LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 26 ts. 66-ts. 67 ser. 1
  • Ditlhola Tse di Lesome le Bobedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhola Tse di Lesome le Bobedi
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditlhola Tse 12
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • A O Sala Jehofa Morago ka Botlalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Se Joshua a Neng a se Gakologelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ikanye Jehofa ka Pelo Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 26 ts. 66-ts. 67 ser. 1
Banna ba Iseraele ba tlhola lefatshe la Kanana

THUTO 26

Ditlhola Tse di Lesome le Bobedi

Baiseraele ba ne ba tswa kwa Thabeng ya Sinai mme ba ralala sekaka sa Parana ba ya kwa Kadeshe. Fa ba le koo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Romela banna ba le 12 go tswa mo ditsong tsotlhe, go ya go tlhola lefatshe la Kanana, lefatshe le ke tla le nayang Baiseraele.’ Ka jalo Moshe a tlhopha banna ba le 12 a bo a ba raya a re: ‘Yang kwa Kanana lo ye go tlhola gore a lefatshe leo le siametse go lemiwa. Lo bone gore a batho ba maatla kgotsa ba bokoa le gore a ba nna mo ditenteng kgotsa mo metseng.’ Ditlhola di le 12 go akaretsa le Joshua le Kalebe ba ne ba ya Kanana.

Baiseraele ba a ngongorega ba bo ba kgobega marapo

Morago ga malatsi a le 40, ditlhola di ne tsa boa di tshwere difeie, digaranata le diterebe. Ditlhola di ne tsa bega jaana: ‘Ke lefatshe le le siameng, mme gone batho ba teng ba maatla e bile metse ya teng e na le dipota tse di kwa godimo.’ Mme Kalebe ene o ne a re: ‘Re ka kgona go ba fenya. A re yeng gone jaanong!’ A o a itse gore ke eng fa Kalebe a ne a bua jalo? Ka gonne ene le Joshua ba ne ba ikanya Jehofa. Mme ditlhola tse dingwe di le lesome di ne tsa re: ‘Nnyaa! Batho ba koo ke diganka! Re ne ra nna jaaka ditsie tse dinnye fa re na le bone.’

Baiseraele ba ne ba kgobegile marapo. Ba ne ba simolola go ngongorega le go raana ba re: ‘A re itlhopheleng moeteledipele yo mongwe mme re boele kwa Egepeto. Goreng re tshwanetse go ya go swela kwa lefatsheng leo?’ Joshua le Kalebe ba ne ba re: ‘Lo se ka lwa tlola molao wa ga Jehofa e bile lo se ka lwa tshoga. Jehofa o tla re sireletsa.’ Mme Baiseraele ba ne ba sa batle go reetsa. Tota e bile ba ne ba batla go bolaya Joshua le Kalebe!

Jehofa o ne a dira eng? O ne a raya Moshe a re: ‘Morago ga dilo tsotlhe tse ke di diretseng Baiseraele, ba sa ntse ba sa batle go ntheetsa. Ba tlile go fetsa dingwaga di le 40 ba le mo nageng eno e bile ba tla swela mo go yone. Ke bana ba bone fela le Joshua le Kalebe ba ba tla tshelang mo lefatsheng le ke ba solofeditseng lone.’

“Ke ka ntlha yang fa lo tshogile thata jaana, lona ba lo nang le tumelo e potlana?”​—Mathaio 8:26

Dipotso: Go ne ga diragalang fa ditlhola di le 12 di boa go tswa kwa Kanana? Joshua le Kalebe ba ne ba bontsha jang gore ba ikanya Jehofa?

Dipalo 13:1–14:38; Duteronome 1:22-33; Pesalema 78:22; Bahebera 3:17-19

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela