LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g20 no. 2 ts. 6-7
  • 1. A Modimo ke Ene a Dirang Gore Batho ba Boge?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1. A Modimo ke Ene a Dirang Gore Batho ba Boge?
  • Tsogang!—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng go le Botlhokwa go Itse Karabo ya Potso Eno?
  • Se o Ka Akanyang ka Sone
  • Se Baebele e se Rutang
  • Diteng
    Tsogang!—2020
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Potso 3: Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ntlogela ke Boga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2020
g20 no. 2 ts. 6-7
Moruti a rerela batho kwa kerekeng a ntse a tshwere Baebele.

1. A Modimo Ke Ene A Dirang Gore Batho Ba Boge?

Goreng go le Botlhokwa go Itse Karabo ya Potso Eno?

Batho ba le bantsi ga ba rate Modimo ka gonne ba akanya gore ke ene a dirang gore ba boge.

Se o Ka Akanyang ka Sone

Baeteledipele ba madumedi a le mantsi, ba ntse ba ruta batho gore Modimo ke ene a re bakelang mathata. Ka sekai, bangwe ba re:

  • Masetlapelo a tlholego ke kotlhao e e tswang kwa Modimong.

  • Bana ba swa ka gonne Modimo o batla ba ye go nna baengele kwa legodimong.

  • Mo ntweng, go na le batho ba Modimo a ba sireletsang.

A se baeteledipele ba madumedi ba se rutang ka Modimo ke maaka? Fa Modimo a sa rate se ba se rutang, a rona re ka ba dumela?

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Leba bidio e e reng Ke eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? mo jw.org

Se Baebele e se Rutang

Modimo ga e se ene a dirang gore batho ba boge.

Fa e le gore Modimo ke ene a dirang gore re boge seno ga se dumalane le se Baebele e se rutang ka ene. Ka sekai:

“Ditsela tsotlhe tsa [Modimo] di tshiamiso.  . . . O siame e bile o thokgame.”—DUTERONOME 32:4.

“A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!”—JOBE 34:10.

“Mothatayotlhe ka boene ga a sokamise katlholo.”—JOBE 34:12.

Modimo o tlhoile madumedi a a buang maaka ka ene.

Mme madumedi ano ke a reng Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge, le madumedi a a ikopanyang le dintwa.

“Baporofeti ba porofeta maaka mo leineng la me [Modimo]. Ga ke a ba roma, le fa e le go ba laela kgotsa go bua le bone. Ba bua ba porofeta ponatshegelo ya maaka . . . le tsietso ya pelo ya bone mo go lona.”—JEREMIA 14:14.

Jesu o ne a tlhoile madumedi a maaka.

“Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena. Ba le bantsi ba tla nthaya mo letsatsing leo ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tse di maatla ka leina la gago?’ Mme le fa go ntse jalo foo ke tla ba bolelela ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao!’” —MATHAIO 7:21-23.

A Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge?

Ka sekai, a re re rre o godisa bana ba gagwe mme o ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang. Fa nako e ntse e ya, ngwana mongwe wa gagwe o itlhopela go tswa mo lapeng, a bo a ya go tshela botshelo jo bo botlhaswa. A re ka pega rre yono molato ka ntlha ya maitshwaro a ngwana wa gagwe? A ngwana yono a ka pega rraagwe molato ka ntlha ya dilo tse di bosula tse di mo diragalelang mo botshelong? Ka tsela e e tshwanang ga re a tshwanela go pega Modimo molato ka go bo re boga.

Mme jaanong ke mang a dirang gore re sotlege? A ke rona re itshotlang?

Bona potso 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela