LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g18 no. 2 ts. 14
  • 11 Go Nna Senatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 11 Go Nna Senatla
  • Tsogang!—2018
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO KAYA ENG?
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA?
  • SE O KA SE DIRANG
  • Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tiro
    Tsogang!—2015
  • Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Tsela ya go Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Tiro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2018
g18 no. 2 ts. 14
Mosha a taboga

Go bereka ka thata go tshwana le go itshidila mmele, go go thusa gone jaanong le mo nakong e e tlang

BASHA

11 Go Nna Senatla

GO KAYA ENG?

Senatla ke motho yo o sa tshabeng tiro. O kgona go bereka gore a itlhokomele le go thusa ba bangwe, le fa tiro e a e dirang e se ya maemo.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Nnete ke gore ga go na kwa re ka tshabelang maikarabelo gone. Le fa batho ba bantsi ba sa rate go bereka ka thata, go dira jalo go a thusa.—Moreri 3:13.

“Ke ithutile gore go bereka ka thata go dira gore ke ikutlwe ke le motlotlo e bile ke itumetse. Seo se dirile gore ke rate go bereka. Fa o le senatla, o itirela leina le lentle mo bathong.”—Reyon.

BAEBELE YA RE: “Letsapa la mofuta mongwe le mongwe le solegela molemo.”—Diane 14:23.

SE O KA SE DIRANG

Dintlha tse di latelang di tla go thusa gore o ithute go rata go bereka.

Fa o dira sengwe, ntsha ga tshwene. Le fa o ka tswa o dira tiro ya mo gae, ya sekolo kgotsa tiro epe fela, e dire ka pelo yotlhe. Fa o itse tiro nngwe, batla ditsela tsa go tokafatsa gore o kgone go e fetsa ka bonako. Seo se tla dira gore o itumelele tiro ya gago.

BAEBELE YA RE: “A o bone motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe? O tla ema fa pele ga dikgosi; ga a na go ema fa pele ga batho fela.”—Diane 22:29.

O se ka wa ikakanyetsa o le nosi. Fa o neilwe tiro o bo o e dira sentle, o thusa batho ba bangwe. Ka sekai, fa batsadi ba go neile tiro mo lapeng o bo o e dira, o thusa gore dilo di tsamaye sentle mo lapeng.

BAEBELE YA RE: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Se dire fela se go lebeletsweng gore o se dire. Go na le go dira fela tiro e o e neilweng, leka go dira mo go oketsegileng. Fa o dira jalo, ga o kitla o ikutlwa e kete o patelesega go dira sengwe, o tla se dira ka gonne o rata.—Mathaio 5:41.

BAEBELE YA RE: “Kgato ya gago e e molemo e nne, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata ga gago.”—Filemone 14.

Se feteletse dilo. Motho yo o senatla ga a tshabe tiro mme gape ga a ipolaise tiro go sa tlhokege. O leka go nna tekatekano, o itumelela go dira ka natla e bile o a ikhutsa.

BAEBELE YA RE: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 4:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela