LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 26
  • Jobe o Ikanyega mo Modimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jobe o Ikanyega mo Modimong
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jobe E ne E le Mang?
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Solofela mo go Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Jobe O Ne A Itshoka—Le Rona Re Ka Kgona!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 26
Jobe a setse a fodile a iketlile le mosadi wa gagwe, bana le ditsala

POLELO 26

Jobe o Ikanyega mo Modimong

A O UTLWELA monna yono yo o lwalang botlhoko? Leina la gagwe ke Jobe, mme mmè yono ke mosadi wa gagwe. A o itse gore o raya Jobe a reng? ‘Tlhapatsa Modimo mme o swe.’ Mma re bone gore ke ka ntlha yang fa a ile a bua jalo, le gore ke ka ntlha yang fa Jobe a boga thata jaana.

Jobe e ne e le monna yo o ikanyegang, yo o neng a ikobela Modimo. O ne a nna kwa lefatsheng la Use, gaufi le Kanana. Jehofa o ne a rata Jobe fela thata, mme go ne go na le mongwe yo o neng a tlhoile Jobe. A o itse gore ke mang?

E ne e le Satane Diabolo. Gakologelwa gore Satane ke moengele yo o bosula yo o tlhoileng Jehofa. O ne a kgona go dira gore Adame le Efa ba se ka ba ikobela Jehofa, mme o ne a akanya gore a ka dira gore mongwe le mongwe a se ka a ikobela Jehofa. A mme gone o ne a kgona go dira jalo? Nnyaa. Akanya fela ka banna le basadi ba bantsintsi ba ba ikanyegang ba re ithutileng ka bone. Ke ba le kae ba o gopolang maina a bone?

Fa Jakobe le Josefa ba sena go swa kwa Egepeto, Jobe e ne e le ene fela motho yo ikanyegang mo go Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Jehofa o ne a batla gore Satane a itse gore a ka se kgone go dira gore batho botlhe ba nne bosula, ka jalo, o ne a re: ‘Leba Jobe. Bona kafa a ikanyegang ka gone mo go nna.’

Satane o ne a re: ‘O a ikanyega ka gonne o mo segofaditse e bile o na le dilo tse di molemo di le dintsi. Mme fa o ka mo tseela dilo tseno, o tla go tlhapatsa.’

Ka jalo, Jehofa a re: ‘Tswelela. Di tseye. Dira Jobe dilo tsotlhe tse di bosula tse o batlang go di dira. Re tla bona gore a o tla ntlhapatsa. Mme tlhomamisa gore o se ka wa mmolaya.’

Mosadi wa ga Jobe o kgobiwa marapo ke go mmona a lwala thata

La ntlha, Satane o ne a dira gore banna ba utswe dikgomo le dikamela tsa ga Jobe, mme dinku tsa gagwe di ne tsa bolawa. Go tswa foo, o ne a bolaya barwa ba ga Jobe ba ba 10 le bokgaitsadiabone ka sefefo. Morago Satane o ne a itaya Jobe ka bolwetse bongwe jo bo maswe. Jobe o ne a boga fela thata. Ke ka lebaka leo mosadi wa gagwe a ileng a mo raya a re: ‘Tlhapatsa Modimo mme o swe.’ Mme Jobe ga a ka a dira jalo. Gape, ditsala tse tharo tsa maaka di ne tsa tla mme tsa mmolelela gore o ntse a tshela botshelo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a nna a ikanyega.

Seno se ile sa itumedisa Jehofa fela thata, mme morago ga moo, a segofatsa Jobe jaaka fa o bona mo setshwantshong. O ne a mo fodisa bolwetse jo bo neng bo mo tshwere. Jobe o ne a nna le bana ba bantle ba le 10, mme a nna le dikgomo, dinku le dikamela tse di fetang tse a neng a na le tsone go menagane gabedi.

A le wena o tla nna o ikanyega mo go Jehofa jaaka Jobe? Fa o ka dira jalo, le wena Modimo o tla go segofatsa. O tla tshelela ruri fa lefatshe lotlhe le tla bo le dirwa lentle fela jaaka tshingwana ya Edene.

Jobe 1:1-22; 2:1-13; 42:10-17.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela