LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 July ts. 3
  • Utlwela Batho Botlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Utlwela Batho Botlhoko
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kutlwelobotlhoko—Tsela ya go Bontsha Bopelonomi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A Modimo o Kgona go go Utlwela Botlhoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Utlwela ba Bangwe Botlhoko
    Tsogang!—2020
  • Botsa Dipotso
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 July ts. 3

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Utlwela Batho Botlhoko

Go utlwela ba bangwe botlhoko ke go tlhaloganya gore ba akanya eng, ba ikutlwa jang, ba rata eng le gore ke dilo dife tse ba di tlhokang. Batho ba kgona go lemoga fa re ba utlwela botlhoko. Fa e le gore tota re rata go thusa ba bangwe, seo se tla dira gore re ba utlwele botlhoko. Fa re utlwela batho botlhoko mo bodireding, re etsa kafa Jehofa a ratang le go amega ka batho ka gone mme seno se tla dira gore batho ba batle go mo itse.—Baf 2:4.

Go utlwela ba bangwe botlhoko ga se mokgwa fela o re o dirisang fa re ruta batho. Re ba bontsha kutlwelobotlhoko ka go ba reetsa ka kelotlhoko. Gape re ka bontsha gore re ba utlwela botlhoko ka tsela e re buang ka yone, tsela e re itshikinyang mmele le e re dirisang matsogo ka yone le tebego ya rona ya sefatlhego. Gape re bontsha gore re utlwela ba bangwe botlhoko fa re kgatlhegela go itse dilo tse ba di ratang, tse ba di dumelang le maemo a bone a botshelo. Re ba ruta dilo tse ba tshwanetseng go di itse le go ba thusa mme ga re ba pateletse go fetoga. Fa batho ba re ba rutang ba dumela gore re ba thuse, seo se dira gore re itumele.

LEBANG BIDIO YA ITUMELELE TIRO YA GO DIRA BATHO BARUTWA—TOKAFATSA BOKGONI JWA GAGO—UTLWELA BATHO BOTLHOKO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Utlwela Batho Botlhoko.’ Mmasentle o tlhalosetsa Lesego gore ke eng fa a ka se kgone go ithuta mo letsatsing leo.

    Fa Mmasentle a ne a le thari, Lesego o ile a bontsha jang gore o mo utlwela botlhoko?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Utlwela Batho Botlhoko.’ Lesego o reeditse Mmasentle ka tsela e e bontshang gore o mo utlwela botlhoko.

    Fa Mmasentle a ne a bolelela Lesego gore o na le seterese se sentsi le gore a ka se kgone go ithuta, Lesego o ile a mmontsha jang gore o mo utlwela botlhoko?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Utlwela Batho Botlhoko.’ Lesego o thusa Mmasentle go phutha kamore ya gagwe.

    Batho ba tla batla go itse Jehofa fa re bontsha gore re ba utlwela botlhoko

    Fa Mmasentle a ne a re botshelo jwa gagwe bo tlhakatlhakane le gore ga a rulagana, Lesego o ne a mmontsha jang gore o mo utlwela botlhoko?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela