LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 38
  • Ditlhola Tse 12

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhola Tse 12
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditlhola Tse di Lesome le Bobedi
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • A O Sala Jehofa Morago ka Botlalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Joshua o Nna Moeteledipele
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Moshe o Itaya Lefika
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 38
Joshua le Kalebe le ditlhola tse dingwe ba bontsha Moshe maungo a mantle a lefatshe la Kanana

POLELO 38

Ditlhola Tse 12

BONA maungo a banna bano ba a tshotseng. A o bona gore lesitlha leo la diterebe le legolo jang? Go tlhokega banna ba le babedi gore ba le tsholetse ka logong. Gape bona difeige le digaranata. Maungo ano a mantle a tswa kae? Kwa lefatsheng la Kanana. Gakologelwa gore Kanana ke kwa Aborahame, Isake le Jakobe ba neng ba nna gone. Mme ka ntlha ya leuba le le neng le le kwa nageng eo, Jakobe le ba lelapa la gagwe ba ne ba fudugela kwa Egepeto. Mme jaanong, morago ga dingwaga di ka nna 216, Moshe o etelela Baiseraele pele go boela kwa Kanana. Fa ba ntse ba tsamaya mo nageng ba fitlha mo lefelong le le bidiwang Kadeshe.

Batho ba ba nnang mo lefatsheng la Kanana ba bosula. Ka jalo, Moshe o roma banna ba ditlhola ba le 12, mme o ba raya a re: ‘Yang go bona gore ke batho ba le kae ba ba nnang koo, le gore ba nonofile go le kana kang. Bonang le gore a mmu wa teng o siametse gore go ka lemiwa mo go one. Mme tlhomamisang gore lo tla ka mangwe a maungo a teng.’

Fa banna ba ditlhola ba boela mo Kadeshe, ba raya Moshe ba re: ‘Ruri ke lefatshe le le molemo.’ Mme go tlhomamisa seo, ba bontsha Moshe mangwe a maungo a ba tlileng le one. Le fa go ntse jalo, ditlhola di le 10 tsone, tsa re: ‘Batho ba ba nnang koo ba bagolo e bile ba nonofile tota. Ba tla re bolaya fa re ka leka go gapa lefatshe.’

Fa Baiseraele ba utlwa seno ba a tshoga. Ba re: ‘Go ka bo go le botoka fa re ne re swetse kwa Egepeto kgotsa ra swela mo nageng. Re tla bolawa mo tlhabanong mme basadi ba rona le bana ba rona ba tla thopiwa. A re itlhopheleng moeteledipele yo mosha mo boemong jwa ga Moshe, mme re boele kwa Egepeto!’

Ditlhola tse pedi di ikanya Jehofa, mme di leka go ritibatsa batho. Maina a bone ke Joshua le Kalebe. Ba re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Jehofa o na le rona. Go tla nna motlhofo gore re gape lefatshe.’ Mme batho ga ba reetse. Go na le moo, ba leka go bolaya Joshua le Kalebe.

Seno se galefisa Jehofa fela thata, mme o raya Moshe a re: ‘Ga go na motho ope yo o nang le dingwaga di le 20 le go feta, yo o tla tsenang mo lefatsheng la Kanana. Ba bone dikgakgamatso tse ke ileng ka di dira kwa Egepeto le mo nageng, le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba sa ntshepe. Ka jalo, ba tla kgarakgatshega mo nageng ka dingwaga di le 40 go fitlha botlhe ba swa. Ke Joshua le Kalebe fela ba ba tla tsenang mo lefatsheng la Kanana.’

Dipalo 13:1-33; 14:1-38.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela