LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g19 no. 2 ts. 10-11
  • Go Ruta Ngwana Gore fa a Neilwe Tiro a e Dire

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ruta Ngwana Gore fa a Neilwe Tiro a e Dire
  • Tsogang!—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SENO SE AKARETSA ENG?
  • GORENG NGWANA A TLHOKA GO ITHUTA GORE FA A NEIWLE TIRO A E DIRE?
  • MOTSADI A KA RUTA JANG NGWANA GORE FA A NEILWE TIRO A E DIRE?
  • Botlhokwa Jwa Ditiro Tsa mo Lapeng
    Tsogang!—2017
  • Go Ithuta go Kgaogana le Bana
    Tsogang!—1998
  • 8 Ba Tlhomele Sekao
    Tsogang!—2018
  • A Baebele E ka Go Thusa go Thapisa Bana ba Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2019
g19 no. 2 ts. 10-11
Papa o thusa ngwana go nosetsa

THUTO 4

Go Ruta Ngwana Gore fa a Neilwe Tiro a e Dire

SENO SE AKARETSA ENG?

Batho ba tshepa motho yo e reng fa a neilwe tiro, a bo a e dira le go e fetsa ka nako.

Le fa ngwana a le monnye, a ka rutiwa gore fa a kopilwe go dira sengwe, a se dire. Buka ya Parenting Without Borders ya re: “Fa bana ba na le ngwaga le dikgwedi di le tharo, ba dira sengwe le sengwe se batsadi ba bone ba reng ba se dire mme fa ba na le ngwaga le dikgwedi di le thataro, ba dira sengwe le sengwe se ba bonang batsadi ba bone ba se dira. Mo mafelong a le mantsi, batsadi ba simolola go ruta bana go dira ditiro tsa mo lapeng fa ba na le dingwaga di le tlhano go ya go di le supa. Le fa bana bano ba le bannye jalo, ba kgona go dira ditiro tseno sentle fela.”

GORENG NGWANA A TLHOKA GO ITHUTA GORE FA A NEIWLE TIRO A E DIRE?

Mo mafelong a mangwe, fa bana ba setse ba godile, ba a tswa ba bo ba ya go nna ba le bosi mme fa go nna thata kgotsa ba palelwa, ba boela gae gape. Gantsi seo se dirwa ke gore fa bana bano ba ne ba le bannye, batsadi ba bone ga ba ba ruta go dirisa madi sentle, go dira ditiro tsa mo ntlong le go dira ditshwetso tse di siameng.

Ke sone se go leng botlhokwa gore batsadi ba rute bana ba bone dilo tseno gore fa ba setse ba godile, ba se ka ba kopana le mathata ano. Buka ya How to Raise an Adult ya re: “O se ka wa tlwaetsa bana gore o tla ba direla sengwe le sengwe, go tswa foo fa ba tshwara dingwaga tse 18, o bo o akanya gore ba tla kgona go itirela dilo ka bobone.”

MOTSADI A KA RUTA JANG NGWANA GORE FA A NEILWE TIRO A E DIRE?

Mo neye tiro e a tshwanetseng go e dira mo gae.

BAEBELE YA RE: “Letsapa la mofuta mongwe le mongwe le solegela molemo.”—Diane 14:23.

Ka tlholego fela, bana ba bannye ba rata go bereka mmogo le batsadi ba bone. Ka jalo, dirisa tshono eo go ba naya tiro e ba tshwanetseng go e dira mo gae.

Go na le batsadi ba ba sa batleng go dira jalo ka gonne ba tsaya gore bana ba bone ba na le tiro e ntsi ya sekolo.

Mme gone bana ba ba thusang ka tiro ya mo gae ba dira sentle kwa sekolong ka gonne ba setse ba ithutile gore fa ba neilwe tiro, ba tlhoka go e dira. Buka ya Parenting Without Borders ya re “bana ba bannye ba eletsa go bereka mme fa batsadi ba bone ba sa ba neye tiro, ba gola ba tsaya gore ga go botlhokwa go tsenya letsogo fa go na le sengwe se se tlhokang go dirwa . . . Gape ba ka feleletsa ba akanya gore ba tshwanetse go direlwa sengwe le sengwe.”

Se buka eno e se buang se re bontsha gore bana ba ba thusang ka ditiro tsa mo gae, ba gola ba itse go bereka go na le go nna fela ba sa dire sepe, e bile ba rata go aba go na le go tlhola e nna bone fela ba newang. Fa ngwana a na le tiro e a e dirang mo gae, o ikutlwa a na le seabe sa botlhokwa mo dilong tse di dirwang mo gae.

Thusa ngwana gore a amogele diphoso tse a di dirileng.

BAEBELE YA RE: “Reetsa kgakololo mme o amogele kotlhao, gore o tle o nne botlhale mo isagweng ya gago.”—Diane 19:20.

Fa ngwana wa gago a dirile phoso, gongwe a senyeditse motho yo mongwe, o se ka wa mmuelela. Mmontshe phoso e a e dirileng, mo rute gore a kope maitshwarelo le gore a baakanye fa go kgonega.

Fa ngwana a dirile phoso a bo a e amogela, o tla ithuta gore

  • a se ka a bua maaka

  • a se ka a pega ba bangwe molato ka phoso e a e dirileng

  • a se ka a dira diipato

  • a kope maitshwarelo

Papa o thusa ngwana go nosetsa

MO RUTE GONE JAANONG

Bana ba ba rutilweng gore fa ba neilwe tiro ba e dire, ba tla atlega fa ba setse ba godile

Ba Tlhomele Sekao

  • A ke rata go bereka, go dira dilo ka thulaganyo le go tshwara nako?

  • A banake ba tlhola ba mpona ke bereka mo ntlong?

  • A ke amogela diphoso tsa me le go kopa maitshwarelo?

Se re Se Dirileng . . .

“Fa banake ba ne ba sa ntse ba le bannye, ba ne ba nthusa go apaya, go mena diaparo le go phepafatsa ntlo. Ba ne ba rata go bereka. Ba ne ba rata go dula le nna le go nthusa ka sengwe le sengwe se ke se dirang. Seo ke sone se ba thusitseng gore ba rate go bereka le gompieno.”—Laura.

“Letsatsi lengwe nkile ka kopa ngwanake wa mosimane gore a founele tsala ya gagwe mme a kope maitshwarelo ka go bo a mo utlwisitse botlhoko. Fa dingwaga di ntse di ya, o ile a tlhoka go kopa maitshwarelo makgetlo a le mantsi fa a buile mafoko a a utlwisitseng ba bangwe botlhoko, mme gone jaanong o kgona go kopa maitshwarelo fela a gololesegile fa a dirile phoso.”—Debra.

BOTLHOKWA JWA GORE NGWANA A ITHUTE MO DIPHOSONG TSA GAGWE

Morutabana mongwe yo o bidiwang Jessica Lahey o ile a kwala jaana mo makasineng wa Atlantic: “Fa bana ba dira diphoso, go botlhokwa gore batsadi ba ba tlogelele gore ba bone ditlamorago tsa diphoso tseo gore ba kgone go ithuta sengwe mo go tsone. Ngwaga le ngwaga bana ba ba pasang bontle mo tlelaseng ya me ke ba e reng fa ba feitse, ba bo ba sa supe batho ba bangwe ka monwana, go na le moo, ba bo ba leka ka thata go baakanya mo ba paletsweng teng. Bana bao ba feleletsa ba itumetse e bile ba a atlega mo botshelong.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela