LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 13
  • Aborahame—Tsala ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aborahame—Tsala ya Modimo
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Aborahame le Sara Ba ne Ba Reetsa Modimo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Aborahame E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A o Na le Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Aborahame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 13
Aborahame o lebile loapi lo lo tletseng dinaledi

POLELO 13

Aborahame—Tsala ya Modimo

LENGWE la mafelo a batho ba neng ba ya go nna kwa go one morago ga Morwalela le ne le bidiwa Ure. E ne ya nna motse o o itsegeng thata o o nang le magae a mantle. Mme batho ba koo ba ne ba obamela medimo ya maaka. Ke sone se ba neng ba se dira le kwa Babele. Batho ba kwa Ure le kwa Babele ba ne ba sa tshwane le Noa le morwawe e bong Sheme, ba ba neng ba tswelela ba direla Jehofa.

Kgabagare, dingwaga di le 350 morago ga morwalela, Noa yo o ikanyegang o ne a swa. Dingwaga di le pedi fela moragonyana, monna yo o mmonang mo setshwantshong seno o ne a tsholwa. O ne a le botlhokwa thata mo Modimong. Leina la gagwe e ne e le Aborahame. O ne a nna le ba lelapa la gagwe kwa motseng oo wa Ure.

Letsatsi lengwe Jehofa o ne a raya Aborahame a re: ‘Tlogela ba losika lwa gago o tswe mo Ure, mme o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang.’ A Aborahame o ne a ikobela Modimo mme a tlogela manobonobo otlhe a Ure? Ee, o ne a dira jalo. E re ka Aborahame a ne a ikobela Modimo ka metlha, o ne a itsiwe e le tsala ya Modimo.

Bangwe ba lelapa la ga Aborahame ba ne ba tsamaya le ene fa a fuduga kwa Ure. Rraagwe e bong Tera mmogo le setlogolo sa gagwe e bong Lote ba ne ba tsamaya le ene. Mme le mosadi wa ga Aborahame e bong Sara le ene o ne a tsamaya. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba goroga kwa lefelong le le bidiwang Harana, kwa Tera a ileng a swela teng. Ba ne ba le kgakala thata le Ure.

Moragonyana Aborahame le ba lelapa la gagwe ba ne ba tloga mo Harana mme ba ya kwa lefatsheng le le bidiwang Kanana. Fa ba le koo, Jehofa o ne a re: ‘Leno ke lefatshe le ke tla le nayang bana ba gago.’ Aborahame o ne a aga mo Kanana mme a nna mo ditenteng.

Modimo o ne a thusa Aborahame mo a neng a nna le letsomane le legolo la dinku le diphologolo tse dingwe le batlhanka ba le makgolokgolo. Le fa go ntse jalo, ene le Sara ba ne ba se na bana.

Fa Aborahame a le dingwaga di le 99, Jehofa o ne a re: ‘Ke go solofetsa gore o tla nna rraagwe ditšhaba di le dintsi.’ Mme seno se ne se tla direga jang, e re ka Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse mo ba neng ba ka se tlhole ba tshola ngwana?

Genesise 11:27-32; 12:1-7; 17:1-8, 15-17; 18:9-19.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela