KAROLO 5
Botshwarwa Kwa Babelona go ya Kwa go Tsosolosiweng ga Dithako Tsa Jerusalema
Fa Baiseraele ba ntse ba le kwa botshwarwa kwa Babelona, tumelo ya bone e ne ya lekwa ka ditsela tse dintsi. Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba latlhelwa mo leubelong le le tukang la molelo mme Modimo a ba ntsha ba ntse ba tshela. Moragonyana, fa Babelona e sena go fenngwa ke Bameda le Baperesia, Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau, mme le ene Modimo a mo sireletsa ka go tswala melomo ya ditau.
Kgabagare, kgosi ya Baperesia e bong Kurose o ne a golola Baiseraele. Ba ne ba boela gae morago ga dingwaga di le 70 ba sena go isiwa botshwarwa kwa Babelona. Sengwe sa dilo tsa ntlha tse ba neng ba di dira fa ba boela Jerusalema, e ne ya nna go simolola go aga tempele ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae baba ba bone ba ne ba emisa tiro eo. Ka jalo, ba ne ba wetsa go aga tempele mo e ka nnang dingwaga di le 22 ba sena go boela Jerusalema.
Morago ga moo re ithuta ka loeto lwa ga Esera lwa go boela Jerusalema go ya go kgabisa tempele. Seno se diregile dingwaga di ka nna 47 tempele e sena go agiwa. Mme dingwaga di le 13 morago ga loeto lwa ga Esera, Nehemia o ne a thusa go tsosolosa dithako tse di oleng tsa Jerusalema. Karolo ya BOTLHANO e akaretsa ditiragalo tse di diragetseng mo dingwageng di le 152 go tla go fitlha mo lobakeng lo.