LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 12 ts. 34
  • Jakobe O ne A Rua Boswa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jakobe O ne A Rua Boswa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mawelana A a Sa Tshwaneng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Jakobe le Esau ba Dira Kagiso
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 12 ts. 34
Jakobe a reka botsalwapele ka go naya Esau dijo

THUTO 12

Jakobe O ne A Rua Boswa

Isake le Rebeka ba na le basimane ba bone ba mawelana e bong Jakobe le Esau

Isake o ne a na le dingwaga di le 40 fa a nyala Rebeka. O ne a mo rata fela thata. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba nna le mawelana a basimane.

Yo mogolo e ne e le Esau mme yo monnye e le Jakobe. Esau o ne a rata go tsoma e bile e le setswerere. Mme Jakobe o ne a rata go nna kwa gae.

Mo metlheng eo, ngwana wa ntlha wa mosimane o ne a newa karolo e kgolo ya naga le madi a mantsi fa rraagwe a tlhokafala. Seo se ne se bidiwa boswa. Mo lelapeng la ga Isake, boswa bo ne bo akaretsa go nna le karolo mo ditsholofetsong tse Jehofa a neng a di solofeditse Aborahame. Esau o ne a se na sepe le ditsholofetso tseo mme Jakobe ene o ne a itse gore di botlhokwa fela thata.

Jakobe le Esau

Letsatsi lengwe Esau o ne a tla a lapile thata a tswa go tsoma. O ne a utlwa monkgo o o monate wa dijo tse Jakobe a neng a di apeile mme o ne a mo raya a re: ‘Ke tshwerwe ke tlala! Ke kopa o ntsholele!’ Jakobe o ne a re: ‘Ke tla go tsholela fa o ka ntsholofetsa gore o tla nnaya boswa jwa gago.’ Esau o ne a re: ‘Ga ke na sepe le boswa jwa me! O ka nna wa bo tsaya. Nna ke batla dijo fela.’ A o akanya gore kgato e Esau a e tsereng e ne e le botlhale? Le e seng! Esau o ne a aba sengwe se se tlhwatlhwakgolo, fela gore a bone dijo.

Fa Isake a tsofetse, e ne e le nako ya gore a segofatse morwawe yo mogolo. Mme Rebeka o ne a thusa morwaabone yo mmotlana e bong Jakobe gore e nne ene a segofadiwang. Fa Esau a utlwa ka gone, o ne a galefile thata a bo a batla go bolaya Jakobe. Isake le Rebeka ba ne ba batla go sireletsa Jakobe, ka jalo, ba ne ba mo raya ba re: ‘Tsamaya o ye go nna le malome wa gago e bong Labane, go fitlha Esau a wela makgwafo.’ Jakobe o ne a reetsa kgakololo ya batsadi ba gagwe mme a tshaba.

“Motho o tla boelwa ke eng fa a gapa lefatshe lotlhe mme a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe? Tota ke eng se motho a ka se ntshang gore a bone botshelo jwa gagwe?”​—Mareko 8:36, 37

Dipotso: Esau e ne e le motho yo o ntseng jang? Jakobe e ne e le motho yo o ntseng jang? Ke eng fa Jakobe a ile a segofadiwa mme e seng Esau?

Genesise 25:20-34; 27:1–28:5; Bahebera 12:16, 17

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela