LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 1/15 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Kgolagano ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Solegelwa Molemo ke “Dijo Tsa Ditlhaka Tsa Legodimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ga ba A ka Ba Diragatsa Maikano a Bone
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Thobane ya ga Arone e Mela Dithunya
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 1/15 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang kwa Babading

A letlole la kgolagano le ne le na le dikwalelo tse pedi fela tsa maje kgotsa le ne le na le dilo tse dingwe gape?

Ka nako ya go kgakolwa ga tempele ya ga Solomone ka 1026 B.C.E., “go ne go se na sepe mo Letloleng fa e se dikwalelo tse pedi tse Moshe a neng a di neile kwa Horebe, fa Jehofa a ne a dira kgolagano le bomorwa Iseraele fa ba ne ba tswa kwa Egepeto.” (2 Ditiragalo 5:10) Le fa go ntse jalo, ga se gore dilo di ne di ntse jalo ka metlha.

“Mo kgweding ya boraro morago ga bomorwa Iseraele ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto,” ba ne ba tsena mo nageng ya Sinai. (Ekesodo 19:1, 2) Morago ga foo, Moshe o ne a tlhatlogela kwa Thabeng ya Sinai mme a newa dikwalelo tse pedi tsa leje tsa Molao. A re: “Foo ka retologa ka fologa mo thabeng mme ka baya dikwalelo tseno mo letloleng le ke neng ke le dirile, gore di nne mo go lone, fela jaaka Jehofa a ne a ntaetse.” (Duteronome 10:5) E ne e le letlole la nakwana, kana setshodi, le Jehofa a neng a boleletse Moshe gore a le dire gore le tle le tshole dikwalelo tse pedi tsa Molao. (Duteronome 10:1) Letlole la kgolagano le ne le ise le siamele go dirisiwa go fitlha go ela kwa bokhutlong jwa 1513 B.C.E.

Moragonyana fela ga gore Baiseraele ba gololwe kwa Egepeto, ba ne ba simolola go ngongoregela dijo. Ka jalo Jehofa o ne a ba naya mana. (Ekesodo 12:17, 18; 16:1-5) Ka nako eo, Moshe o ne a laela Arone jaana: “Tsaya nkgo mme o tsenye mana a selekanyo sa omere mo go yone o e beye fa pele ga ga Jehofa go nna sengwe se se tshwanetseng go bolokwa go ya le dikokomana tsa lona.” Pego eo ya re: “Fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe, Arone a se baya fa pele ga Tshupo [letlole le go bewang dipampiri tsa botlhokwa mo go lone] go nna sengwe se se tshwanetseng go bolokwa.” (Ekesodo 16:33, 34) Le fa Arone a ne a tsenya mana mo nkgong ka nako eo, o ne a sa tshwanela go e baya fa pele ga Tshupo go fitlha Moshe a dirile Letlole mme a tsentse dikwalelo mo go lone.

Jaaka go setse go bontshitswe, letlole la kgolagano le ne la dirwa go ela kwa bokhutlong jwa 1513 B.C.E. Thobane ya ga Arone e ne ya tsenngwa mo Letloleng morago ga nako e telele, fa Kora le ba bangwe ba sena go tsuologa. Moaposetoloi Paulo o bua ka “letlole la kgolagano . . . le mo go lone go neng go na le nkgwana ya gouta e na le mana le thobane ya ga Arone e e neng ya tlhoga dithunya le dikwalelo tsa kgolagano.”—Bahebera 9:4.

Modimo o ne a neile Baiseraele mana mo dingwageng tse 40 tsa fa ba ne ba tsamaya mo nageng. Ga ba a ka ba tlhola ba a newa fa “ba simolola go ja mangwe a maungo a lefatshe” la tsholofetso. (Joshua 5:11, 12) Thobane ya ga Arone e ne e beilwe mo letloleng la kgolagano ka maikaelelo mangwe—gore e nne sesupo mo kokomaneng e e tsuologang kana bosupi kgatlhanong le yone. Seno se kaya gore thobane e ne ya nna foo mo e ka nnang mo lobakeng lotlhe lwa mosepele wa kwa nageng. Ka jalo go a utlwala go swetsa ka gore nakonyana fa Baiseraele ba sena go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le pele ga tempele ya ga Solomone e kgakolwa, thobane ya ga Arone le nkgo ya gouta ya mana di ne tsa ntshiwa mo letloleng la kgolagano.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela