LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g19 no. 1 ts. 12-15
  • Go Tla Nna le Kagiso fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tla Nna le Kagiso fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa
  • Tsogang!—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOGOSI JWA MODIMO BO TLA TLA LENG?
  • BO TLA DIRANG GORE E NNE JONE BO BUSANG LEFATSHE?
  • GO ITSE KA BOGOSI GO KA GO THUSA JANG?
  • Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Se Jesu a Neng a se Ruta ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Bogosi “Jo bo Se Kitlang bo Senngwa le ka Motlha”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2019
g19 no. 1 ts. 12-15
Batho ba tshela monate mo Paradaiseng

KAFA BOTHATA BO TLA RARABOLOLWANG KA GONE

Go Tla Nna le Kagiso fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa

Mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi Jwa Modimo bo tla dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng. Fela jaaka re solofeditswe mo go Pesalema 72:7, go tla nna le “letlotlo la kagiso.” Mme Bogosi jono bo tla busa leng mo lefatsheng? Bo tlile go dira jang gore e nne jone bo busang lefatshe? Go itse ka jone go ka go thusa jang?

BOGOSI JWA MODIMO BO TLA TLA LENG?

Baebele e ile ya porofeta ka ditiragalo tse di tla re bontshang gore Bogosi Jwa Modimo bo atametse. E di bitsa “sesupo” mme di akaretsa dintwa, leuba, malwetse, dithoromo tsa lefatshe le bokebekwa.​—Mathaio 24:3, 7, 12; Luke 21:11; Tshenolo 6:2-8.

Gape Baebele e ile ya porofeta jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, . . . ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Le fa mekgwa eno e sa bolo go nna teng, gone jaanong e atile le go feta.

Dilo tseno tse Baebele e porofetileng ka tsone di simolotse go diragala ka 1914. Bakwadi ba hisitori, boradipolotiki le bakwadi ba bangwe ba ile ba tlhalosa tsela e lefatshe le ileng la fetoga ka yone morago ga ngwaga oo. Ka sekai, mokwadi wa hisitori wa kwa Denmark e bong Peter Munch a re: “Ntwa e e ileng ya simologa ka 1914 e ile ya fetola dilo di le dintsi mo lefatsheng. Batho ba ne ba ithaya ba re dilo di nna botoka, . . . mme morago ga ngwaga oo, go ile ga latela masetlapelo, kutlobotlhoko, letlhoo e bile batho ba ne ba ipotsa gore a maemo a tla tsamaya a siama.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, maemo ano a lefatshe a dira gore re nne le tsholofelo ya gore dilo di tlile go nna botoka. A re bontsha gore nako ya gore Bogosi Jwa Modimo bo buse lefatshe e atametse. Tota e bile, Jesu o ile a umaka mafoko ano fa a ne a bua ka sesupo sa metlha ya bofelo: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”​—Mathaio 24:14.

Dikgang tse di molemo tseno ke tsone tse Basupi ba ga Jehofa ba di bolelelang batho. Ke lone lebaka la go bo makasine wa bone o bidiwa Tora ya Tebelo e Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Makasine ono o bua ka dilo tse di kgatlhang tse Bogosi Jwa Modimo bo tla di direlang batho mo lefatsheng.

BO TLA DIRANG GORE E NNE JONE BO BUSANG LEFATSHE?

Go bona karabo, re tlhoka go tlhaloganya dintlha tseno tse nnê:

  1. Ga go na baeteledipele bape ba dipolotiki ba ba tlileng go busa mo Bogosing joo kgotsa go nna baemedi ba jone.

  2. Baeteledipele ba dipolotiki ba tlile go gana go amogela Bogosi jono e bile ba tlile go leka go bo lwantsha.​—Pesalema 2:2-9.

  3. Bogosi Jwa Modimo bo tla tlhoka go senya dipuso tsotlhe tse di batlang go tswelela di busa lefatshe mme dipuso tseo di tla leka go lwa. (Daniele 2:44; Tshenolo 19:17-21) Ntwa eo e bidiwa Haramagedona.​—Tshenolo 16:14, 16.

  4. Batho botlhe ba ba amogelang Bogosi Jwa Modimo ba tla bolokiwa ka nako ya Haramagedona ba bo ba tshela mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso. Baebele e ba bitsa “boidiidi jo bogolo” mme palo ya bone e ka tswa e le dimilionemilione.​—Tshenolo 7:9, 10, 13, 14.

    BOGOSI JWA MODIMO BO TLA DIRANG MO LEFATSHENG?

    Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o re bontshitse se a tla se dirang fa e setse e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. O ile a fodisa batho ba ba lwalang le ba ba golafetseng. (Mathaio 4:23) O ile a fepa batho ba le bantsi. (Mareko 6:35-44) Gape o ne a kgona go laola dilo tsa tlholego.​—Mareko 4:37-41.

    Jesu a ruta batho

    Sa botlhokwa le go feta, Jesu o rutile batho go tshela mmogo ka kagiso le kutlwano. Batho botlhe ba ba tshelang go ya ka dithuto tsa gagwe, ba tla nna le botho jo bo tla ba thusang gore ba kgone go tshelela ruri ba itumetse fa Bogosi Jwa Modimo bo busa. Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o ka kgonang go dira se Jesu a se dirileng. Dingwe tsa dilo tse Jesu a ileng a di ruta batho di mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go 7. Goreng o sa di bale? Di na le molaetsa wa botlhokwa thata o o amang pelo.

GO ITSE KA BOGOSI GO KA GO THUSA JANG?

Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira gore o nne gone fa Bogosi bo busa, ke go ithuta Baebele. Ke ka moo Jesu a ileng a bua jaana fa a rapela: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”​—Johane 17:3.

Go itse Jehofa Modimo go thusa motho ka ditsela tse di farologaneng. A re umake di le pedi fela: Ya ntlha, go thusa motho gore a nne le tumelo mo Modimong. Tumelo eo e dira gore motho a dumele gore Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota le gore bo tla tloga bo busa mo lefatsheng. (Bahebera 11:1) Ya bobedi, go thusa motho gore a rate Modimo le moagelani wa gagwe. Fa motho a rata Modimo, o tla mo reetsa. Fa motho a rata moagelani wa gagwe, o tla latela taelo eno ya ga Jesu: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.”​—Luke 6:31.

Fela jaaka rre yo o ratang bana ba gagwe, Mmopi wa rona o re batlela dilo tse di molemo. O batla gore re tshele botshelo jo Baebele e bo bitsang “botshelo jwa mmatota.” (1 Timotheo 6:19) Botshelo jo re bo tshelang gone jaanong ga se jo Jehofa a re batlelang jone. Batho ba le bantsi ba goga ka thata. Go go thusa go akanya ka tsela e “botshelo jwa mmatota” bo tlileng go nna ka yone, bala setlhogo se se latelang go utlwa dilo tse di monate tse Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go di direla batho.

KAFA BOTSHELO JWA MMATOTA BO TLILENG GO NNA KA TENG

  • “Mo metlheng ya . . . [puso ya ga Keresete] mosiami o tla tlhoga, [mme go tla nna le] letlotlo la kagiso. Mme o tla nna le babusiwa . . . go ya kwa mafelelong a lefatshe.”​—Pesalema 72:7, 8, 13, 14.

  • “[Modimo] o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo.”​—Pesalema 46:9.

  • “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”​—Pesalema 72:16.

  • “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. . . . Ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”​—Isaia 65:21, 22.

  • “Mogope wa Modimo o mo bathong, . . . O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”​—Tshenolo 21:3, 4.

Batho ba tshela monate mo Paradaiseng

Fa Bogosi bo busa, batho ba tlile go tshela ka pabalesego e bile go tla bo go na le dijo tse dintsi

NTLHA YA BOTLHOKWA

JESU O ILE A RUTA BATHO GORE BA TSHELE JANG. BOTLHE BA BA MO REETSANG BA TLA TSHEDISANA MMOGO KA KAGISO MO PUSONG YA GAGWE

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela