LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g24 no. 1 ts. 10-12
  • Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotlana mo Lelapeng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotlana mo Lelapeng?
  • Tsogang!—2024
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE ENG FA GO TLOTLANA MO LELAPENG GO LE BOTLHOKWA?
  • SE O KA SE DIRANG
  • SE BASUPI BA GA JEHOFA BA SE DIRANG
  • O ka Bona Thuso
    Tsogang!—2020
  • Kwa Malapa a ka Bonang Thuso Gone
    Tsogang!—2018
  • Dirisa JW.ORG go Bona Thuso ka Dilo Tsa Letsatsi le Letsatsi
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Kakantsho ya go Ithuta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2024
g24 no. 1 ts. 10-12
Monna o tshwere founo o tenegile mme fa mosadi wa gagwe a leka go bua le ene, o a mo itlhokomolosa. Morwaabone yo mmotlana o ba lebile.

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotlana mo Lelapeng?

KE ENG FA GO TLOTLANA MO LELAPENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa maloko a lelapa a tlotlana, go nna le kagiso mo lelapeng.

  • Buka ya setlhogo se se reng The Seven Principles for Making Marriage Work e tlhalosa gore fa banyalani ba tlotlana, ba kgona go bontshana lorato “ka ditsela tse dinnye le tse dikgolo letsatsi le letsatsi.”

  • Dipatlisiso di bontsha gore bana ba ba ithutang go tlotla batho ba bangwe ba kgona go itshepa, go atamalana le batsadi ba bone e bile ga ba nne le mathata a mantsi a tlhaloganyo.

SE O KA SE DIRANG

Dira thulaganyo le ba lelapa la gago. Sa ntlha, tlhomamisa gore botlhe mo lelapeng ba tlhaloganya gore go bontsha tlotlo go kaya eng. Sa bobedi, kwala dilo tse o batlang gore ba lelapa la gago ba di dire le tse o sa batleng ba di dira. Sa boraro, buisanang ka thulaganyo eo ya lona gore mongwe le mongwe mo lelapeng a itse se a ka se dirang go bontsha tlotlo.

“Dithulaganyo tsa motho yo o dirang ka natla di dira gore a atlege.”​—Diane 21:5.

Tlhoma sekao. A o kgala ba lelapa la gago fa ba dirile diphoso, a o ba ja ditshego fa ba ntsha dikakantsho kgotsa a o a ba itlhokomolosa le go ba tsena ganong fa ba bua le wena?

Kakantsho: Bontsha molekane wa gago le bana ba gago tlotlo, le fa o ka tswa o akanya gore ba tlhoka go tlotliwa kgotsa ga ba tlhoke go tlotliwa.

“Nnang ba ntlha go tlotla ba bangwe.”​—Baroma 12:10.

Bontshanang tlotlo, tota le fa lo sa dumalane. Fa o bua le yo mongwe, tila go dirisa mafoko a a jaaka “ka metlha o” kgotsa “ga o ke o.” Mafoko a a ntseng jalo a ka utlwisa yo mongwe botlhoko e bile a ka mo kgopisa, mme seo se ka felela ka gore go nne le kgotlhang.

“Karabo e e bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le kgopisang le tsosa bogale.”​—Diane 15:1.

Lekgarebe lengwe le lebile bidio mo jw.org.

SE BASUPI BA GA JEHOFA BA SE DIRANG

Basupi ba ga Jehofa ba kgothaletsa malapa gore a tlotlane. Tota e bile gantsi ditlhogo, dibuka, dibukana le dibidio tse ba di gatisang di bua ka kgang eo, mme dikgatiso tseo ke mahala.

TSA BANYALANI: Motseletsele wa setlhogo se se reng Go Thusa Lelapa o ka thusa banna ba ba nyetseng le basadi ba bone go . . .

  • nna bareetsi ba ba molemo

  • tila go ngalelana

  • emisa go ngangisana

(Batla karolo ya “Go Thusa Lelapa” mo jw.org)

TSA BATSADI: Motseletsele wa setlhogo se se reng Go Thusa Lelapa o ka thusa batsadi go ruta bana ba bone go . . .

  • nna kutlo

  • thusa ka ditiro tsa mo gae

  • itlwaetsa go re “ke a kopa” le “ke a leboga”

(Batla karolo ya “Go Godisa Bana” le ya “Go Godisa Basha” mo jw.org)

Gape o ka bala setlhogo se se reng, “Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang,” mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang​—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1. (Batla karolo ya “Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang” mo jw.org)

TSA BASHA: Karolo ya Basha e e mo jw.org e na le ditlhogo, dibidio le dintlha tse basha ba ka di dirisang go itshekatsheka tse di ka ba thusang go . . .

  • dirisana sentle le batsadi ba bone le bana ba bangwe mo lelapeng

  • bua le batsadi ba bone ka tlotlo malebana le melao e ba e beetsweng

  • dira gore batsadi ba bone ba ba tshepe

(Batla karolo ya “Basha” mo jw.org)

Go dirisa websaete ya jw.org ke mahala. Ga o duele sepe, ga o tlhoke go ikwadisa kgotsa go nna leloko e bile ga go batliwe tshedimosetso epe ya gago.

Joseph Ehrenbogen.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Fa Joseph Ehrenbogen a ne a nyala, o ne a tshwakgotswe ke diokobatsi e bile a le dikgoka. Fa o batla go utlwa gore go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa go ne ga tokafatsa botshelo jwa lelapa la gagwe jang, bala setlhogo se se reng “Ke Ithutile go Tlotla Basadi le go Itlotla” mo jw.org.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela