LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g20 no. 3 ts. 6-7
  • Utlwela ba Bangwe Botlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Utlwela ba Bangwe Botlhoko
  • Tsogang!—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senyegile Kae?
  • Molaomotheo wa Baebele
  • Go Utlwela ba Bangwe Botlhoko Go ka Re Thusa Jang?
  • Se o Ka se Dirang
  • Kutlwelobotlhoko—Tsela ya go Bontsha Bopelonomi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Utlwela Batho Botlhoko
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • A Modimo o Kgona go go Utlwela Botlhoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Go Dirisana le ba Lelapa le Ditsala
    Tsogang!—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2020
g20 no. 3 ts. 6-7
Monna wa Mo-Caucasus le wa Mo-Sikh ba bapile. Ba tlotla monate.

Utlwela Ba Bangwe Botlhoko

Go Senyegile Kae?

Fa re simolola go akanya gore batho ba bangwe ga ba tshwane le rona, re ka simolola go ba tshwara ka tsela e e sa siamang mme seno se tla dira gore re feleletse re ba tlhaola. Fa re akanya ka tsela eno, seno se ka dira gore go nne thata gore re ba utlwele botlhoko. Fa re sa bontshe batho ba bangwe kutlwelobotlhoko, seno se ka bontsha gore re na le tlhaolele.

Molaomotheo wa Baebele

“Ipeleng le batho ba ba ipelang; lelang le batho ba ba lelang.”—BAROMA 12:15.

Lekwalo leno le re ruta eng? Lekwalo leno le re ruta gore re tshwanetse go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko. Go utlwela ba bangwe botlhoko go tshwana le go ipaya mo seemong se ba leng mo go sone.

Go Utlwela ba Bangwe Botlhoko Go ka Re Thusa Jang?

Fa re utlwela ba bangwe botlhoko re tla kgona go lemoga gore rotlhe re le batho re a tshwana e bile re tla kgona go lemoga gore le bone ba ikutlwa fela ka tsela e le rona re ikutlwang ka yone. Gape re tla lemoga gore go sa kgathalesege gore ba goletse kae, rotlhe fela re lelapa le le lengwe. Fa re sa tlhome mogopolo thata mo go reng re farologana thata jang le bone, ga re kitla re ba tlhaola.

Go utlwela ba bangwe botlhoko go tla dira gore re ba tlotle. Anne-Marie yo o nnang kwa Senegal a re o kile a bo a ne a tseela batho ba ba tswang mo ditlhopheng tse di nyatsegang kwa tlase. A re: “Fa ke bona tsela e batho bano ba neng ba sotlega ka yone, ke ne ka ipotsa gore tota ke ne ke tla ikutlwa jang fa ke ne ke le mo seemong seo. Go akanya jalo go ile ga nthusa go bona gore ga ke botoka go feta batho bano.” Sekai sa ga Anne-Marie se re ruta gore fa re leka go tlhaloganya gore batho ba bangwe ba tshela jang, seo se tla dira gore re se ka ra ba tlhaola.

Se o Ka se Dirang

Fa o simolola go nna le dikakanyo tsa go tlhaola batho bangwe, ipotse gore wena le bone lo tshwana ka tsela efe. Gongwe o ka ipotsa gore ba ikutlwa jang fa ba dira dilo tse di latelang:

Fa re utlwela ba bangwe botlhoko re tla kgona go lemoga gore rotlhe re lelapa le le lengwe

  • fa ba ja dijo le ba lelapa la bone

  • fa ba fetsa go bereka ka thata

  • fa ba na le ditsala tsa bone

  • fa ba reeditse mmino o ba o ratang

Go tswa foo, leka go itsenya mo seemong sa bone. Ipotse gore:

  • ‘Ke ne ke tla ikutlwa jang fa mongwe a ntseela kwa tlase?’

  • ‘Ke ne ke tla ikutlwa jang fa batho ba ntsaya jaaka motho yo o sa siamang mme gone ba sa itse gore ke motho yo o ntseng jang?’

  • ‘Fa ke ne ke le mongwe wa batho bao ba ba tlhaolwang, ke ne ke tla batla gore batho ba bangwe ntseye jang?’

Monna yoo wa Mo-Caucasus le wa Mo-Sikh ba lebile ditshwantsho mmogo tsa dilo tse ba di ratang, jaaka ditshwantsho tsa malapa a bone, metshameko e ba e ratang, le tiro e ba e dirang.

Se se Diragaletseng Monna Mongwe: Robert (Singapore)

“La ntlha ke ne ke ithaya ke re batho ba ba sa utlweng sentle mo ditsebeng ga ba botlhale e bile ba tenegatenega fela. Ka jalo, ke ne ke sa batle go bua le bone. Mme gone ke ne ke sa akanye gore ke a ba tlhaola ka gonne ke tsaya gore ke dira selo se se itshiametseng fela.

“Go ba utlwela botlhoko go nthusitse gore ke se ka ka tlhola ke ba tlhaola. Ke ne ke akanya gore batho ba ba sa utlweng sentle mo ditsebeng ga ba botlhale ka gonne nako le nako fa ke bua le bone ba ne ba ntebelela ka tsela e ke sa e tlhaloganyeng. Ka jalo, ke ile ka ipotsa gore ke ne ke tla ikutlwa jang fa ke bona gore motho o leka go bua le nna mme gone ke sa kgone go mo utlwa. Gone ke ne ke tla makala ka gonne ke sa tlhaloganye gore o batla go reng.

“Fa ke ne ke simolola go ithuta le go tlhaloganya gore batho ba ba sa utlweng sentle mo ditsebeng ba ikutlwa jang, ke ne ka tlogela go ba tlhaola.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela