LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 37
  • Tente ya Kobamelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tente ya Kobamelo
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tente ya Kobamelo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Dipotso Tse di Tswang kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Dintlha Tsa Ekesodo
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Jehofa O a Re Laletsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 37
Motlaagana kgotsa tente ya bokopanelo e e neng e dirisiwa ke Baiseraele

POLELO 37

Tente ya Kobamelo

A O ITSE gore kago eno ke eng? Ke tente e e kgethegileng ya go obamela Jehofa. Gape e bidiwa motlaagana. Batho ba ne ba fetsa go e aga ngwaga ba sena go tswa kwa Egepeto. A o itse gore ke mang yo a neng a re e agiwe?

Ke Jehofa. Fa Moshe a ne a le kwa godimo ga thaba ya Sinai, Modimo o ne a mmolelela gore e tshwanetse go agiwa jang. O ne a re e dirwe ka tsela e e tla kgonang go rutlololwa motlhofo. Ka tsela eo, dikarolo tsa yone di ne di tla kgona go rwalwa fa go iwa kwa lefelong le lengwe, mme di bo di kopanngwa gape. Ka jalo, fa Baiseraele ba ntse ba le kwa nageng mme ba fuduga ba tswa mo lefelong le lengwe ba ya kwa go le lengwe, ba ne ba tsamaya le tente eno.

Fa o leba mo kamoreng e nnye e e kwa bofelong jwa tente eno, o bona lebokose, kgotsa khabote. E bidiwa letlole la kgolagano. E na le baengele ba le babedi kgotsa ditšheruba tse di dirilweng ka gauta, yo mongwe a le ka fa ntlheng e nngwe fa yo mongwe a le ka fa go e nngwe. Modimo o ne a kwala gape Melao e e Lesome mo majeng a mabedi a a sephaphathi, ka gonne Moshe o ne a thubile a a neng a kwadilwe pele. Maje ano a ne a tsenngwa mo letloleng la kgolagano. Gape go ne ga tsenngwa le nkgo e e neng e na le mana. A o sa ntse o gopola gore mana ke eng?

Jehofa o ile a tlhopha mogolowe Moshe e bong Arone go nna moperesiti yo mogolo. O etelela batho pele go obamela Jehofa. Mme bomorwawe le bone ke baperesiti.

Jaanong leba kamore e kgolwane ya tente. E feta kamore e nnye gabedi. A o bona lebokose kgotsa khabote e nnye e go kuang mosi mo go yone? Ke sebeso se moperesiti a fisetsang dilo tse di nkgang monate mo go sone, tse di bidiwang maswalo. Gape go ne go na le setlhomo sa lobone se se nang le dipone di le supa. Mme selo sa boraro se se mo phaposing eno ke tafole. Go beilwe dilofo tsa borotho di le 12 mo go yone.

Mogopo wa metsi le sebeso

Mo jarateng e tente e leng mo go yone go na le mogopo o mogolo kgotsa sekotlele, se go tladitsweng metsi mo go sone. Baperesiti ba a dirisetsa go tlhapa. Gape go na le sebeso se segolo. Go fisediwa diphologolo tse di bolailweng mo go sone go nna tshupelo e e yang kwa go Jehofa. Tente eno e mo gare ga bothibelelo mme Baiseraele ba nna mo ditenteng tsa bone go e dikologa.

Ekesodo 25:8-40; 26:1-37; 27:1-8; 28:1; 30:1-10, 17-21; 34:1, 2; Bahebera 9:1-5.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela