KAROLO 3
Go Gololwa Kwa Egepeto go Fitlha ka Kgosi ya Ntlha ya Iseraele
Go Gololwa Kwa Egepeto go Fitlha ka Kgosi ya Ntlha ya IseraeleMoshe o ne a etelela Baiseraele pele go tswa kwa botsharwa kwa Egepeto go ya kwa Thabeng ya Sinai, kwa Modimo a ileng a ba naya melao ya gagwe gone. Moragonyana, Moshe o ne a romela banna ba le 12, go ya go tlhola lefatshe la Kanana. Mme ba le 10 ba bone ba ne ba tlisa pego e e sa siamang. Ba ne ba dira gore batho ba batle go boela kwa Egepeto. Ka go bo Baiseraele ba ne ba se na tumelo, Modimo o ile a ba otlhaya ka go dira gore ba kgarakgatshege mo nageng ka dingwaga di le 40.
Kgabagare Joshua o ne a tlhophiwa go etelela Baiseraele pele go ya kwa lefatsheng la Kanana. Go ba thusa go gapa lefatshe leo, Jehofa o ne a dira dikgakgamatso. O ne a dira gore metsi a Noka ya Joredane a se ka a ela, dipota tsa Jeriko di ne tsa wa, mme letsatsi le ne la ema fela le sa sute motshegare otlhe. Morago ga dingwaga di le thataro, Bakanana ba ne ba tseelwa lefatshe.
Go simolola ka Joshua, Baiseraele ba ne ba busiwa ke baatlhodi dingwaga di le 356. Re tla ithuta ka bangwe ba bone ba ba jaaka Barake, Gideone, Jefetha, Samesone le Samuele. Gape re tla bala ka basadi ba ba jaaka Rahabe, Debora, Jaele, Ruthe, Naomi le Delila. Karolo ya BORARO e akaretsa ditiragalo tse di diragetseng mo dingwageng di le 396.