ratang. Go tla bo go le thari go ipaakanyetsa masetlapelo fa a sena go direga.

  • Ithute ka masetlapelo a a ka diregang mo lefelong le o nnang mo go lone. Itse gore o ka tshabela kae. Tlhomamisa gore tsela e ntlo ya gago e agilweng ka yone le lefelo le e agilweng mo go lone di sireletsegile. Ntsha dilo tse di ka bakang molelo. Tsenya dilo tse di kgonang go lela fa go na le molelo kgotsa mosi, o bo o fetola dibeteri tsa tsone gangwe ka ngwaga kgotsa gangwe le gape.

  • Baakanya dilo tsa thuso ya potlako. Motlakase, metsi, founu le dipalangwa tsa batho botlhe di ka nna tsa se ka tsa bereka. Fa e le gore o na le koloi, tlhomamisa gore e dula e na le peterole gape o nne o na le dijo, metsi le lebokose la thuso ya potlako.—Bona lebokoso le le reng “A o Na le Se o Se Tlhokang?”

    Lelapa le baakanya dilo tsa thuso ya potlako

    Go ipaakanya ke selo se se botlhokwa thata se se ka bolokang botshelo jwa gago

  • Nna le dinomoro tsa mogala tsa ditsala tsa gago tse di gaufi le tse di kgakala.

  • Itirele leano la go falola o bo o ikatisa. Itse gore o tla tswa jang ka bonako mo kagong e o leng mo go yone, gape thusa bana ba gago gore ba ka dira eng kwa sekolong fa maemo a tshoganyetso a tlhaga. Buang gore lelapa la lona le tla kopanela kwa mafelong afe a a jaaka kwa sekolong kgotsa kwa laeboraring, lefelo le lengwe le nne gaufi le legae la lona le lengwe le nne kgakala. Badiredi ba puso ba kgothaletsa gore re itlwaetse go tsamaya le malapa a rona kwa mafelong ao.

  • Ipaakanyetse go thusa ba bangwe, go akaretsa bagodi le batho ba ba lwalang.

KA NAKO YA MASETLAPELO—TSAYA KGATO KA BONAKO

Joshua yo go builweng ka ene kwa tshimologong a re: “Fa molelo o simolola, batho ba le bantsi ga ba a ka ba tshoga, ba ne ba goga dinao. Batho bangwe ba ne ba tima dikhomputara kgotsa ba tlatsa dibotlolo tsa bone tsa metsi. Monna mongwe o ne a re, ‘Gongwe re lete fela.’” Le fa batho ba ne ba sa dire sepe, Joshua o ne a goa a re: “Re tshwanetse go tswa mono gone jaanong!” Fa a sena go bua jalo, badirimmogo le ene ba ne ba tlogela go etsaetsega ba bo ba mo sala morago. Joshua o ne a nna a re: “Fa mongwe a wa, mo thuse go ema lo bo lo tswelela lo tsamaya. Rotlhe re tlile go falola!”

  • Fa go na le molelo. Robala fa fatshe o bo o gagaba o tswa ka kgoro e e gaufi. Mosi o dira gore go nne thata go bona e bile batho ba le bantsi ba bolailwe ke go o hema. Tlogela dilo tse di seng botlhokwa. Motho a ka falola kgotsa a latlhegelwa ke botshelo mo metsotswaneng fela.

  • Fa go na le thoromo ya lefatshe. Tsena ka fa tlase fanitšhara e e nonofileng. Morago ga moo, solofela gore o tlile go nna le letshogo. Tswela kwantle ka bonako o bo o tsamaela kgakala le dikago. Go ka nna ga feta diura di le dintsi batho ba thuso ya potlako ba sa goroge, ka jalo, fa o kgona, leka go thusa ba bangwe.

  • Fa go na le tsunami. Fa metsi a khurumetsa lotshitshi, tshabela ka bonako kwa mafelong a a kwa godimo. Tshabela kgakala ka gonne go tla nna le makhubu a mangwe a magolo.

