LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 38 ts. 92-ts. 93 ser. 2
  • Jehofa o Naya Samesone Maatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Naya Samesone Maatla
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Monna yo o Nonofileng go Gaisa Botlhe
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ikaege ka Jehofa Jaaka Samesone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 38 ts. 92-ts. 93 ser. 2
amesone a kgorometsa dipilara tsa tempele ya ga Dagone e bo e phutlhama

THUTO 38

Jehofa o Naya Samesone Maatla

Baiseraele ba le bantsi ba ne ba simolola go obamela medimo ya maaka gape, ka jalo, Jehofa o ne a letla Bafilisitia gore ba laole lefatshe la bone. Mme go ne go na le Baiseraele ba ba neng ba rata Jehofa. Mongwe wa bone e ne e le Manoa. Manoa le mosadi wa gagwe ba ne ba se na bana. Letsatsi lengwe Jehofa o ne a romela moengele gore a ye kwa mosading wa ga Manoa. Moengele o ne a mo raya a re: ‘O tlile go nna le ngwana wa mosimane. O tla golola Baiseraele mo diatleng tsa Bafilisitia e bile o tla nna Monasirite.’ A o itse gore Banasirite e ne e le batho ba ba ntseng jang? E ne e le batlhanka ba ba kgethegileng ba ga Jehofa. Ba ne ba sa tshwanela go ntsha moriri.

Mosadi wa ga Manoa o ne a tshola ngwana mme ba mo raya leina ba re ke Samesone. Fa Samesone a gola, Jehofa o ne a mo naya maatla. O ne a kgona go bolaya tau ka diatla. Nako nngwe Samesone o ne a bolaya Bafilisitia ba le 30. Bafilisitia ba ne ba mo tlhoile e bile ba batla go mmolaya. Bosigo bongwe fa Samesone a ne a robetse kwa Gasa, Bafilisitia ba ne ba ya go mo leta kwa dikgorong tsa motse gore ba kgone go mmolaya mo mosong. Mo gare ga bosigo, Samesone o ne a tsoga a ya kwa kgorong ya motse mme a e kumola. O ne a baya kgoro eo mo magetleng mme a ya kwa godimo ga thaba gaufi le Heberone!

Moragonyana Bafilisitia ba ne ba ya kwa lekgarebeng la ga Samesone e bong Delila mme ba mo raya ba re: ‘Re tla go naya dikete tsa madi a selefera fa o ka re bolelela gore Samesone o tsaya kae maatla a a nang le one. Re batla go mo tshwara le go mo tsenya mo kgolegelong.’ Delila o ne a batla madi, ka jalo, o ne a dumela. Kwa tshimologong, Samesone o ne a gana go mmolelela gore o tsaya kae maatla a gagwe. Mme Delila o ne a mo tshwenya thata mo a neng a feleletsa a mmoleletse sephiri sa gagwe. Samesone o ne a mo raya a re: ‘Ga ke ise ke tsamaye ke ntshe moriri ka gonne ke Monasirite. Fa moriri wa me o ka beolwa, maatla a me a tla tsamaya.’ Samesone o ne a dira phoso e kgolo ka go mmolelela sephiri seo!

Ka bonako fela, Delila o ne a raya Bafilisitia a re: ‘Ke itse sephiri sa gagwe!’ O ne a robatsa Samesone mme a dira gore mongwe a mo beole moriri. Delila o ne a goa a re: ‘Samesone, Bafilisitia ke bao!’ Fa Samesone a tsoga, maatla a gagwe a ne a ile. Bafilisitia ba ne ba mo tshwara, ba mo gonya matlho le go mo tsenya mo kgolegelong.

Letsatsi lengwe, Bafilisitia ba le dikete ba ne ba phuthegile mo tempeleng ya modimo wa bone e bong Dagone ba goa ba re: ‘Modimo wa rona o re neile Samesone! Mo tliseng fano! A re tshamekeng ka ene.’ Ba ne ba mo emisa mo gare ga dipilara tse pedi mme ba mo sotla. Samesone o ne a re: ‘Jehofa, ke kopa o mphe maatla gape.’ Ka nako eo, moriri wa ga Samesone o ne o setse o godile. O ne a kgorometsa dipilara tsa tempele ka maatla a gagwe otlhe. Moago oo o ne wa wa mme wa bolaya batho botlhe go akaretsa le Samesone.

“Ke kgona go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”​—Bafilipi 4:13

Dipotso: Ke eng fa Samesone a ne a na le maatla thata jaana? Go ile ga diragalang fa Samesone a sena go bolelela Delila gore maatla a gagwe a tswa kae?

Baatlhodi 13:1–16:31

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela