LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g20 no. 3 ts. 12-13
  • Bontsha ba Bangwe Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontsha ba Bangwe Lorato
  • Tsogang!—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senyegile Kae
  • Molaomotheo wa Baebele
  • Se o Ka se Dirang
  • Ba Ile ba Fenya Tlhaolele
    Tsogang!—2020
  • Go Tlhaola Batho ba Bangwe—A o Tlhaola ba Bangwe
    Tsogang!—2020
  • Ke ne Ke Batla go Lwantsha Tshiamololo
    Baebele e Fetola Matshelo a Batho
  • Lefatshe Le le Se Nang Letlhoo—Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2020
g20 no. 3 ts. 12-13
Mosadi wa Mo-India o tseisa mosadi mongwe yo o godileng wa Mo-Caucasus dilwana fa a palama di setepesi.

Bontsha Ba Bangwe Lorato

Go Senyegile Kae

Go tlhaola ba bangwe ga e se selo se se itsamaelang fela. Fela jaaka go tsaya nako gore motho a fole, go ka tsaya nako gore mokgwa oo o tswe mo mothong. Ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa tlhaola batho?

Molaomotheo wa Baebele

Ditshwantsho: 1. Monna wa Mo-Asia o bulela monna wa mothomontsho yo o tshwereng di khapa tsa kofi kgoro. 2. Monna wa mothomontsho o tliseditse batho ba a berekang le bone kofi go akaretsa le mosadi yole wa Mo-India.

“Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—BAKOLOSA 3:14.

Lekwalo leno le re ruta eng? Fa re direla batho ba bangwe dilo tse di molemo, seo se tla dira gore re utlwane le bone. Fa o rata batho ba bangwe, ga o kitla o ba tlhoa.

Se o Ka se Dirang

Ditshwantsho: 1. Mosadi wa Mo-India o tseisa mosadi mongwe yo o godileng wa Mo-Caucasus dilwana fa a palama di setepesi. 2. Mosadi wa Mo-Caucasus yo o godileng o tlisetsa moagelani wa gagwe dikuku.

Batla ditsela dingwe go bontsha batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe gore o a ba rata. O ka nna wa leka go dira dilo tse di latelang:

Fa o ntse o bontsha ba bangwe gore o a ba rata ga o kitla o ba tlhaola

  • O ka nna wa ba direla sengwe se se molemo jaaka go ba bulela kgoro kgotsa go ba sutela gore ba nne fatshe fa lo palame bese.

  • Tlotla le bone le fa gone lo ka se ka lwa tlhaloganyana golo gongwe.

  • Nna pelotelele fa o sa tlhaloganye dilo dingwe tse ba di dirang.

  • O ba kgothatse fa ba go bolelela ka mathata a bone.

Se se Diragaletseng Mosadi Mongwe: Nazaré (Guinea-Bissau)

“Ke ne ke sa rate batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Ke ne ke tlhola ke utlwa gotwe batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ke magodu e bile ba tsietsa puso. Go ne go le thata gore ke ba tlwaele ka gonne ke utlwa dilo tseno ka bone. Ke ne ke sa akanye gore ke a ba tlhaola ka gonne batho botlhe ba ne ba ikutlwa jalo ka bone.

“E rile nako e ntse e tsamaya, ke ile ka lemoga gore tota ke ne ke ba tlhaola. Baebele e nthusitse gore ke rate batho bano fela thata. Gone jaanong ke bua le bone, re a tlotla e bile ke a ba dumedisa mme ke itlwaelanya le bone gore ke kgone go ba itse botoka. Gape ga ke tshabe go tlotla le bone mme ke ba rata fela thata.”

“Ke ne ke sa rate fa batho ba sa tsewe sentle”

Rafika Morris.

Rafika o ne a dirisana le mokgatlho mongwe o o neng o lwantsha mokgwa o o maswe wa go sa tseye batho ba ba bangwe sentle. E rile a ya kopanong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, o ile a kgatlhiwa ke go bona tsela e ba neng ba utlwana ka yone.

Leba bidio e e reng Rafika Morris: I Wanted to Fight Injustice mo jw.org.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela