4. A E Ne E Le Boikaelelo Jwa Modimo Gore Batho Ba Boge?
Goreng go le Botlhokwa go Itse Karabo ya Potso Eno?
Karabo ya potso eno e tla fetola tsela e re lebang botshelo ka yone.
Se o Ka Akanyang ka Sone
A go a utlwala go re Modimo yo o bopileng lefatshe le lentle jaana a ka re bogisa?
Fa batho ba ba sa rateng bodumedi ba boga, ba re Modimo ga a yo ka gonne fa a ne a le teng o ne a tla ba thusa. Ba re ba sotlega jaana ka gonne (1) Modimo ga a na maatla a go ba thusa, (2) Modimo ga a ba kgathalele kgotsa (3) Modimo ga a yo.
A mme ke one mabaka a a utlwalang a go bo batho ba boga?
ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
Leba bidio e e reng Re ka Itse Jang Gore Baebele e Boammaa- ruri? mo jw.org.
Se Baebele e se Rutang
Modimo ga a re bopela gore re sotlege.
O batla gore re tshele re itumetse.
“Ga go na sepe se se botoka mo go bone fa e se go ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—MORERI 3:12, 13.
Modimo o ne a neile batho ba ntlha ba babedi sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhokang gore ba tshele ba itumetse.
Modimo o ne a sa ba bopela gore ba sotlege, tota le rona o ne a sa re bopela seo.
“Modimo a ba raya a re: ‘Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.’”—GENESISE 1:28.
Batho ba ntlha ba ile ba itlhophela go sa reetse Modimo.
Seo se ile sa ba tlisetsa pogo e e seng kana ka sepe, mme sa dira gore le ba ba tlang mo morago ga bone ba sotlege.
“Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—BAROMA 5:12.a
Fa Modimo a ne a re bopa, o ne a sa batle gore re itirele sengwe le sengwe fela se re se batlang.
Fela jaaka go sa kgonege gore re tshele ka fa tlase ga metsi, ga go kgonege batho ba ipuse.
“Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—JEREMIA 10:23.
Modimo ga a batle gore re sotlege.
O batla gore re tshele re itumetse e bile re se na mathata.
“Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka.”—ISAIA 48:18.
a Mo Baebeleng, lefoko “boleo” ga le reye fela go dira selo sengwe se se maswe mme Baebele e bo tlhalosa e le selo se mongwe le mongwe a nang le sone, e kane o motho yo o siameng kgotsa yo o sa siamang. Ka gonne batsadi ba rona ba leofile, le rona re baleofi.