LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 54
  • Monna yo o Nonofileng go Gaisa Botlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Monna yo o Nonofileng go Gaisa Botlhe
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Naya Samesone Maatla
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ikaege ka Jehofa Jaaka Samesone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 54
Samesone o bolaya tau ka diatla fela

POLELO 54

Monna yo o Nonofileng go Gaisa Botlhe

A O ITSE leina la monna yo o nonofileng go gaisa botlhe yo o kileng a tshela? Ke moatlhodi yo o bidiwang Samesone. Jehofa ke ene a nayang Samesone maatla. Tota le pele Samesone a tsholwa, Jehofa o raya mmaagwe a re: ‘Go ise go ye kae o tla nna le ngwana wa mosimane. O tla etelela pele go golola Baiseraele mo Bafilisitieng.’

Bafilisitia ke batho ba ba bosula ba ba nnang mo Kanana. Ba na le masole a mantsi, mme ba utlwisa Baiseraele botlhoko fela thata. Nako nngwe fa Samesone a le mo tseleng a ya kwa Bafilisitia ba nnang teng, tau e kgolo e tla kwa go ene e kurutla. Mme Samesone o bolaya tau ka diatla tsa gagwe a sa tshola sepe. Gape o bolaya le Bafilisitia ba ba bosula ba le makgolokgolo.

Moragonyana Samesone o simolola go ratana le mosadi mongwe yo o bidiwang Delila. Baeteledipele ba Bafilisitia ba solofetsa Delila gore mongwe le mongwe wa bone o tla mo naya dipapetlana tsa selefera di le 1 100, fa a ka ba bolelela se se dirang gore Samesone a nne maatla jaana. Delila o batla madi ao otlhe. Ga se tsala ya boammaaruri ya ga Samesone, kgotsa ya batho ba Modimo. Ka jalo, o nna a botsa Samesone gore ke eng se se dirang gore a nne le maatla jaana.

Samesone le Delila

Kgabagare Delila o kgona go dira gore Samesone a mmolelele sephiri sa maatla a gagwe. Samesone a re: ‘Moriri wa me ga o ise o ke o beolwe. Go tloga ka nako ya fa ke ne ke tsholwa, Modimo o ne a ntlhopha gore ke nne modiredi wa gagwe yo o kgethegileng yo o bidiwang Monasirite. Fa moriri wa me o ka beolwa, ke tla latlhegelwa ke nonofo ya me.’

Jaanong fa Delila a sena go itse seno, o robatsa Samesone mo diropeng tsa gagwe. Go tswa foo, o bitsa monna mongwe gore a tle go beola moriri wa ga Samesone. Fa Samesone a tsoga, ga a tlhole a na le nonofo. Mme Bafilisitia ba a tla ba bo ba mo tshwara. Ba mo gonya matlho oomabedi, mme ba mo dira motlhanka wa bone.

Samesone o kgorometsa dipilara gore moago o wele Bafilisitia

Letsatsi lengwe Bafilisitia ba dira mokete o mogolo wa go obamela modimo wa bone Dagone, mme ba ntsha Samesone mo kgolegelong gore ba tle go tshega ka ene. Mo nakong eno, moriri wa ga Samesone o godile gape. Samesone o raya mosimanyana yo o mo tshwereng ka seatla a re: ‘Mma ke itshwarelele ka dipilara tse di tshegeditseng kago eno.’ Go tswa foo Samesone o rapela Jehofa gore a mo fe maatla, mme o itshwarelela ka dipilara. O goa a re: ‘A ke swe le Bafilisitia.’ Go na le Bafilisitia ba le 3 000 mo moketeng, mme fa Samesone a obega le go itshwarelela ka dipilara, kago e a wa mme e bolaya batho bano botlhe ba ba bosula.

Baatlhodi kgaolo 13 go ya go 16.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela