2. Ke Mang A Dirang Gore Re Sotlege? A Ke Rona Re Itshotlang?
Goreng go le Botlhokwa go Itse Karabo ya Potso Eno?
Fa e le gore ke rona re bakang pogo, go raya gore re ka kgona go fokotsa tsela e batho ba bogang ka yone gompieno.
Se o Ka Akanyang ka Sone
Batho ba baka pogo ka ditsela dife?
Go Sotliwa ga Batho.
World Health Organization (WHO) ya re motho a le 1 mo bathong ba le 4 o sotliwa ka go itewa mo go setlhogo fa a tla a gola le gore mosadi a le 1 go tswa mo go ba le 3 o sotliwa ka go itewa kgotsa ka thobalano.
Go Tlhokafalelwa.
Pego ya World Health Statistics ya 2018 e e gatisitsweng ke World Health Organization ya re: “Ka 2016 go ile ga bolawa batho ba ka nna 477 000.” Seno se akareletsa le ba- tho ba ba ka nnang 180 000 ba gongwe ba ka tswang ba ile ba bolawa mo dintweng ka ngwaga oo wa 2016.
Mathata a Botsogo.
Mokwadi mongwe yo o bidiwang Fran Smith o ile a bua jaana mo makasineng wa National Geographic: “Batho ba le bantsi ba goga motsoko, mme motsoko o ka dira gore motho a tshwarwe ke malwetse a a ka bakang loso a a jaaka: bolwetse jwa pelo, seterouku, malwetse a mafatlha, bolwetse jwa makgwafo le kankere ya makgwafo.”
Go Tlhaola ba Bangwe.
Moithuta tlhaloganyo mongwe yo o bidiwang Jay Watts a re: “Go humanega, go sa tseye ba bangwe sentle ka ntlha ya maemo a bone, go sotliwa ka ntlha ya lotso lwa gago kgotsa ka ntlha ya bong jwa gago, go fudusediwa mo lefelong le o sa le itseng le go rata go gaisa ba bangwe, go bakela batho kgatelelo mo maikutlong.”
ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
Leba bidio e e reng Goreng Modimo a Ile a Bopa Lefatshe? mo jw.org.
Se Baebele e se Rutang
Batho gantsi ke bone ba dirang gore go nne le pogo.
Gantsi batho ba bogisiwa ke dipuso tse di ba gatelelang le tse di ba tshedisang botlhoko.
‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—MORERI 8:9.
Go boga go ka fokotsega.
Melaometheo ya Baebele e thusa batho go nna le botsogo jo bo siameng le go tshela le ba bangwe ka kutlwano.
“Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama, mme lefufa ke sebodu mo marapong.”—DIANE 14:30.
“A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”—BAEFESO 4:31.