  • Fa go na le kgwanyape kgotsa setsuatsue. Tshabela kwa mafelong a a sireletsegileng ka bonako.

  • Fa go na le morwalela. Se tsene mo dikagong tse di setseng di na le metsi a mantsi. Tila go tsamaya kgotsa go kgweetsa mo metsing. Metsi a morwalela a ka nna le leswe, dilo tse di ka go gobatsang, matlakala, dikhuti tse dikgolo le megala e e kgaogileng ya motlakase.

  • A o ne o itse? Metsi a a elelelang a a dimetara di le 0.6 a ka kgona go gogola koloi. Batho ba le bantsi ba bolailwe ke go leka go kgweetsa mo metsing a a elelang.

  • Fa badiredi ba puso ba laela gore lo tswe mo lefelong lengwe, tswa ka yone nako eo! Itsise ditsala tsa gago gore o kae ka gonne ba ka tsenya matshelo a bone mo kotsing ba leka go go batla.

    Lelapa le reeditse radio

    Fa badiredi ba puso ba laela gore le tswe mo lefelong lengwe tswa ka yone nako eo!

  • A o ne o itse? Go botoka go romela molaetsa gona le go leletsa motho.

  • Fa badiredi puso ba laela gore re nne kwa gae kgotsa mo mafelong a tshireletso, o se ka wa tsamaya. Fa moya o kgotletswe ke dikhemikale, go na le malwetse a a tshelanwang kgotsa di-nuklea di thunya , nna mo ntlong tswala sengwe le sengwe se se ka tsenyang moya mo ntlong. Reetsa dikgang mo thelebisheneng kgotsa mo radiong. Nna mo ntlong go fitlha badiredi ba puso ba itsise gore maemo a siame.

MORAGO GA MASETLAPELO—NNA O ITSHERELEDITSE!

Gore o kgone go tila malwetse le dikotsi, ela tlhoko dikakantsho tse di latelang:

  • Nna le ditsala fa go kgonega, go na le go nna mo tenteng.

  • Boloka lefelo le o nnang mo go lone le le phepa.

  • Dirisa dilo tsa go itshireletsa fa o phepafatsa matlakala. Fa go kgonega, rwala ditlelafo, ditlhako tse di tswalegileng, lekarapa le selo se se sireletsang dinko tsa gago mo leroleng. Ela tlhoko gore o se ka wa gata megala ya metlakase le magala.

  • Dira dilo tse o tlwaetseng go di dira letsatsi le letsatsi jaaka o tlhola o dira. Bontsha bana ba gago gore o ritibetse mo maikutlong le gore o na le tsholofelo. Thusa bana ba gago ka ditiro tsa sekolo, tshameka le bone lo bo lo ithute ka Modimo mmogo. O se ka wa nnela go reetsa dikgang tsa se se diragetseng, gape o se ka wa galefela lelapa la gago ka ntlha ya se se lo diragaletseng. Amogela thuso mme o thuse ba bangwe.

    Lelapa le dira dilo tse le tlwaetseng go di dira letsatsi le letsatsi morago ga masetlapelo

    Morago ga masetlapelo, dira dilo tse o tlwaetseng go di dira letsatsi le letsatsi

  • Amogela gore o ka latlhegelwa ke dilo di le dintsi ka nako ya masetlapelo. Puso le batho ba thuso ya potlako ba tlhoma mogopolo mo go falotseng batho e seng go ba naya dilo tsotlhe tse di ba latlhegetseng. Gore re kgone go tswelela re tshela re tlhoka metsi a a phepa, dijo, diaparo le lefelo le le sireletsegileng.—1 Timotheo 6:7, 8.

  • Ipaakanyetse go bona thuso fa o tshwenyega mo maikutlong. Gantsi seno se direga fa masetlapelo a sena go feta. Matshwao a gone a akaretsa go tlhobaela, kgatelelo ya maikutlo le go fetofetoga ga maikutlo gape o ka palelwa ke go akanya, go bereka le go robala. Bua le tsala e o e tshepang.

Le fa gone Joshua a kgonne go falola molelo, bontsi jwa badirikaene ga ba a ka ba falola. O ne a thusiwa ke bagolwane ba Bakeresete le dingaka tsa tlhaloganyo. Joshua a re: “Ba ne ba ntlhomamisetsa gore go hutsafala go bontsha gore ke a fola le gore go tla feta. Morago ga dikgwedi di le thataro letshogo la me le ne la okobala. Mme matshwao a mangwe one a tshotse lobaka go fola.”

Masetlapelo a dira gore re akanye gore re diretswe tshiamololo. Seo se dira gore batho ba le bantsi ba pege Modimo molato. Jaaka Joshua, ba le bantsi ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya go bo ba falotse mme ba bangwe ba sa falola. Joshua a re: “Ke sa ntse ke ipotsa gore a nka bo ke kgonne go boloka batho ba le bantsinyana. Ke gomodiwa ke go dumela gore Modimo o tla tlisa tshiamo le go baakanya dilo mo lefatsheng. Gone jaanong ke itumelela botshelo jwa me letsatsi le letsatsi e bile ke dira se nka se kgonang go bo boloka.”—Tshenolo 21: 4, 5.a

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ditsholofetso tsa Modimo ka bokamoso le gore ke eng fa a letleletse gore batho ba boge, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ka e itseela mo www.pr418.com/tn.

A O NA LE SE O SE TLHOKANG?

Dilwana tsa thuso ya potlako

Mekgatlho e e thusang ka nako ya masetlapelo e kgothaletsa malapa go nna le dilo tsa thuso ya potlako le go tsenya tse disha ngwaga le ngwaga. Boammaaruri ke gore dilo tse lo di tlhokang di ka farologana le tsa ba bangwe go ikaegile ka lefelo le o nnang mo go lone le maemo a gago, ka jalo, botsa ba thuso ya potlako gore mo lefelong la lona go tlhokega eng gore motho a ipaakanyetse masetlapelo.

Go kgothalediwa gore mongwe le mongwe a nne le dilitara di le 11 tsa metsi le dijo tsa malatsi a mararo tse di sa senyegeng e bile di sa tlhoke go apewa.

Gape malapa mangwe a itiretse dibeke tse di tsenyang dilwana tsa thuso ya potlako mme mo go tsone ba tsentse dilo tse di jaaka tseno:b

  • Dikobo, diaparo tse di bothitho le ditlhako tse di tswalegileng

  • Totšhe, radio le dibeteri tse dingwe

  • Lebokoso la thuso ya potlako le phala fa o tlhoka thuso

  • Dilwana tse o di dirisang go ja, selo se se bulang dithini, dithulusu tse dinnye thata, mmetšhise o o sa kolobeng

  • Selo se o se tsenyang gore o se ka wa hema lerole, theipi e e sa kolobeng le polasetiki e o kgonang go e apara

  • Boratšhe jwa meno, sesepa, ditoulo le dipampiri tsa go iphimola

  • Dilwana tse bana, bagodi le ba ba golafetseng ba di tlhokang

  • Beke e e sa kolobeng e e nang le melemo, makwalo a ngaka le dipampiri tse dingwe tsa botlhokwa

  • Lenaane la dinomoro tse o ka di leletsang ka maemo a tshoganyetso le la mafelo a go kopanelwang kwa go one le mmapa

  • Dikarata tsa banka le madi

  • Dilotlolo tse dingwe tsa ntlo le tsa koloi

  • Pampiri, dipensele, dibuka le ditshamekisi tsa bana

  • Baebele

b O ka tswa o sa tlhoke dilo dingwe tse di mo lenaaneng leno kgotsa o ka tswa o tlhoka go di oketsa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela