LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 17
  • Mawelana A a Sa Tshwaneng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mawelana A a Sa Tshwaneng
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jakobe O ne A Rua Boswa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jakobe le Esau ba Dira Kagiso
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 17
Jakobe yo mmotlana o disitse dinku

POLELO 17

Mawelana A a Sa Tshwaneng

BASIMANE ba babedi ba o ba bonang fano ga ba tshwane, a ga go jalo? A o itse maina a bone? Motsomi ke Esau mme mosimane yo o tlhokometseng dinku ene ke Jakobe.

Esau le Jakobe e ne e le barwa ba mawelana ba ga Isake le Rebeka. Rraabone e bong Isake o ne a rata Esau thata ka gonne e ne e le motsomi yo o nang le bokgoni mme o ne a tlisetsa lelapa dijo. Mme Rebeka ene o ne a rata Jakobe thata ka gonne e ne e le mosimane yo o didimetseng e bile a rata kagiso.

Esau yo mmotlana o leka go hula a dirisa bora le motswi

Rraabonemogolo e bong Aborahame o ne a sa ntse a tshela, mme re ka akanya fela kafa Jakobe a neng a rata go mo reetsa ka gone fa a ntse a bua ka ga Jehofa. Kgabagare Aborahame o ne a tlhokafala a le dingwaga di le 175, fa mawelana a ne a le dingwaga di le 15.

Fa Esau a le dingwaga di le 40 o ne a nyala basadi ba babedi ba Bakanana. Seno se ne sa hutsafatsa Isake le Rebeka fela thata, ka gonne basadi bao ba ne ba sa obamele Jehofa.

Mme letsatsi lengwe go ne ga direga sengwe se se neng sa dira gore Esau a kgotswele morwarraagwe e bong Jakobe fela thata. Go ne ga tla nako ya gore Isake a segofatse morwawe yo mogolwane. E re ka Esau a ne a le mogolo mo go Jakobe, o ne a lebeletse go amogela tshegofatso eo. Mme pelenyana ga foo, Esau o ne a ile a rekisetsa Jakobe tshwanelo ya gore a amogele tshegofatso. Gape fa basimane ba babedi bano ba ne ba tsholwa, Modimo o ne a boletse gore Jakobe o tla amogela tshegofatso. Mme ke sone se se ileng sa direga. Isake o ne a segofatsa morwawe e bong Jakobe.

Moragonyana fa Esau a lemoga seno, o ne a galefela Jakobe. O ne a galefile thata mo a neng a re o tlile go bolaya Jakobe. Fa Rebeka a utlwa ka seno, o ne a tshwenyega fela thata. Ka jalo, o ne a raya monna wa gagwe e bong Isake a re: ‘E ka nna selo se se maswe thata fa Jakobe le ene a ka nyala mongwe wa basadi ba Kanana.’

Ka gone, Isake o ne a bitsa morwawe e bong Jakobe mme a mo raya a re: ‘O se ka wa nyala mosadi mo Kanana. Go na le moo, ya kwa ntlong ya ga rragomogolo e bong Bethuele kwa Harana. Nyala mongwe wa barwadi ba ga morwawe e bong Labane.’

Jakobe o ne a reetsa rraagwe, mme gone fela foo, a simolola loeto lo loleele go ya kwa ba losika lwa gagwe ba neng ba nna gone kwa Harana.

Genesise 25:5-11, 20-34; 26:34, 35; 27:1-46; 28:1-5; Bahebera 12:16, 17.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela